0% found this document useful (0 votes)
178 views19 pages

Febmarch 2012 NSC Setswana FAL P2 Feb-March 2012

Uploaded by

malebogilekole
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
0% found this document useful (0 votes)
178 views19 pages

Febmarch 2012 NSC Setswana FAL P2 Feb-March 2012

Uploaded by

malebogilekole
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 19

GRADE 12

NATIONAL
SENIOR CERTIFICATE

MOPHATO 12

SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL)

PAMPIRI YA BOBEDI (P2)

TLHAKOLE/MOPITLWE 2012

MADUO: 70

NAKO: 2 diura

Pampiri e, e na le ditsebe di le 19.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

DITAELO

1. Buisa tsebe e, ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso.

2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaneo la diteng mo


tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di
buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di
araba.

3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE:

KAROLO YA A: Padi (35)


KAROLO YA B: Terama (35)
KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35)
KAROLO YA D: Poko (35)

4. Araba DIPOTSO DI LE PEDI fela go tswa mo dikarolong TSE PEDI tse di


farologaneng:

KAROLO YA A: PADI
Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng.

KAROLO YA B: TERAMA
Araba potso e le NNGWE.

KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE
Araba potso e le NNGWE.

KAROLO YA D: POKO
Araba dipotso di le PEDI.
Lenaneonetefatso le tla go thusa mo tlhophong ya dipotso.

5. Buisa ditaelo ka kelotlhoko mo tshimologong ya karolo nngwe le nngwe.

6. Kwala palo ya dikarabo jaaka dipotso di boditswe.

7. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.

8. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang.

9. Tiriso ya nako e e tshikhinngwang: Metsotso e le masomeamarataro (60) e


dirisiwe mo karolong nngwe le nngwe.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

LENANEO LA DITENG
Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle
ga go buisa pampiri yotlhe.

KAROLO YA A: PADI

Araba potso e le NNGWE fela.


POTSO MOFUTA WA POTSO MADUO TSEBE
1. Bogosi Kupe Potso ya tlhamo 35 5
KGOTSA
2. Bogosi Kupe Dipotso tse dikhutshwane 35 5
KGOTSA
3. Morabaraba Potso ya tlhamo 35 7
KGOTSA
4. Morabaraba Dipotso tse dikhutshwane 35 7
KGOTSA
KAROLO YA B: TERAMA

Araba potso e le NNGWE fela.


5. Molatswana wa gaetsho Potso ya tlhamo 35 9
KGOTSA
6. Molatswana wa gaetsho Dipotso tse dikhutshwane 35 9
KGOTSA
7. Molatswana wa gaetsho Potso ya tlhamo 35 11
KGOTSA
8. Molatswana wa gaetsho Dipotso tse dikhutshwane 35 11
KGOTSA

KAROLO YA C: KGANGKHUTSHWE

Araba potso e le NNGWE fela.


9. Ngatana ya Lehumo Potso ya tlhamo 35 14
KGOTSA
10. Ngatana ya Lehumo Dipotso tse dikhutshwane 35 14
KGOTSA
KAROLO YA D: POKO
Araba dipotso di le PEDI fela.
11. Motlhokagae Dipotso tse dikhutshwane 17½ 16
KGOTSA
12. Mahuma-pelo a ga phokojwe Dipotso tse dikhutshwane 17½ 17
KGOTSA
13. Ntwa ya 1939–1945 Dipotso tse dikhutshwane 17½ 18
KGOTSA
14. Bosiela Dipotso tse dikhutshwane 17½ 19

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

LENANEONETEFATSO

Lebelela lenaneonetefatso le le latelang go bona gore o arabile dipotso tse di


tlhokegang.

