0% found this document useful (0 votes)
2K views50 pages

Sefalana Sa Menate

This poem is about life in the village. It describes traditional activities like herding cattle, celebrations, and respect for leaders. The poet expresses nostalgia for customs of the past and their connection to the land.
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
0% found this document useful (0 votes)
2K views50 pages

Sefalana Sa Menate

This poem is about life in the village. It describes traditional activities like herding cattle, celebrations, and respect for leaders. The poet expresses nostalgia for customs of the past and their connection to the land.
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 50

rrrrrl

• ••••
rrrrt«
• ••••
I•Vrrr
r rr r I
•••••I
• ••••••• ••
»•
•••••i
»»x
» » »
•»••••»•• •• •»• •€
• • t • rri
»••••••
• •••••€
rtrrrrrt :• » » »
» :• » » »»• ••:••• •:••••:••• •»••
& » » » : »•••••••

••••••••:•:•:•:
••• •• ••••••••••
#•• ••• ••••••••••••••••••
!•••••••
(POETRY)

D. Raditladi
S E F A L A N A SA M E N A T E

The Bantu's PublishingHome


M AAAAAAAAAM aaaaaaaaaaaa/
^ u p U jS o ■ ijJ f lJ '*

THULAGANYÔ.

Tsêbê
Tšhwanologô ................................................. 5
Botšofe ........................................................ 5
Ngwaga o moša ................................................. 6
Rôbala ngwanaka ......................................... 7
Mašupatsela ................................................. 8
Motlhôkagae ................................................. 9
Lošo ................................................................ 10
Bosiêla ................................................................ 12
Moratwa yo o tlhadilweng................................. 13
Sel’lô sa m o r a ti............................................... 14
Selelô sa T o n k i................................................. 16
Lentšwe la moledi ......................................... 17
Aferika ......................................................... 21
’Fatshe la B atšw ana......................................... 22
Lenaga ................................................................ 23
Thamalakane ................................................. 25
Lewatlê ................................................ ... 26
Pula ................................................................ 27
Tau ................................................................ 28
Sebata ................................................................ 29
Phôlôgôlô ya m e ................................................. 31
Sebotho ........................................................ 31
Mariga ................................................................ 33
Seêtêebosigo ................................................. 34
Ntwa ya 1939-45 36
Mašôlê ................................................................ 38
Motlhabani ........................................................ 39
r

Kagišô .......................... ................................. 40


Babôki ba dikgosi.......... ................................. 40
Kgosi Kgama .......... ................................. 42
Raditladi a Sekgoma ... ................................. 44
Lekgasa loo Sekgoma ... .................................. 45
Isang a Lentšwe .......... .................................. 46
Kgosi Tšhaka .......... ................................. 47
Dingaan le Maburu ... ................................. 49
Sefalana sa Menate
TŠHWANOLOGO.

A namane e tona ya tšhwanologô!


Diaparo tsa bo-rra-rona di ile,
Go setse dikhai di re bofang mabôgô,
Di re khinang di re šoboloke mmele.
Ga re rate manyebi le diseisei,
Malakalaka, diphatsimane thamong.
Re neeleng dikoloi tsa rona tsa dilei,
’Koloi tsa rona tse di gopang ka mpa mmung.
A re nêwê matlhôwa re ko re binê,
Basadi ba ôpêlê ba phanyê magofi,
Leoto le setê go binê didumane,
Thokwana kgolo di bênye le lefifi.
Re fe mpêêtšhane setlhako sa bo-ntate,
Ka tsa dirêthê di re kgola mangolê,
Di re khwiga magwejana re sa rate,
Di re šoke menwana re nne digolê.
Keletšo ya nna pitse nkoo ke pagama!
Ka matla ka etsa phôlôgôlô ya lekau,
Le fa e le ja phôtšhwana kgotsa kukama,
Ka boela kwa moragô ka ijêla mogau.

BOTŠOFE.
Dikatikanyi tsa ’kôkô la bannana,
Thaka tsa ga morwa Kgosi Kgolo re ilê,
Re editse mašeleng fêla re tšhiphilê,
Re le bontšhe nkoo re le batubanyana.
Nkile ra nna bakgaodisi ’a mekgosana,
Bakgaodi ba mekgosi ba re tšholêle,
Re tšholêlwa fa motho re mo tlhabile,
Ntwa e utlwalêlwa ka matšhwêlelenyana.
Re bannana bagolo re ole sebarong,
Fa re tšoga jaanong re kuakua mekgosi,
’Thobane kima re di lese mabogong,
Mangole a rona a setse a ipaa bosisi,
Meriri ya rona mešweu mo ditlhogong,
E mešweunyana jaaka bošweu jwa maši.

NGWAGA O MOŠA.
Re letse re fitlha Ngôgôla,
’Tshipi di letse di mo l’lêla,
Bana ba letse ba sa ikutlwe,
Bohutsana ethe bo a ba wêla.
Ngôgôla nna ga ke mo l’lêle,
Ngwaga ole o o sa nthateng o ilê,
Wa go ka wa se ka wa mpoela.
Ngôgôla sia, tlhê, O nkidilê!
Jaanong ke setse ke itšhopêre,
Nna ke ntse ke ologa matlhare,
Dikala tsa me di epetšwe mmung,
Ke imeneka esi jaaka tlhware.
Ngwaga o moša tla, tlhê, kea go atla,
Moeng goroga nna kea go batla,
Gata, tlhê, ka mabedi sekau,
Gata, tlhê, O se ka wa kokotla!
Ngwaga o moša nna kea lêboga,
Ke fano jaanong kea phaloga,
Ke šutlha dikgwa ke itebetse
Ntšwa malatsi ônê a ntse a rôbêga.
’Tsatsi leno kê le ke fano,
Bontsi bo le tlhoketse pônô,
Bo robetse lošong maloba,
Nna ke sa le segô ke yono.

ROBALA NGWANAKA.

Letsatsi le wêtse bodikêlô,


Meriti ya bosigo kê e e e tla.
Meriti ya bosigo megolo,
Le tidimalô kgoio kê e e e tla.
Didimala hê ngwanyana wa me,
Didimala mothonyana wa me.

’Kgomo di ngôngôrêla marôlê,


Dinku di lelêla dikonyana,
Le mefikô mo masakeng e olê,
’Koko di robatsa dikokwana.
Kgaotsa, kgaotsa, tlhê ngwanyana, wa me,
Kgaotsa, kgaotsa, mothonyana wa me.

Bagami ba maši ba a lerilê,


Bomogoloo ba a tshêtse mo dinkgong.
Rara wa gago letšomô o le ilê,
Ô tla go tlêla phuti ka legong.
Didimala hê ngwanyana wa me,
Didimala mothonyana wa me.

Rrago kê maaba a tšhwaretse,


Ô nkabetse phatšhwana maloba,
Maši a yonê e tšoga e a gasitse,
Kgomo ya me botlhe ba e tshaba.
Kgaotsa, kgaotsa, tlhê, ngwanyana wa me,
Kgaotsa, kgaotsa, moihonyana wa me.
Marang a ngwedi a šupologilê,
Dinalêdi di busitse matlhô.
Lefifi le lentšho le fitlhilê,
Dinonyane di tsenye sesetlho.
Se lelê, tlhê, selonyana sa me,
Se lelê, tlhê, mothonyana wa me.

Ke tšoga ke go êpela digwere,


Le ’nakaladi tsa mokapana.
Ke tšoga ke go êpela metlhare,
Ke tšoga ke go alafa, mothwana.
Robala fa fatshe motho wa me,
Lala fatshe selonyana sa me.

MAŠUPATSELA.

Rona basimane ba Mašupatsela,


Re mophatô tôta ga re dule fêla,
Sekgêlê sa rona se fofêla marung,
Se phaphasela mo phefong jaaka lenong;
Rona basimane ba lefatshe leno.

Re rata tirô ya rona fêla yotlhe,


Jaaka re sikere dithôbane rotlhe.
Mme re rata go šupetsa batho tsela,
Re rata ba ratana, ba tšwa ditsala;
Rona basimane ba lefatshe leno.

Ga re khutloge rona le fa re lela,


Le botlhokong re letsa molodi fêla,
Le setshêgô re se tshêgêla mathateng,
Gobo ga re na sepê re sa se rateng;
Rona basimane ba lefatshe leno.
Fêla re rapela Modimo wa rona,
Re obamela le Kgosi e Kgolo ya rona,
Le lefatshe le la rona re a le rata,
Mme re lopa go dira tirô ka thata;
Rona basimane ba lefatshe leno.

MOTLHÔKAGAE.

Lo bulê ditsêbê ke bula letlole,


Ke tla duma jaaka segwana sa phefô,
Kgotsa ke duma fêla jaaka botlole,
Ke kurutla jaaka diphuka tsa phofô
Ka bagaetšho ba ne ba ntsenya tlhalefô,
Ba mpopêla kgomo ya mmopa ya lela,
Namane ya yonê ka ba ka e kôtêla.

Ke bolailwe kê batho betšho maloba,


Ba ntshidika le ka disana magetla,
Pelo ya me ka ba ka e utlwa e uba.
Ko re ke gadima fêla jaaka kgatla,
Ke šupa fa di le phêpa tsa me diatla,
Ba mpatika ka tlhôka monamolêdi,
Ka bona ke sekaseka dikêlêdi.

Ke pagame Gabane ka gabalala,


Ke re ke lekolê bao ba ba sa nthateng,
Ke ko ke okomêlê bantsaya-motlhala,
Ke bônê ba mpolai bao ba ba sa mpatleng
Ga ke gaufi ke ilê le lefatshe boteng,
Mehagô ya tlôtlôpô e le kgonkgonyane,
Le sejô sa tsela e le sa dinonyane.

Ke tsamailê nôsi jaaka lenong marung,


Ka gatagata lenaga ke sa le itse,
Ka bo ke dubaka mo bogorogorong.
Ke raletse le lefatshe ke sa le itse,
Ka tsêna ka dithotana di le dintsi,
Mafelo nageng ka’a ka a lalêla jale,
Ka bo kê dirwa kê lenaga bogole.

Ke palame terena ya la botlhano,


Nna ka namêla dilôkôsê ka poêlwa,
Ya matla ka nna kgomo ’a Makgoa ke fano.
Ke kgakalakgakala jaanong kea boêlwa;
Le mamphemphe mo diatleng tsa me aa gobêlwa;
Fa lo ntšhwara lo ka ditaya mogala,
Fa lo ka roma pitse yonê e tla tlhaêla.

Ee, ke fetilê le Sekolo sa Moeding,


Le Têêmane nna ke mo potilê ka kwa,
Ke le makgasana le ditlhale mmeding,
Le ’bata tsa borokgwe ke sa di rokwa,
Ekete ruri kê tau ka gagolakwa.
Ga ke sa tlhwa ke sekisiwa lesidi,
Ga ke sa tlhôla ke amogêla lefifi.

Fa dinalêdi tsa godimo di ka nkgoa,


Moya wa me wa golêtsêgêla marung,
Mme wa tlogêla mmele wa me o le mokoa,
Tsayang nama ya me lo ko lo e tsênyê mmung,
Lo re: “Yo legae o le bone mo lošong,
O tšhwana fêla le mošwêla Tebele,
Ka mošwêla ga gabo ga jewe mmele.”

LOŠO.

E rile ke utlwa ba re o šulê ka tšhoga,


Ka nyêra mokô, ka rothisa kêlêdi,
Lefatshe la ntšhofala, la dikologa,
Leitlhô la me la bênya jaaka nalêdi,
Sengwê sa sêba pelong khubidu ya me
Sa re: “Se lelê kê thata ya Modimo!”
Dikêlêdi tsa kgala mo letlhaeng la me,
Loleme lwa ama magalapa godimo,
Ka didimala fêla ka nna semumo.

Ga se gopê kwa lošo re sa le boneng,


Re le bona ka matlhô gongwê le gongwê
Mo lobopong lotlhê lo lo sa tsamayeng,
Le mo phôlôgôlong le mo bathong lengwê.
Selemô se ntsha dibe tsa letlhafula,
Maungô a lone kê mefago ya dingwaga,
Ba ba a fulang ba a ja dimpa go gompala
Ba itse ba tlogela tšotlhê tsa lenaga
Mme ba ba sa šweng ba leta la mariga.

Fa O falotse wêna O se ka wa lebala,


A O Kgosi e Kgolo kana O Mokgalagadi,
Leru la lošo le tla nakô nngwê fêla,
Ga le phatsime, ga le dume setladi.
Lošo lo rêna pakeng tšotlhê tsa ngwaga,
Lo rêna, lo buse, lo rêne serêna
Letlhafula, kgakologô le mariga.
Dithunya di kgabisa ’phupu tsa rona,
Le metlantlanyane e rapama le rona.

A tšhwanologô e kgolo lošo lo e dirang!


Leba bontlêntlê jo bogolo jwa motho,
Bophêpa bo senang se se ka bo phalang,
Le boitumêlô mo lesêding la matlhô.
Mo lošong ga se motho kê selô fêla,
Mo phupung kê mmu, marapo makgabana:
Seo mphô ya motho mongwe le mongwe fêla,
Bošwa jwa mmu le nama ya dibokwana,
Marapô mairwa majê le makgabana.
Le fa bangwê ’fatshcng ba go panyeletsa,
Mo lošong ba lekana sentlê fêla nao;
Baikgodisi le fa ba re baa go nyatsa
Mmung mmogo gone lo tsamaya ka dinao.
Lošo lo nna motho ka mabela sentsi,
Ga lo sisimoge le maêmô a serêna;
Lônê lo kotama fêla moo re a go itse.
Bagale, Magatlapa lošong baa tšhwana,
Kgosi le motlhanka mo mmung baa lekana.

BOSIÊLA.

Bosiêla bo phimoge seka-lobadi,


Ga bo na motho a bo tlhapa ka mosidi,
A bo phimola a bo tlhapêla bodibeng,
Go tšwa mašwê jônê bo salele nameng.
Kê ledimo le jang batho le matlhape,
Mosêlêsêlê o sadisang le makape,
Go sale bolôta go sale botlhoko,
Go sale sebodu se tlhokang diphêko.
Bosiêla kê pula ya kgogolamoko,
Kê mosêtlhô o sa rwalelweng le ditlhako;
Bo go kolobetsa bo sa go rapele,
Bo go tlhabe dinao ditlhako O di rwele.

Bosiêla ruri kê leselamotlhaka


Le utšwang dikoko, mašogo le dikgaka;
Bo tsêna fêla le fa ntlo e ageletšwe,
Bo bô bo senye lokgaphô lwa ntlo e fêêtšwe.

Bosiêla ruri bo ka bo bo itlhotlhorwa,


Nkoo ke bo tšhwara ke bo gasetsa borwa,
Ke bo latlha jaaka mokgatha wa kobo
Go garolakwa kê ditau tsa lengobo.
Fa bo ka bo bo se ngwana wa lobopô
Nkabo ke bo tsêisa tsela fêla e kgôpô,
Ka thipa ke bo sega mmele makgasa,
Ke baa ke re, Bosiêla, tsama’a O a ntšhosa!

MORATWA YO O TLHADILWENG.

Thakadu ga ke ka ke ka feta dialô,


Le mesimana ke e okometse yotlhê,
Fano serepodi kê bosekamelô,
Mojakô wa ntlo kê thêbê ya me yotlhe.
Ke dulê monna wa setlatla ka tšwala,
Setlatla sa mogônônô ka tšwalêla.
Kana nna ke tla tloga ke baa ke ikuêla,
Ke ikuêla batho gore ba re rakanye.

Ke tla phutha batho go ntekola ke re,


Moratiwa wa me, mênômašweu, o ilê,
Ô tsamailê le phôlôgôlô ya nare,
Ya mo ralatsa le medupe e thibilê,

Ya leba ka ênê makhujana aa kgakala.


Nare, dumedisa makhubu aa kgakala
Gore e re makhubu O santse O a lekola
O ko O thulakwê ke segoga-moriri!

Diphôlôgôlô ga di na maano batho,


Ba phamola bubi ba bo mpaya matlhong,
Ba re ke foufêtse thata ga ke motho,
Ba dira maano fêla ba sena ditlhong.

Nare e tšhwana e ngamolêla fêla nageng,


E itsa moratwa wa me go boêla motseng,
Go bona nna madula ke itšhoka sakeng,
Go bona ke fapoga tsela sefofu.
Monongwaga ke ntse jaaka sekgophana,
Le ka dinao ke setse ke gatwagatwa,
Ke setse ke gatakwa le kê banyana,
Ee, le kê mênômašweu tota a sa ratwa.
Photsana ka lala ka tlhoka go dipa,
Mme matlhale ba ruthaka ditlharapa,
Lelokwana la lala le ntse le kopa,
Ntšwa semumu ke sa bolo go hupêla.
Le dutse thoteng ya Borwa Lelokwana,
Thota ya Borwa marupêla dithaga;
Ke tla se dikologa fêla seolwana,
Ke tla se dikologa ke ntse ke tshega.
Mariga a tsenye nna ke tla dika ke ême,
Ke lata mênômašweu khunwana ya me.
Mphorwana ja lenong ke ntse ke phuphame,
Ntse ke ratelelwa kê go fofa, lenong!

SEL’LÔ SA MORATI.
Letsatsi le ne le ya kwa bodikêlô,
Le ratêla kgala e botala bogolo,
Kôpanô ya lefatshe le legodimo,
Kwa loagong lole Iwa bašwi le badimo.
Re ne re le moragô ga ntlo ’a dithutô,
Re umakalana dipuô tsa semophatô:
Ka re, Mokgatla, kea go tsa’a kea rapêla,
Ke tla ruta Bangwato go gankafala.
Mmê ya no ekete ke mo gasa mosêtlhô,
Ka bôna mosadi a kalakatsha leitlhô,
A etsa fêla serurubêlê lesêding,
Serurubêlê se falola lefifing.
’Rurubêlê di ne di fofa godimo,
Tse di mebala ya metshe-ya-badimo,
O ka re kê basadi ba duduwêtsa,
Di fapaakana fêla ekete di a ba etsa.
Ka fa tlase ga meriti ya ditlhare
Phatê ya lenaga e šupa botšwerere,
Dithunya tsa mebala magabagakwe,
Tse di madilotsana a mebala ya nkwê,
Le motshe wa badimo tsa bo di o gaisa,
Bontlê jwa tšone le pelo bo e kgorisa,
Ka ba ka bona ke tsitsiboga mmele,
Le mogopolô wa me ga o bo lebale.