KAROLO NOMORO YA PALO YA TSHWAYA


POTSO DIPOTSO TSE DI POTSO E O E
ARABIWANG ARABILENG
A: PADI
(Tlhamo KGOTSA 1–4 1
Dipotso tse
dikhutshwane)
KGOTSA
B: TERAMA
(Tlhamo KGOTSA 5–8 1
Dipotso tse
dikhutshwane)
KGOTSA
C: KGANGKHUTSHWE
(Tlhamo KGOTSA 9–10 1
Dipotso tse
dikhutshwane)
KGOTSA
D: POKO
(Dipotso tse 11–14 2
dikhutshwane)

ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong tse PEDI.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

KAROLO YA A: PADI

Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e.

POTSO 1: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise

Kwala tlhamo e e ka nnang le mafoko a a kana ka 250–300 o tlhagise ditiragalo tse di


dirileng gore Matlhodi le Modimoeng ba iphitlhele ba kopane. [35]

KGOTSA

POTSO 2: BOGOSI KUPE – DPS Monyaise

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

A fitlha a phutha mogatse. Botshelo jwa gagwe jwa feta fa pele ga matlho a mowa
jaaka go diragetse go tloga tshimologong ya lobopo: a gakologelwa lorato lwa ga
Oshupile lo lo neng lo ba kitlanya morago ga diphapang tsa monna le mosadi, a itse
gore go fedile jaanong, ga go kitla go tlhola go diragala gore e re a kgopilwe a thojwe
pelo ka lorato, a itse gore ga a kitla a tlhola a mo omanya, go fedile, mme a itse gore le
fa go fedile jaana, fa Modimo o ne o ka mo abela bonyana gape, mme ga twe a
tlhophe molekane, o tla tlhopha Oshupile.

Tukisang a itse gore ga a mmone; a nta a rarabologelwa a ise a bue nae. 'Ausi, ke
eng?'
'O a bona, nnaka. Modimo o diragaditse thato ya one. Mogoloo o ile. Go tla thusang
go tshwara kwa le kwa, nnaka? Se se diragetseng, se diragetse. Ke gore fela re
mmee ka bonako, tiro ya temo e tswelele. Ga ke batle go tlosa batho mo ditirong tsa
bone; loso ga lo simolole ka nna, e bile ga lo kitla lo fela ka nna … Ke eng o ntebile
jalo?'

Tukisang a gopola dipuonyana tsa batho ba motse wa Phiritona ka ga kgaitsadie; le fa


e ne e se tshwanelo go bua jalo, a utlwa gore o tshwanetse go bua. 'Nnyaya, ausi, o
se ke wa re tsenya matlho a batho jalo. Aitse batho ba bua dipuo tse di maswe ka
rona. Le yo, mogolole, go tloga a tla go swela nageng jaana jaaka phologolo ya naga,
nka dumela gore ke ka lebaka la gago.' A utlwa gore o buile bosula, a khubama fa pele
ga gagwe. 'Ausi, intshwarele, ga ke a tshwanela go bua jalo mogolole a sa le ka fa
godimo ga mmu.'

2.1 Motho yo o phuthiwang mo temeng e e fa godimo, o bolailwe ke eng? (2)

2.2 Ke eng se se neng se tlhotlheletsa mmaagwe Obakeng go boloka kgotsa go


fitlha mogatse ka bonako? (2)

2.3 Leinatota la ga Dimo ke mang? (1)

2.4 Go tlile jang gore motho yo o mo umakileng mo go POTSO 2.3 a bidiwe


Dimo? (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

2.5 A go siame gore mmaagwe Matlhodi a kobe Dimo mo lelapeng la gagwe?


Tshegetsa ka lebaka. (2)

2.6 Leina la motho yo Tukisang a mmitsang 'ausi' ke mang? (1)

2.7 Naya tiragalo e e neng ya dira gore Obakeng a tlhoe malomaagwe. (1)

2.8 Kgetse ya ga Tukisang le Obakeng e fedile jang? (2)

2.9 Goreng Tukisang a ne a itatlhela mo molelong? (2)

2.10 Tlhagisa ditiragalo di le PEDI fela go tswa mo pading tse di bontshang fa


Obakeng e le segatlhamelamasisi. (4)

2.11 Ditiragalo tsa padi e di senola motlha ofe? Tshegetsa ka lebaka. (2)

2.12 Tlhopha karabo go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaisanang le


tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA A.

KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B
2.12.1 Matlhodi ke motho yo o A setaele
boikobo.
B semelo
2.12.2 Phiritona ke lefelo le ditiragalo
di diragalang mo go lona. C maitshetlego

2.12.3 Mokwadi o dirisitse puo ya


botshwantshi.
(3 x 1) (3)

2.13 Mmaagwe Obakeng o tsalwa kwa motsaneng ofe? (1)

2.14 A go nna lefetwa mo botshelong jwa segompieno ke botlhodi? Tshegetsa


karabo ya gago. (3)

2.15 Ke karolo efe ya botlhokwa e e tshamekilweng ke baanelwa ba ba latelang:

2.15.1 Sajene Botipe.


2.15.2 Motlhoiwa. (4)

2.16 Padi e, e khutla ka boitumelo kgotsa botlhoko? Tshegetsa ka lebaka. (3)


[35]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

POTSO 3: MORABARABA – SJ Lebethe

Kwala tlhamo e e ka nnang le mafoko a a kana ka 250–300 ka botshelo jwa moanelwa


Ntshimane go tloga mo tshimologong ya padi go fitlha kwa bokhutlong. [35]

KGOTSA

POTSO 4: MORABARABA – SJ Lebethe

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

A mo atamela go bua le ena: 'Morwesi, ke eng fa o sa itumele le rona. Bona o motho


wa tsala e kgolo ya me. O a itse gore re ne re tsena sekolo mmogo. Ke raya Mpute.
Re ne re baka lerata boobabedi mo sekolong, e re re gotlhiwa ka moretlwa re bo re le
babedi fela jalo. Ke tsala ya me, mosimanyana yo.' E ne e setse e le nakonyana ba
ntse ba simolotse go nwa, mme ba ntse ba bua thata, e bile ba buela kwa godimo.
Morwesi a se ka a mo araba. O ne a setse a tletse pelo, bogolo jang ka basetsana ba
ba nnetseng go nwa. O ne a ba tlhabelwa ke ditlhong, a sa itse gore maikaelelo a
bona mo botshelong ke eng.

Letsatsi e ne e le Labotlhano, mme motho mongwe le mongwe yo o dirang a le kwa


tirong. Kaitsane Morwesi ga a itse gore basetsana ba mo tirong, e le fela gore
basetsana ba mo tirong, e le fela gore jaanong tiro e fedile. E ne e tla nna ntsi tota
bosigong boo: e nna ntsi ka Labotlhano le Lamatlhatso.

Morwesi a utlwa tlala. A ya fa go Mpute go mmolelela.


'Re tla tsamaya gona jaanong, Rwesi. Re a tsamaya gona jaanong, nna le wena, wena
le Mpute wa gago yo o go ratang, ga ke re?' Owaii! Loleme lwa gagwe lo tsamaya lo
raraagana a ntse a re o a bua!

Mosetsana a gakgamadiwa ke Maki a ntse a nwa le bona botlhe, mme a sa bonale a


tsewa ke moroko. Kaitsane Maki o ntse a sa nwe, leano la gagwe o le bofile gale.
Kgabagare ga twe go a tsamaiwa. Ga tsenwa mo mmotorokareng go setse go
gogobiwa ka mangole. Le gale Mpute ena o ne a le botoka, dikolojwane di ne di ntse
di feletse, le go thekesela go sa etegela. Peter ena, loso.