E rile ke fitlha kwa Serowe kwa gae,


Ka re, ’phuti tsa Bangwato mono di kae?
Ntla di thêlwa kê Bakgatla lošalaba,
Di phalwa kê ’phôlôgôlô di loriba!
Foo ka bona ke šôšôbaana moriri,
Ke thaakanya le ditsebe jaaka phiri.
Ka ba utlwa ba re mosadi wa me o ilê,
Ô phamotšwê kê nonyane e iphitlhilê,
Kê lengongobadi la lenong, ka lela,
La mo isa iegodimong a sa bobola.
Kwa ga rara ra gakgamalêla lenong,
Menwana ya rona rotlhê ra e tsenya nkong.

Bakgatla baa re baa fa ba konkometse,


Ba mphile meraba ba ntsenya bolwetse,
Ya re ke amogêla ka itšhwara dinala,
Mosadi wa me ba sena go mo nnêêla.
Ke ne ke tlhôphile fêla bohunwana,
Bakgatla, ke tlhôphile lošagarana,
Ke tlhôphile morotologa wa naga,
Lenong la tloga la dubaka meraga,
La tšhwanolola le ditšhwantšwang di tšhwannê,
La ba la rarol’la merêrô e raraane;
Bogadi jwa me jwa wêla ka lobitla,
Tse dikhunwana tsa fapoga Bakgatla.
Boo Mabusolosa a Kgabo diruthuthwê,
Ba ratile thata morogo wa rothwê,
Thutêgô ya mosadi ya ba foroka,
E kabo ne ne fano ba re boloka,
Ba re tšhwaa ka mosadi wa thutô kgolo,
Ra ko ra tlhôka go bidiwa masilo.
Ke bua jaana Mokgatla ke mo lebile,
Moriti wa gagwê pampiring a o mphile.
Kê yo mosadi ekete o ka bua, “dumêla!”
’Pounama tsa gagwê tsa bulêga a phela.
Matlhô a ’gwê O ka re têêmane di le pêdi
Fa gare ga sekaka sa Kgalagadi.
Moriri ekete ’gala la morokuru,
Ô o boleta jwa diphofa tsa tseberu.
Sebaga sa gagwê phatsimane thamong,
O ka re mola ’a godimo legodimong.
Sehuba ekete thotana tsa Moilêgô,
Mosese O ka re loapi go le bosigo.
O tlogetse lefatshe le O le monana,
O le boša jwa bojang jo botalana!
Dimatla di leba, kê bašwi mo mošong;
Jaaka wêna rotlhê re tla tsêna lošong,
Phupung ’kêlêdi tsa mošong di tla êlšla,
Le merara le rona e tla namalala.

SELELÔ SA TONKI.
Ga re ke kile ka sepela ka etsa tlou,
Nna ka etsa kgolo ya ga mmadisanyana,
Ka setlaka mebila, matsibogô a nna
Mašuputšwana, ke ngwanta fêla setlou.
Ditlhakong ke kile ka alelwa matlhare,
Mokwatleng ka rwala Morêna wa batho,
Le ditsebeng nna ka goêlêlwa kê batho,
Ba kua ‘Hosana’, ba betsanya matlhare.
Nna tonki kana ke bolo go hupêla,
Jaaka mokgwêba nna ke tla tšwa molomo,
Ke tla ikuêla barêneng ba le Modimo,
Molao o bolo go tlhôka go ntlamêla.
Go kabo go le dikgosi nkoo ke ikuêtse,
Go na le molao le nna ka batla balai;
Ka re motho kê sebatana sebolai,
Ga a na ruri le phôlôgôlô e mo inêêtse.
Dibatana ga di na poloka batho,
Ga ba nthate tota ba nkila lekonkong,
Ke sebodu sa nama senkgêla mokong,
Se jewang le ke ntša sedibêla motho.
Ga ke dibêlwe, batho, nna ga ke a ruiwa,
Le ke utšulwê nna ga ke na bosêkêlô,
Ke tšhwana fêla le molora ’a molelô,
Ke ratiwa thata fa mophatô o kuiwa.
Nna tonki ga ke khiniwe tsa go ntshetsa
Le sebantêu ruri nna se ntshêtlha momong;
Gapê thupa ya me kê pata ya legong,
Le tshipi tota nna ga e rone go mpetsa.
Batho nna ba ntshega ka thipa ditsêbeng,
Ba re ’tsêbê dikgolo di mpola’a pelo,
Di kabo di tshwana tsa pitse le mmoulô;
Batho buang le Modimo lo ko lo nteseng.

LENTŠWE LA MOLEDI.
Monomotlha ke tla lela se-Nabja,
E reng ba lela ba rwale mabôgô.
Ke tla bua ke dumaduma selelong,
Ke se nêwê matlhô a le mahibidu.
Moledi ga na apê mantšwe a monate,
Ga na apê matsêtsêlêkô, moledi,
Puô ya ’gwê jaaka meetse ga e êlele,
Ga e phôthôsêle senoka ’a mariga.
E a re fa gongwê a gowa a tlafale,
Batho O bone ba sisimoga mmele.
Jaanong ke tla leba bonnete matlhong,
E se re ke bua mongwê a ntenêgêla,
Ke diriwa ke botlhoko bogolo.
Moledi ga ke bolo go akabala,
Go dirwa fêla ke ntse ke lebile,
Go twe nna ke sefofu ke foufêtse,
Ke lesea ga ke na go ngunanguna.
Monomotlha ga se maloba a bile
Seboba mpeng se neng se mpampêêdiwa,
E se re O se batola wa bolawa.
Moledi, motlhoiwa, ke tloetšwe lefe?
A ke tlhoilwê gobo ke le mothwana,
Ka mothwana a sena lepê lesegô,
Fa ke le phôlôgôlô ke lekaba?
Lefatshe lêno la moledi leina,
Ditšhaba tsa tla mono go ntirêla,
Tsa mpaya seatla mo matlhong lesilo,
Lesilo la nnete ka bokalala,
Nna botlhale ka se ka ka bo bona,
Ke tlhalefa ga twe ga kea lekana.
Kgosi ya me nna tota ga e mphemêle,
E femêla ba e reng ba gata go tii.
Le gareng ga rona ga re itumêle,
Ga re batho ruri re makanyana,
Fa re lwa re ngarolana mekwatla,
Re etsa ’phôlôgôlô tsele tsa naga
Di reng di tshela mmôgô di khutlane.
Makolwane re folosana majeng,
E re re ya tlase re ’e re tlhomilê,
E re re wa re kgoboge mangôlê.
Batho ke bao ba lekile ka thata,
Ba lebile kwano Borwa ba siane!
Ke metshenyana melela ditlêrê,
Mesenya kgakgatshe ya batho bangwê.
Mme ntla ’ntwa di ntse di bolola fêla,
Basenya batho ba sa bolo go ya!
’Ntwa di tšosiwa kê baitse loleme,
Babesi ka mosi magala a le teng
Ba dira ba itsa mafura go nyaoga,
Go go jesa botala O sa lemoga.
Tsênang ka Batho ba bantšho lo botse,
Lo re, ba phela jang batšhubi mol’lô,
’Ntsi tse ditala mabodisa nama,
Masenya njo tsa batho ba di beile?
Lo tla utlwa ba lo bolêlêla dil’lô,
Ba re, ba ne ba dumulwa lenaila,
Dithêbê ba di latlha ba sa ikitse,
Melato e le mafarathatha metseng,
Merafe e se dipelo dingwe fêla,
Go twe, mosinyi kê ’o, ga se ’o, kê yola!
Mma ke phimolê dikêlêdi ke lae!
Rêêtsa molaô wa ngwana O mo semilê:
Dilô di lemogwa ka malebêla,
Di ithutwa ka loagô go fetokana,
Kana ka botshelô go kwatlalala.
Go sale go retela go tšwa Lôwê
Bana ba kgaka go ipitsa dikoko.
Dikgaka di bitsana ka molodi,
Bana ba Mmanôpê ba iteba dimpa;
Ga se phošô tlhôlêgô fa O ka lepa.
Lo rile dinoka ga di êlêlane;
Mme ntla Sefokê o êl’lêla Ngwôtwane!
Lo rile e tshele molapô tlotšwana;
Mme ntla tlou ya Mmanôpê tlou ka kwano!
Nka itoma sekgono, ka itaa kgonoptse,
Lefatshe le ka bulêga ka feta
Fa melapô e ka tlhôka go êlêlana,
Mmanôpê a mma Nkêtê a fetoga motho!
Sel’lô sa ngwana ’a motho matlhomola,
Sa ’o mongwê ga se sel’lo botlakala.

Fa rrê a gwaitsê ka mpêêtšhane malôba,


Ngwana, gata ka sa sekgoa fêla O sie,
Mathaka go tabogêlwa mokgêlê,
Kwa morago go sala maebelwane.
Batho ga re ’phôlôgôlô tsa naga'
Di tshelang botshelong di sa itemoge.
Morati tsa kgalê ga se letlhale,
Tsa kgale ga di ratwe di patika,
Motho dijô a di latolêlwa fêla
Mme ntšwa ka matlhô motho a di ipônêla.

Moganêtsi lefatsheng ga batlêge,


O tšhwana Morêna yolê wa batho:
Fa O dirilwê O le morati wa batho,
E se re fa O kanoka wa foufala,
Wa dirisa pônô ya go le mouwê,
Lentšwana la tloga la gogomoga,
La tloga la ipopa la intsha seolwana.
Fa O le motho, tlhê, bitsa seolo, seolo,
O se se bitse pôô O se lemoga,
Ditšhaba tsa tlhôka go go leboga.
E re O lwa le motho O se mo lêlêkê,
O se mo ntshe mo lefatsheng la gagwê:
Fa a le kgakala nao o tla ngunanguna,
O tla go raya maina O sa mo rêêtsa,
A ba a go tlatsa le lefatshe ka puô;
Gaufi nao gone o tla tšwala molomo.
Mherefere ga se tshiamo tshenyêgô,
Bodipa ga se botho bolalomê,
Merafe moragô e tšwa mampagane,
E tuul’le dilô di se dinene.

E se re motho a tlhotsa wa gogoba,


A tšwela kwa ntle ga na go gatisa.
Leno kê lefatshe la kganetsanô,
Ga se lefatshe la “Ahêê, Morêna!”
E tla re O tla re O tseleng ya kagišô,
Tseleng phêpa ya baagi ba lefatshe,
O bône O lela mokaulengwê a lela,
O ba O tshêga le mokaulengwe a tshêga
Fa tseo di seo botshelong joo, morêna,
O motho popô, lotšô O sebatana.

AFERIKA

Lefatshe leno le lentlê jang!


Le makhubu, ee, le dipala,
Le ditlharetlhare le majang;
Dikgama, dikgokong, diphala,
’Phôlôgôlô tšotlhê tsa naga,
Kgatwane, kgwathê le dinôga,
Digagabi di ilang mariga,
Di aila fêla mono Af’rika.

Lefatshe le kê mosetsana,
Moratwa ’a thaka tse dikgolo,
Ntšwa fêla a le mmala motšhwana,
Mmala o o bošula bogolo.
Solofera kê mênô a gagwê;
Gouta kê marinini a gagwê;
Têêmane dinala tsa gagwê;
Tšotlhê tse di mono Aferika.
Lefatshe leno la meriti;
La ’thunya di methalcthale;
La dinoka di êmang sesiti,
Di ikgarakgarang jaaka tlhale;
Kê lefatshe la matlhomola,
Ruri fa go le letlhafula,
Fa dinku le ’pudi di fula,
Diruiwa tsa mono Aferika.
Af’rika ’fatshe le letsatsi
Le phatsimang ngwaga fêla otlhê;
Af’rika lefatsbe la meetse
A masetlhana ’nokeng tšotlhê.
Lefatshe leno kê la temô,
Lefatshe leno kê la kgomo,
Lefatshe leno ke la khumô;
Tse di bonwa mono Aferika.
Lefatshe leno le lentlê jang!
Le makhubu, ee, le dipala,
Le ditlharetlhare le majang;
Dikgomo, dikgokong, diphala,
’Phôlôgôlô tšotlhê tsa naga,
Kgatwane, kgwathê le dinôga,
Digagabi di ilang mariga,
Di aila fêla mono Af’rika.
’FATSHE LA BATŠWANA.
Pelo ya me e kwa lefatsheng la Batšwana
Go lêlêka phuduhudu le phôtsana;
Pelo ya me nna tota ga e mono sekgoeng,
E kgakalakgakala fêla kwa dikgweng.
Pelo ya me tota e metseng ya ditlhowa
Go bina dipina tsetšho ka matlhôwa,
G q bona ba ba tshipi tšhwaana mabogong,
Go utlwa dikgaka di kêkêtla molapong.
’Fatshe la Batšwana, ’fatshe la bagale,
’Fatshe la dikgomo, ’fatshe la mabêlê;
’Fatshe la maši a êlêlang jaaka meetse,
Maši a dikgomo di gangwang di rôbetse.
Lefatshe le banna ba diala ditšhumu;
Le ngwana o kgotlang e e matlhamutlhamu;
Le nama go jewang ya thutlwa le phofu,
Le batho go gogwang fêla ba difofu.
Pelo ya me e kwa lefatsheng la Batšwana
Go lêlêka phuduhudu le phôtsana;
Pelo ya me nna tota ga e mono sekgoeng,
E kgakalakgakala fêla kwa dikgweng.

LENAGA.

Erile letsatsi le tlhaba ka akola,


Ka gasagasa matlhô a me le lenaga,
Ka bona mašu, marula le makala,
Mokôba, motlhware le mmolayanoga,
’Tlhare tse dikgolo makgabisa naga,
Bo-mmameriti di bothêlang dinare,
Di bothêlang le ditshidi tsa matlhare.
Lenaga kana le lentlê letlhafula,
Le lentlê thata fa dipula di tšôra,
Bojang bo le botala, ’kgomo di fula,
’Phôlôgôlô tsa naga tšotlhê di kgora,
Di šotse, di tsêkêtlêla ka mafura,
Lefatshe le kgabile ka botalana,
Le meetse a êlêlaêlêla ka mekgatšhana.
’Noka di ikgarakgara ka ditlhatshana,
Molatšwana o kadimoga jaaka nôga,
Jaaka sol’fera gareng ga botalana.
Lonkô lwa dithunya lo nkgisa lenaga,
Lo fokêga fa ’tlhare di tsebeêtsêga
Go ôka notshe le go ôka serurubêlê,
Difofanyane difofêla fofêlê.
Godimo ga mošu go utlwala melodi,
Kgolotšhwane kgolo puô ya dinonyane,
Thaga yônê e itata sebelafadi,
Fa bontsi bo kuêlêla lekolwanyane,
Lekawana le diphuka, makgowane,
E reng dinonyane di mmona di kuwi,
Di šupa fa ruri tota a sa ratiwi.

Lenaga ruri go gontlê le makhubu,


Le mawêlewêle le mebalabala,
Mme ebile go sasankega dinênêbu,
Digogwane mo meetseng di ikuêla fêla,
Mamêpê a lenaga a ipônêlwa fêla,
Dinonyane tšônê di ijêla legoto,
Di itumêla bogolo fa go le looto.

Kê mang yo o ka reng lenaga le itirilê,


Mekgatšhana le makgawakgawa a majê,
Le ditlhare tse dikgolo di itlhômilê?
Fa go na le motho mongwê wa foko jê,
A dinonyane tse tsa loapi a se di jê.
A a tšhwarwê, a bôfêlêlwê letlhakamane
Gobo ga se motho kê lepempetlhwane.

Lenaga, tsala, kê buka ya Modimo,


Bojang le setlhare ditlhaka tsa lona,
Setšhwantšhô kê ntšu le losika lwa kgomo,
Matsêtsêlêkô go lônê re a a bôna,
Le mebala megolo madilotsana.
Modimo Ô re itshênolêla ka lenaga;
Ka leruô la Modimo re a foufologa.
THAMALAKANE.

Motse ona ga se motse motsana!


Maung O mannê fêla ga O bônale;
Ga O bônwe le kê motho a tla a siana,
Matlhô a gagwê a tla fêla a kadile,
Pônô e thibiwa le kê lophane,
Le kê phatsimô ’a Thamalakane.

Noka e raletse lefatshe la Maung,


Lefatshe lotlhê la Batawana.
E tlala go sena pula marung,
Letsatsi le phatsima serêna,
Mariga ônê go sa ne dipê dipula,
Go sena le dipula tsa letlhafula.

Thamalakane kgomo ’a letsêtse,


O ka re e ka roromisa thele,
Ya fêpa basimane ba motse
Ka lobese ba sa le lopel’le.
Ga se lobese meetse a mariga,
Meetse a êlêlang fêla le naga.

Thamalakane o ikeditse nôga,


Ô editse lebolobolo tlhageng,
Ô ikgarakgara fêla le naga,
Ô tsabakêla ka mmala sekgweng
Jaaka letsatsi le solofera
Tlase ga meriti ya matsiara.

Mpeng ya yônê go tshela dikwêna,


Mo sehubeng go šapa mekôrô,
Losing digwagwa di bua serêna.
Gareng ga yônê mheru wa kgôrô,
Le lotlhaka lo ntshitse ditlhôgô,
Matlhare-a-tšwii a lo setse moragô.
Fa godimo go fofa dihudi
Ka dipelo di tletse monate.
Ka fa thokô go kgetla dipudi,
Tsêtsê e iditse dikgomo seritê.
Le montsana batho o a ba loma,
O ba fa ’tlhoko jwa letšhoroma.

LEWATLÊ.

Tshêtlha ’a meetse e kabo e le lefatshe,


Ditšhaba nkabo di sa tlhabane,
Di kabo di lema di iketlile,
Nkoo di sa gapelane mafatshe,
Di sa betsane ka dithôbane.
Tshêtlha ’tšhaba kana ga di e tlwaêle;
Tshêtlheng go aila fêla dinênêbu,
Ditlhapi, mo meetseng a a makhubu.

Tshêtlha rona batho re a e tsêna,


Boteng jwa yônê mme bo a re sita,
Bo itsiwe kê ditlhapa bodibeng.
Lewatlê mabebe le a a gana;
Mme bontlê lewatlê le a bo rata,
Le ntshêtsa le dikgašwana dipaeng,
Le di ntshêtse ntlê le di bee mokoa
Letshitshing le le makgawakgawa.

Meetse a lewatlê kana ga nowe,


A nowa fêla a tshologa marung,
A fologa loaping kwa godimo,
A tloge gapê kwa moragô a boe,
A boe gapê a êlêlêla serung,
A êlêlêla sedibeng selemo,
Sedibeng se segolo lewatlê,
Seru seo se senang poloko ntlê.
Lewatlê kana O ka le raa maina,
Wa re kê khunwana ya letsêtse,
Fa ruri O le bôna le maramara.
Kgotsa wa ba wa re ditshêtšhwana
Di fula kwa nageng di itebêtse,
Fa ruri O le bôna le kelera.
Kgotsa wa ba wa re legadima,
Fa O le bôna ruri le phašama.

Le tle le thathanye leo lewatlê,


Le tšôpotlege, tlhê, jaaka pula,
Le mmala le bo le o fetokanye,
Le sale le se mebala mentlê!
Lefatshe Modimo wa le kgaola
Ka meetse wa le dira lennyênnyê,
Ditšhaba kê tseno ga di bolokane,
Gobo e itshelêlwa fêla melelwane.

PULA.

Kgomo ya ga rrê e lela kwa tennyanateng,


E letse malatsi a le mantsi digobô,
E bile maši a yônê a tletse dithobeng,
E duma e sena epê pelo ya ditshebô.
Kodu ’a yônê e folotsha banna dikobô,
Ba tsêne dikobong tsa ’tsatsi le pennê,
Gore ba e utlwê e l’la gararo le ganê.

Kgomo ’a ga rrê ke ra’a maru a legodimo,


Ke ra’a maru a mantšho a mmala wa sebilô.
Tshêphê naana e kgabaganya legodimo,
Jaaka dikanono ga e na botshabelô,
Kê ’tlhôbôlô tsa mmokofêtê molelô,
Tse di dumang thata di okame Leruti,
Mangolwane di mo pegile meriti.
Ya ipopa le loapi ya ikisa godimo,
Ya tshelaganya legodimo gantsintsi,
Ngwalenkolo a roromisa melomo,
A kgalema sebadimo ba le bantsi,
Meetse loaping a fologa jaaka dintsi,
Maru legodimong a nyera a ba a rotha,
Meetse a wêla fa fatshe leratharatha.

Molebêlêdi wa ’kgomo tsa ga rara,


Tsa ga rara mararaanya letlhakola,
Mararaanya letlhakola pula e tšôra,
Kê pula ya medupe e bolokang fêla,
E fetolang lefatshe mebalabala,
E reng e tla go itlôtlêge digogwane,
Di goe ka di ne di ka dika di manne.

Pula mothusi ’a dikhutsana tse dinnyê,


Mothusi ’a batho, namane ’a legodimo,
Le segara mogatla e re fa se e bonye
Se lokoêge jaaka theko ya lerumô,
Mmatô ’a kwêna o rale bodiba godimo,
Lefatshe lêno le nne bophalaphala,
Nageng ditlhare O bône di têtêsêla.

TAL’.

Kê nna mapetekanyi wa ga mosêtlha,


Bagale le ka molora nka ba fatlha.
Kê nna mathule yo o mokokoto o thupa,
Ga ke latwe kê mosimane a sa rupa.

Tau ga ke tshabe ke kgêbêtlaka batho,


Nna ke phura kgomo ke phure le motho,
Ke phura le badisa ba dinamane;
Nna mmusi kgomo e lale le dinamane.
Kê nna serôbarôba sa matlhakola,
Se-a-rôbaki fêla se sa tle go a lala.
Ee, kê nna tau diphatlha di tšwa mamina,
Dinkô ditsagalala wa ga tawana.

Nna ngwana wa ga rrê setlhaolêla nageng,


Ke fitlhêtse dikgomo lešwaratlhatlheng,
Di fula fêla nokeng ya letshikhiri,
Ka khukhutha ka boboanya le moriri.

Le kwa gaeng la batho nna ga ke gopolwe,


E a re fa ngwana ’a motho a nkgopola a phailwe,
Go twe, “se gopole sefêphê go dutšwe,
Se buê thata ka Makhutsê go itebêtšwe.”

SEBATA.

Batho le diphôlôgôlô kê bao!


Batho lo a bôna go a fereêtsêga.
Sebata se se mariri kê seo!
Se itaanya loleme jaaka nôga.
Ngwana ’a motho o taboga letšhêêtšhêê,
Le phôlôgôlô e matla leraaraa,
Ngwana ’a yônê e mo sia fêla a phara.
Go mašwê, tlhê, go dithole dikgweng!
Sebata se mari'ri se a bola’a,
Phokojê ênê o tshêga fêla nageng;
Se mariri se tšoga se mmola’a.
Dikgomo ga di ikitse botshelô,
Le beng ba tšônê baa di tlhôbôga,
Sebata se di loma se tshêga.
Sebata sa naga se a tshabêga,
Se ja kgomo se phure le motho,
Ga se na nakô epê ya go diêga
Fa se leka go gatlaka batho.
Ga se na le ngwana se mo tsêtse
Se mo phamola fêla ka mala
Se mo gagole fêla a ntse a lela.

Batho ga lo bolo go hupêla,


Batho a ko lo kue lo ko lo ikuêlê.
Sebata se tla dika se bola’a;
Tsa’ang marumô lo ko lo inamolê.
Seganka ga se ile go bolawa,
Lefatshe la sala le ikhutsitse,
Le ’kgomo tsa lala di rôbêtse.

Se mariri se ntshitse loleme,


Se lorile se iletsa lenaga,
Dikudubane le ’khudu di ême,
Di sena le apê maanô go loga.
Sebata sa naga se a dubaka;
Se tsentse ’roo la pele selageng,
La morago le bina morageng.

Sebata se mariri se a šuma,


Se tsamaya se le matlhô a kwano;
Nkabo ke na le kodu ka duma
Ka etsa sebata nageng ya mono,
Ka re, sebata boa ke a rapêla,
Gwanta fêla, tlhê, ka bogoma O boê,
Ka bodipa, phôlôgôlô, ke siê.

Le tlhôbôlô nna ga ke a e tšhola,


E tšhotšwê kê thaka tse dikgolo,
E tšhotšwê kê balatlhi ba bola;
Ba sa tlhôkeng marumô a tlhôbôlô.
Sebata se segolo sa sera,
Setumane se a bo se dumilê,
Se dumang fêla se sa itumêle.
PHÔLÔGÔLÔ YA ME.

Nna ruri go ka twe batho a re ikabêleng,


Ke ka tšholetsa seatla ka šupa kgokong,
Ka ikabêla phôlôgôlô e e makoko,
E matlang e ikôba fêla jaaka koko,
Mogatla e o gasa kgabêtsa jaaka ngaka,
E tshikintsha tlhôgô, magetla le nôka.

Labobedi ruri ke ka itatšwa molomo,


Monwana wa me wa šupa phofu selemô,
Tšhêtlha ’a naga e mmele o matsêkêtsêkê,
E bokwana bošweu jwa go jewa kê nna,
E motlhana montlê o ka šômêlwang banna.
A bo Modimo o kile wa itse go dira,
Wa kokoanya mafura a go ’ira molora!

Mongwê motho a re o ka tlola a sêla mmutla,


Phuduhudu, phuti, tshêphê o a di batla,
Tse di dikgamphane di matsatsarapa,
Di nama kidika e senang le lefura,
E reng e mediwa go itšhwarwe dihuba,
Go itsa dihuba go dirêga maroba.

SEBOTHO.

Nonyanyane e phêgoga mhêrong,


E utlwê jaaka e tšwinya, sebotho,
E tlhaga setlhase ya mol’lô
E tšwa fatsheng lêno la batho.

E fofa e ntse e ipala magale,


Sehuba se ikama lehuka,
Lehuka le bina kgabêtsa
Ekete ga nke le ipoloka.
Ke eo e ya kwa godimodimo
Jaaka kgolokwe ya lentšwana!
E utlwê, O bo O e bônê loaping
E fologa se-lekgabana.

Bojang borithithi, sebotho,


Bojang bo fisitšwê kê mol’lô,
’Nonyane tšotlhê di gaupane,
Di šulê ka tsêbê e bosilo.

’Nonyane tsa tlhôka go tlhaga,


Ga itlhagêla wêna, sebotho,
Nonyanyane e tsêbê ntlha go utlwa,
E seng molôtsana wa batho.

Kgoka jaaka leru, sebotho,


O ikganêtse O se ka wa ratha,
E re, tlhê, fa godimo O tlhômê,
O tlê ka matšuêtšuê O rotha.

E re re go leba re sitwê,
Fa godimong O têtêsêla
Ka leru la gago, sebotho,
Dinalêdi O di boela fela.

Lela, tlhê, O se mathe a monate!


Lela O le kgakala kwa marung!
E re ba ba mmele mokima
Ba tshabe ba go šêba marung.

Re tlhagisê wêna, sebotho!


Pagama loapi, tlhê, O ko O lelê.
Sebodu se êlêla le naga,
Se re gôgôbêla mebele.
Tshaba ka lehuka, sebotho!
Ama legodimo O ko, tlhê, O buê
O re, lefatsheng go botlhoko;
Go le kalo bua, tlhê, O ko O boê.

MARIGA.

Phefô tsididi e tšwa Borwa,


Phefô e tla fisa Masarwa,
E tsilê go tšhuba naga,
Sethunya mmogo le nôga.

Phefô tsididi e tšhubilê,


Bojang jônê bo bôdilê,
Go bônala digwetshana,
Dijônyana tsa banyana.
Matlong godimo e a duma,
Le menwaneng e a re loma,
Magotsane a a re tšhosa,
A tsaya diatla mfolosa.

Phefô ya kwano bothata,


Batho bangwê baa e rata,
Ba re motšubutla naga
Ba e rata thata mariga.
Maungô a ’tlhare tsa rona a kae?
Mariga, O re tšwêla ko kae?
Mênô ao a gago a re loma,
A re kgaolêla dinama.
Batho bangwê ba go rata,
Ntšwa ruri O le pelo e thata.
Jaaka peolane kea go ila,
Fa O tla nna kea balabala.
Mariga, tlhê, O molotsana,
O loilê ngwana ’a me kana,
Ke fano, tlhê, o a šôkôla,
O tla a tšhwêrwê kê mhikêla.

Tšwa, mariga, ’fatsheng lêno!


Le ga se lefatshe lêno,
Hêno moseja kgakala,
Nna ke rata letlhafula.

SEÊTÊBOSIGO.

Rra, se êtê bosigo O tla gatsêla.


Ngwana, O tla gaupana le menwana,
Dikêlêdi matlhong di tla êlêla,
Dinkô di tla tšhologa lemina.
Naka borwa e tlhabilê go rêna,
Bonang tse dingwê ga di a tlhalefa,
Le ngwêdi ga phatsime o a boifa.

Ga go na le motho o gatang sekau,


Re tšofetse jang go tšweng maloba,
Dinao tsa rona kê maroo a tlou,
Ekete bannana ba malôba,
Tsa batho ba sa bolo go tshaba,
Lobelô lo ba rêmilê dinao,
Ba gata ekete ba dira dinyao.

Serêpoding ntša e a ngunanguna,


E ntse e roromisa le dirope,
O ka re e ka lôpa Tintibana
A e bipa mmele ka morôgô wa thêpe,
Godimo a e rulêlêla mogope
Kwa sekgwaneng sele sa matlhware,
’Tlhareng di tlhotlhoregang matlhare.
Matlhare a phaphasela godimo,
O ka re dinku di fula phefong.
Le ditlhare di šupa mmopamô,
Kê matlharapana fêla a dikgong.
Ditsitsiri ga di yo dikobong,
Madi a batho tota ga di a senke,
Di maname tšotlhê ga di a umake.

Ka kwa segôtlong go digagapa,


Basimane ba lwêla legala,
Molelô o digetšwe ditlharapa,
Ô ôriwa kê yo o sa itseng botsala.
Maši kwa sakeng a tla nyêlêla,
Seêtêbosigo o dira selelô,
Ô ’irile jaaka ngwana ’a lesilo.

Lenaga la rona le lehumeng,


Le apotse kobô ya letlhafula,
La ikgasa bosêtlha dipounameng,
Digôgwane tsa tlhôka difela,
Dinonyane tsa itsapa go lela,
Lekôkô la ’koko la kokoana
Mošong letsatsing le sa sirana.

Ditlhapi tsa noka di a šotlêga,


Di wêtšwe kê seloma-masigo,
’Šukašukê la kgwêdi ’a mariga,
La kgwêdi êno ya Seêtêbosigo;
Kgôfê ga e yo bosigo, lesogo
Le robala mangôlê le a funnê,
Le menôtô ya maoto le e gonnê.

Dikgwêdi di kabo di itlhôphêlwa,


Kgwêdi e nkabo ke e gasetsa fale,
Ke e latlha ka thata ya motho a lwa.
Lehufa la rona ga le fêle,
Le tla fêla ’tsatsi le tlhabilê,
Kobô ya batlhanka ke e apere,
Naga e le ntlê go sa kui pherere.

NTWA YA 1939-45.

Go kile ga tšoga leruuruu malôba,


Leruuruu la marumô le dikanono,
Bana ba Yoropa ba ipetsa dihuba,
Komanô ya bônê ya utlwala le kwano:
Ba re, lefatshe lêno opê gaa le sema,
Banna ba Yoropa botlhê baa le lema.

MaJeremane ba tšwa modutla ’a kgetse,


Ba itshema maruarua ba kometsa batho,
Le MaPolane ba ba meletsa metse,
Le kwa Austria le gônê ba phura batho,
Merafe ya etsa diphôlôgôlô sekgweng
Di utlwilê lerumô la batšomi nageng.

Bana ba thêbê e setsiba sehibidu,


Sešweu, setala, se motshe-wa-godimo,
Ba ara, bana ba motlhaba o o morodu,
Ba duma ba etsa tladi ya legodimo:
Lentšwe la bônê la utlwala kwa Amerika,
Le rona ra le utlwa re le mono Af’rika.

MaJeremane ba rutla kwa Dunkeke,


Marumô a bônê a atlolola lenaga,
A thuba matlo a mantsi le dikereke;
Batho ba aga mesimeng ba se dinôga
Fa nonyane tsa baba di kala marung,
Di latlha mae a tšônê bogorogorong.
Kwa Fora MaFora ba rêlêla ba wa,
Rona Ma-Aferika mme ra êma matseba,
Kgodumô tsa lesêlêsêlê go lowa.
Morafe wa mokgôphana wa motlhaba,
Ra êma fêla sešweu senyelesemane,
Ra êma sešôlê bana ba basimane.

Ditlhôbôlô ra di rwala mo magetleng,


Le bo “Quick march” ra ba gata re sa ba itse,
“Present arm” , tlhôbôlô ra e baa mo diphatleng,
“Attention”, ra mo êma sekgomo ’a letsêtse;
Ra phunya mafatshe ra fitlha Egepeto,
Benkasi ra mo tsêna re le mophato.

Tse dintšhontšho tsa matutu re mabeta,


Re betabetanye le Ma-Ntariana,
Difofane tsa bônê ra utlwa di feta,
Di lelekilwê kê matšhuba-metsana,
A pagololang di godimo di fofa,
O bône di latlha diphuka di lefa.

Hit’lara re kile ra utlwa a ipolêla,


A re tladi e kileng ya tšhosa ditšhaba,
Le basadi ya ba tlhôlêla go lela.
Rona ra re, phênyô ka matlhô o tla e leba,
Ka diatla yônê gônê gaa na go e tšhwara;
MaJeremane ba roroma diphara!

Lerumô la ’rona matlhakanya batho,


Le tlhakantse Mosolini le Japane,
La etsa dinare la robakanya batho,
Hit’lara la mo gadika jaaka phane,
Ka jêno ntwa ga e yo go ituletšwe fêla;
Ba ’ira kgang ga ba yo ba iphile lefêla.
MAŠÔLÊ.

Banna ba-gaetšho lo bokwa lo dirile’ng?


Kê gone ka thata lo kabong lo bokwa,
Lo bokwa lo potile mawatlê ka kwa,
Basadi ba tla ba tshela ka makwakwa,
Ba re, balemi ba bone ba tla tla leng?
Ba-gaetšho ba utlwa ntwa ka matšwel’lenyana,
Ba tsêna ntwa ba utlwa mokgosi wa Kgosi,
Ba tsêna ka moko o thata, mašogwana,
Le matlho a bone a lebile kwa Benkasi.
Mašôlana a Mosolini a tsile a phara,
A khukhutha le mathe a se mo leganong.
Mašôlê ôtlhê a rona a dira jaaka manong,
A dira jaaka dinonyane mo mhêrong,
A thiba ka diphuka dikgolo a sira,
A etsa jaaka pêlêsa e thata a bêlêga,
A rêma fêla ka tšhaka le selêpê.
Ka ba ne ba rakane le ’nkô di aboga,
MaNtariana lefatshe ba le tlhôbôga,
Ba dumêla go ruiwa ba sena lepê.
Kwa Belini banna ba setse ba lela,
Bana dikêlêdi ga ba di gelole,
Ba re Hit’lara sefofu ga lakale,
Ga bône fa MaNtariana a mo latlhile,
A šômogile ntweng fêla a sa ipobola,
Le Mosolini bogosi a bo gasitse
Bo sena go mo thatha mafarathatha.
Kgosi Hit’lara lomena o lo ikêpêtse,
O tla lo wêla mo mošong a kgathetse,
Ka marumô re sena go mo rathantha.
Mašôlê a rona a go bolawa go dirwang;
’Tawana di mênô re se ke re a bona,
Ntšwa mênô a ditawana e le dipêtlwana,
A tshajwa thata kê leitlhô la senyana;
Re a bonye lobaka ditawana di tšwang,
Le dinala e le tsa ditau di’a go tšoma;
Ra re, baba ba rakanye le tlhôlêlwa,
Ba rakanye le leinô le tla ba loma,
Le dinala ba se kitla ba di poma,
Dinala tsa Mašôlê, ga baa lôbêlwa!

MOTLHABANI.

Le fa e le mokgwasa kana o no o seo!


Le fa e le moropa ka ’baka leo
Fa re ba’a setoto sa ’agwê phupung!
Phatê ya kgôngwana o ne a sa e bêwa,
Setlhako lenaong a sa se nêwa,
Ra mo tsênya a le segwere mo mmung,
Ra mo latsa jaaka motlhabani,
A ladiwa legaeng le thôbane.
Ô letse ka lesêdi la ngwêdi
Mmele wa gagwê o rôtha le madi.
Mmu re ne ra o fata ka dithêbê,
Phupu re ne ra e êpa ka digai
Ka ’kêpu di ne di setse kwa gae;
Sefikantšwê sa ’agwê sa nna thêbê.
Baboki ba palêlwa go boka
Mosetaseti ’ole wa mabaka.
Batho Tebele ba ne ba lela,
Ba l’la a lekola semelamela,
Ba re ba l’la ba le matlhô a kwano
Ba re, re fê bana re “khombize” ,
Re nêêlê bana, rra, O ko O re lesê!
Nkwê marêma le ka tšhêka o fano,
Ke’o o tšutšubantse sefatlhogô,
Modimako go tshelang yo o sego!
KAGIŠÔ.
Kana ntwa kgolo kwa Yoropa e khutlile,
Hit’lara le Mosolini ba fetile,
Ba editse nakangwêdi go le bosigo,
Ba nyêdima ka lesêdi ba le segô,
Ba baa ba itebala ba ipitsa medimo,
Lefatshe le ba le lema jaaka tshimo.
Ba re ga ba fenngwe bônê kê badipa,
E bile kê bano ba phupung go rupa!
Kana ntwa kgolo kwa Yoropa e khutlile,
Boganka jwa ditau tsa Yoropa bo ile,
Bo fedile borukutlhi jwa dikgoka.
Thata re ne re sa e lebisa ditšhaka,
Kana le meetse a mawatlê le dikêpê,
Kana dithaba le mekong le mangopê,
Kana ditshipi tsa loapi, difofane;
Tse re di fentse re ka ja meêpêlwane.
Patikô le bobeloethata di fentšwê,
Kagišô, leratô, di tšošolositšwê.
Bana ba borraarona ba šwêtse dipaeng,
Ba gaitšwê kê leruuruu la ntwa dikakeng.
Bašweu, Batšwana, Basotho, Makalaka,
Mmogô ba ba tlhabanye ntwa e bogalaka.
Jaanong re letile pušô ka morafe,
E re re bua go se twe nnaa re bua lefe!

BABÔKI BA DIKGOŠI.
Babôki ba dikgosi basinyi,
Babôki ba rona balotlhanyi,
Ba šotla ka dikgosi ba tshêga,
Ba re kgomo thòkwana e a raga,
Thokwana e ragile le bagami,
Banyana ba tšoga ba bopame.
Nkabo ke le kgosi nkabo ke la’a,
Babôki ba nkabo ke ba bola’a,
Ba re, ’kgosi tsa rona maruarua,
’Kgosi tsa rona nnaa ga di a re rua:
A di ’iretšwe go komêtsa batho,
Kana pušô ’a kagišô le batho?

Mmôki wa gaetšho O ko O itumêle,


O tshêge ka bêno ba bogile,
Mošong go tla bo go le bosigo,
O tla tšwa setilong seo sa gago,
O lela ka madi a tletse ganong,
O gadima fêla jaaka lenong.

Babôki ba jêno batlhalefi,


Lo se bôkê pôkô ya lefifi,
Joo bo-leruarua ga se bogosi,
Go metsa batho ga go tshabisi,
Go kwatlalatsa ’pelo tsa batho,
Ditshêkô di se fele tsa batho.

Nna dikgosi tlhê ga ke itumele,


Le baboki ga ke ba lôbele,
Ba ko ba bitse dikgosi maina,
Ba se re kê ditau, dibatana:
Fa ba rialo kana baa ba šotla!
A dilo tse bônê baa di batla!

Babôki a ko ba ithutê go bôka,


A mafoko ba a tšwêsê dipaka,
Dikgosi ba di tshase menate,
Merafe e tle e itšhware dibete,
E re, Botšwana go ntlê masisi,
Marêna a teng namane tsa Kgosi!
Fa lo re kê dikômêtsa-batho,
Lo ba gantsha lefatshe le batho,
Jaaka Mojeremane maloba.
Mafatshe a ka tloga a ba kakoba,
A re tse dikgosi dilalome,
Di tšhôtlhang le lesea le bopame.

Nna ’kgosi tsa rona kea di rata,


Ke rata tse di marapô a thata.
Fa di šotliwa nna kea tenêga!
Baboki tlhê a re se intsheng dinôga,
A re bôkeng kgosi go tšhwanêtse,
Ga re ba malôba, re tšwêlêtse.

KGOŠI KGAMA.

Kgakalakgakala gareng ga dikaka


Gônê Kgama morwa Sekgoma a bêlêgwa,
A tsêna mo tharing ya tshêphê e sa segwa
Ka Matebele a ne a umakwa sebaka.
Sekgoma lefika a le baya senaga,
La gogomoga la feta dingologa,
La ritibala le lefatshe bogoie.

Letsatsi lengwê ga tla leruuruu la ntwa,


Leruuruu la thôbane le melangwana,
Ditlhôbôlô tsa dumaêtsa makgabana,
’Pitse tsa siya ka ’sale di sa bantwa,
Bapalami ba di ngaparêla meêtsê,
Kgosi Kgama ênê a sala fêla a ba êmetse
Gore ba ba lalang ba fula ba fulê.

Letebele la siya le šêba le re:


“A hê jaana Kgosi Kgama ga ka mpone!
A ruri Kilamolelô ga ka mpone!”
A motho wa sebêtli Sekgoma, ya re
A bêtla a senke ’thupa tsa marukuru,
Tse di tshesane tsa phatsa tsa Seburu,
Tse di molêpha tsa ngwana wa bogosi!
Lehufa la kilô la ipala magale,
La ba’a pelo ya ga Sekgoma mathatha,
La dira dikgang tsa motse makgamatha,
Baitse go bua dipuô ba ipôna botlhale,
Boteme-ntlha bônê ba ipaya lokoro,
Ba tshelaganya gabêdi, gararo,
Maraganyi-teng a bana ba dikgosi.

Jaana Sekgoma a bua a ômana le Kgama,


E rile ka mošô bosigo bo selê,
Phakêla dikgomo di amusa marôlê,
Kgama, mogale, a perepetsha Sekgoma,
A mo thulêga a leba kwa Sešabana,
A sala gae le mophatô wa Bannana;
Maretele, maretelêla ditšhaba!

Setšhaba Kgama o se diretse mabôgô


Gore ’kakeng tsa botshelô se iphedisê,
Le motse wa šônê se ko se o godisê,
Ô gole le Leina la Modimo mmôgô.
Ô ne a se lehufa le remang marwana,
Ô ka bo a le amulê dithobeng, morêna.
Ija, ga rea sengwa ke ”Naintin twenti terii!”

Ga O na le mmala ngwana wa ga Sekgoma;


Sebôla se fa kae, morêna ’a setšhaba?
O tšhwana fêla jaaka meetse a sediba,
O itshêkilê ga O na bokêlêkô, Kgama.
Kgosi, wêna le Mošwêšwê lo a lekana,
Lo tlêrêbêtsa mantšwe fa lo kôpana,
Lo lela lo rakanêla lotsibogô.
Legodimo le koo ruri le le gaufi
Ke ka bo ke agêla Kgosi Kgama ntlwana,
Ke re, ntlwana ya gago e gônê, morêna,
Mogope o gônê gorogêla morafe
Selêpê se se tel’le morwa Sekgoma;
Wêna kgokong diphaleng wa ga Rakgama,
Tôbêlêtôbêlê yo mogolo baneng.
Ke kabo ke le mmôki nkabo ke akola,
Ke na le loleme ka mo tsêt'sêlêka,
Ka re, kgorogoro etšho e maoto a diphaka,
Dinao tsa tšhwanêla go leleka phala,
Dinaonyana tsa ga Seloma wa Kgama;
Diatla mogopo wa go jêla dinama,
Ereke tsa ga Kgosi Kilamolelô.

RADITLADI A SEKGOMA.
Sefafatêla setšho sa marumô a ntwa!
Mophatô wa gaetšho wa Bagammangwato,
E re lo fitlha gae lo bolêlê tsa ntwa,
Lo re, “ Re jelwê kê phuti ya Bangwato,
Re jelwê kê phuti kôtšwana Lotlhakeng,
Re jelwê kê namane ya gago, Kgama!”
Ramaboo O ka bo kana O se setšhwarwa,
O ka bo kana O tla tlala O ba O lapa,
Jaanong go tlala ditšhaba tsa Masarwa,
Mokgosi o tlala a le nosi go mo kopa,
Go mo kopa jwa mmolofêlê borokgwe;
Le motho Raditladi o ka mo rebola!
A ko O nnêêlê borokgwe Rakerakile
Yo o rakileng Bangwato botlhê ba motse.
A nko ke nêwê borokgwe ke itšhômêlê
Ke ko ke etse le bo-nnêtlê ba itšhômêtse,
Ka balata kgosi ba imona dinala,
Badisa ba dipudi ba di nwe lobese.
Nnaa O bogale bo kae morwa Sekgoma?
O bogale bo namong bo gaisa jwa nkwê,
Jwa phôlôgôlô ya dikgwa monna Kgama!
Kana pôô ya gae e e mawêlewêle e nkgwê
E a bopama ruri e digetse magetla,
E a bo e senka go ja setoto sa motho.

Morwa-kgosi O tshaba le rrago O direjang!


A bo ka kwano motlhabani a latlhilwe,
A latlhilwe jaaka letlhokwa la bojang,
A sena lekôkô la bo-magolowê.
Tloga thata, leo ga se leina la ga opê!
Leo kê leina la motho yo o patlakêlang!

LEKGASA LOO SEKGOMA.


Kê letlantla la basimane ba Kgosing,
Kê ênê Lekgasa loo Sekgoma, Mophuting,
Ô kokometse Šwaneng a kokomoga,
Mathata a mo padisa go fologa,
Lekgasa la motia e se selalomê,
A sa tsamae ga gabo a ntshitse loleme.
Bošwa joo rra’gwê ênê kana ga bo bôna,
Bo šwafotšwê-šwafotšwê se-makanyana,
Jaaka dintša tseo tse ditona tsa naga,
Ntšwa ênê mo pelong a ntse a leboga.
Tse dinaana o di batlile kwa sekakeng,
Ô di phuthile ka seatla di mo sakeng.
Batho ba bangwê bagale dikwatlape,
’Tlhôbôlô tsa bônê di fula phephempe,
Tsa Lekgasa di tlhôla di fula fêla,
Le motlheng ono di ntse di fula fêla.
Fa O ka mo umaka O bôna batho ba tshêga,
O ba utlwa ba re, yoo monna o tla re goga.
Ênê ga nyadiwe kê ngwana wa bagale,
Kê morwa Mokokotlô-o-mawêlewêle,
Ô remileng Matebele mo dikgageng,
Dikgata tsa bônê tsa bêwa mo dipaeng.
Thupa e tshesane kana gae e a tshabêga,
E a tshabêga gobo kwa gae e a ratega.
Fa lo mo tlhôka o mono lo tla mhitlhêla,
Ga a gopê o mono ga gabo lo tla akola.
Mme kana ga kê a latelwa kê batho seêng,
Ba ka re ba gatilwe kê phuti sekgweng,
Phuti ka tlhako ya runa nta moriring,
Ba bo ba tlatlampa ba etsa bommampharing.
Ênê kana batho lošo ga ke a lo boifa!
Ga se lwa ntša tsa moragô tsa morafe,
Le Kgosi kana lo mo pagama fêla,
Le lelata le šwa go itšhwarwe dinala.
Fa le šwa le re ’iretse re tla leboga,
Lekgasa loo Sekgoma le Gakeatshêga!

ISANG A LENTŠWE.

Lentšwê legolo le namile Botšwana,


Bafudi ba lônê ba fêla dinala,
Baleki ba lônê ba latlha menwana,
Ba rôbêga mašufu ba sa ikaêlêla.
Bokete jwa lônê bo utlwala Motšhodi,
Nkô ya lônê e palêla le balefudi.
Le baêpadidiba botlhê baa le rata;
Kê motšwêdi wa meetse a a tšwang lenageng.
Le baagi ba matlo botlhê baa le rata;
Kê kgolo ya ntšwê-tshipi le sa thubêgeng.
Meetse a lônê a êlêlêla le Bakgatla;
Batlhalefi le bagogi baa le batla.
Nnaa magosi a rona a phuthêgêla kwa kae?
Magosi a rona a phuthêgêla Motšhodi,
Motsana mogolo o itsengeng kae le kae,
Go thuba lefika palêla bafudi.
Motse wa Bakgatla o godisitšwê kê mang?
O godisitšwê kê lentšwê re le bokang.
Nnaa thutêgô ya Bakgatla e tsentšwê kê mang
E tsentšwê kê lentšwê-tshipi la ga Lentšwe.
Lefika marobalêla bo mang le mang
Ga se la motlhaba kgotsa mosalakwe,
Maritibala borêneng ntšwa thata e seo.
Kê lentšwê-tshipi la go nêwa moagi nêô.
Nnaa kgomo ya Bakgatla ba e digetse kae?
Sel’lô sa yônê se utlwala Mošomane;
Maši a yônê a tla tlhôka go gamêlwa gae,
Go kgorisa basadi le basimane.
Nkoo ke na le matlhô ka mo tsêtsêlêka,
Kgotsa loleme lwa mmôki ka mo boka.
Ka re, kana têmêkê ’a Bakgatla kê Isang,
Kotsepê ya Letšhetšhele morwa Lentšwe,
Phatlakgolo palela le meetse aa fisang;
Borêlêdi boritilêlêlô, lentšwê,
Magatwa kê tšhwêne le nonyane tšôtlhê,
Kgomo magamêlwa banyanyana botlhê.

KGOSI TŠHAKA.
Kôbê kgolo ya Mozulu mathatha,
Batho ba yônê ba ntse ba sa botha,
Batho ba yônê ba tletse lefatshe,
Ba bolailwe e seng ka dimpa di kgotshe.
Mozulu yo o tlhomile a dira sekai,
E le tselanyana e sa welweng ditlai,
Segai sa gagwê sa gabaka batho,
Tšhaka ya rêma dikgata tsa batho,
Ya phunya mogodu wa lesea tharing,
Ya runa letsêtsê le nta moriring.
Matsibogwana a nna bophalaphala,
Madi a tlalatlala a tlhabisa kgala,
Tau kgolo ya kôna batho dihuba,
Ba tlhôka go mmolêlêla ditšhaba;
’Ntša tsa gabalatsêga ditlharapa,
Tsa baa tsa namalatsa ’nko di dupa.
Tšhaka, O kabo O rebotse le Maxhosa,
Ga ba kitla ba kgôna go go losa,
O kabo O ba reboletse go tshela,
Batlhanka ba kgwadibane ba phela.

Kgabo e kile ya atolola lenaga,


Ya phunyêga jaaka phefô mariga,
Merôlê ya têtêsêla melapong,
Kgabo ya tsêna mathaka marapong,
Ba gakwa fêla, ba etsa maatlhamana,
Go thibêla mmoholêla go tsêna.
Banna ba sitwa ba ama dirêpudi,
Ba sitwa le kê go gama dipudi,
Ba re di fusitse ba sa di thetsa,
Ka letšhogô dilô le di retetsa.

Batho ba’gwê ba šwafolašwafola,


Ba dira jaaka matlhalerwa fêla,
Ba phura batho ba etsa dibatana,
Tšhaka ya’gwê ya kgethanya marêna.
Kgosi-kgolo, O kabo O sa ba kgekgetha,
Wa gataka maoto a batho ba kgetha,
Wa gapa tse di makôrô di lema.
O koo O editse Mosotho le Kgama
O kabo jaanong O agetšwe moduku
Ka lefikantšwê le le kgabuduku.
DINGAAN LE MABURU.
Lefatshe le le ne le apere mebala,
Le tlhanotse dikobô tsa letlhafula.
Legae la Kgosi le ne le sa tšofala,
La bo le dutse edimo ga lekhujana,
Kwa tlase molapô o êpile lefatshe,
Ô goaletse ka meetse a masêtlha o kgotshe,
Ô tlhaphoga tlhê jaaka mabêlê a motshe,
Ô duduêtšwa kê digôgwane serêna.
Letsatsi le ne le wetse bodikêlô,
Marang a galaletsa lesenamêlô,
A tlhakana le lesêdi la molelô
Gobo la ngwêdi le ne le le lenene.
Dingaan le Maburu ba itshêgêla fêla,
Ba bua dikgang tsa bônê ba di tlopêla,
Tsa thamaga di rutlarutla megala,
Tsa dipitse badisa ba sa di bône.
Mophatô wa Kgosing o no o itšhomotse
Ka dikola o bina ka thata, molêtsê,
Ô tlola fa le fale jaaka letsêtsê,
Maoto a tšholêlêtsêga le kwa godimo
A bata lefatshe gararo moribê,
Ditlhôgô di ntse di kôbilê dibêbê,
Dihuba tsa bônê di apere dithêbê,
’Thôbane di duma le phefô godimo.
Ditlhôbôlô di ne di adile matlhaku,
Di nyakgatha fêla di ntshitse boroku
Jaaka matlhaka fêla a obotšwê dimêku,
Ka mosidi wa tšônê ba ne ba sa o laêla.
Kgarra tse dintšho tse di mašana a thata
Tsa latlhêla ditau setlhareng se thata,
Tsa di tsenya lofatlheng lo mitlwa e thata,
Mme tsa leta sekaô sa Kgosi go laila.
Molomo wa ga Kgosi Dingaan wa duma,
Lentšwe la Morêna la utlwala bokima,
La dumisa mometšô le kgodukôma,
La ratha la re: “ Bolala a batakate!”
Mephatô ’a Kgosi ya duma ka dikodu,
Ya rêma thata ga feta bohibidu,
Madi a rotha jaaka matute le kgôdu,
A konkonyega mmôgô fêla le mathe.

Ga Modimo re kabo re go lêmoga,


Ba bo-Dingaan re kabo re ba tlhôbôga,
Ka bodingaan bo tletsetletse le naga.
Bantšho ba re Maburu ba ba itšhwarêlê:
Modirwa tota kana o ka lebala jang?
Motho yo o solofelang seo ruri kê mang?
A motho yoo kê Moxhosa kana kê mang?
Modimo borukutlhi ga Ô bo itšhwarele.

0O0

Emmanuel Press, Nelspruit, E. Transvaal.

You might also like