4.1 Naya leina la mosetsana yo o imisitsweng ke Ntshimane. (1)

4.2 Morwesi o ne a tsena sekolo kwa kae? (1)

4.3 Goreng Morwesi a tsamaile le Mpute kwa Ga-Rankuwa? (2)

4.4 Ke ka ntlha ya eng Morwesi a tsere tshwetso ya gore Mpute a mmusetse gae
ka bonako go tswa hoteleng? Naya mabaka a le MABEDI. (4)

4.5 Mpute o ne a ikutlwa jang fa Morwesi a re ba boele gae? (2)

4.6 Naya maina a MABEDI a ditsala tsa ga Morwesi le Mpute tsa kwa
Ga-Rankuwa. (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

4.7 Naya semelo sa ga Ntshetsana. Tshegetsa ka mabaka a le MABEDI. (4)

4.8 Moanelwa mogolo mo pading ke mang? Tshegetsa ka lebaka. (3)

4.9 Ditiragalo tsa padi e, di felela jang? Tshegetsa ka lebaka. (2)

4.10 Ke lekgarebe lefe mo pading le o ka le tsayang jaaka mofenyi wa


Morabaraba? Tshegetsa ka lebaka. (3)

4.11 Bapisa baanelwa Mpute le Ntshimane o lebile go tse di latelang:

4.11.1 Tiro e ba neng ba e dira. (2)


4.11.2 Tsela e ba tlhokafetseng ka yona. (2)

4.12 Ke mathata afe a a ka tlhagelang basetsana ka maitsholo a moanelwa a


tshwana le Mpute. (2)

4.13 Morwesi le Bontle ba go rutile eng ka ditsala? (2)

4.14 Tlhopha karabo go tswa mo KHOLOMONG YA B e e tsamaisanang le


tlhaloso go tswa mo KHOLOMONG YA A.

KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B
4.14.1 Lekau la ntlha la ga Morwesi A Ga-Rankuwa
ke mang?
B Mpute
4.14.2 Naya lefelo le Mpute a neng a
dira kwa go lona. C Ntshimane

4.14.3 Ntshimane le bana ba sekolo D Thekong


ba tlhokafetse fa ba ne ba ya
kwa …
(3 x 1) (3)
[35]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

KAROLO YA B: TERAMA

MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko

Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e.

POTSO 5: BA TLA NKITSE – ES Lekalakala

Teramakhutshwe e, e khutla ka gore 'Ee, ke nnete, ba nkitsitse ke le mmolai yo o


setlhogo'. Kwala tlhamo e e ka nnang le mafoko a a kana ka 250–300 e mo go yona o
tlhagisang ditiragalo tse di tlhodileng loso lwa ga Ramarumo go fitlhela Boipelo le
Motswedi ba atlholwa. [35]

KGOTSA

POTSO 6: MOSESE, MOSESE, MANGOLE LE MENWANA – SJ Shole

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Rantleru: Monna, Bosalala, tlaya ka kwano! Ke batlile gotlhe mo nka kgonang mme
ga ke bone motlhala. Oteroupu e tshetlha. Lebeteri le yona lolea.
Siling le yona ga e na phatlha. Ga ke itse gore go thweng ka baesekopo e
tshwana le e. Motho o bolaetswe mo ntlong, mabati a lotletswe ka fa teng.
Mafesetere ga a na phatlha e e ka sutlhang motho. Ke tla be ke leletse
seteišene sa rona mogala, le emelentshe e bidiwe go tla go olela maswe a.

Bosalala: Morwaaarra tlhe ke a kopa. Le se ka la ba la ntshwara le ise le tlhomamise


gore phetlhi e tsene kae. Le se ka la bo la itsapa go sedisisa motlhala wa
mmolai.

Rantleru: (O letsa mogala.) Hallo! Ke sajene? Ke nna Rantleru. Ke mo 6666 mmila


wa Kgama. Ke fitlhetse setopo mo ntlong mme go lotletswe ka fa gare. Ke
palelwa ke go rarabolola malepa a mmolai. Ke na le mong wa ntlo, mme le
ena o tsene le nna fa ke se na go roba lebati. Tlayang lo re thuse
tsweetswee, Sajene (O baya mogala fa fatshe. O kgwa mowa.) Ga ke
kgone go bona tshipi e e iteileng motho yo mo kgorikgoring. (go utlwala
motho a itewa ke kgodisa, e bile a ntse a potla.) ke mang yoo?

6.1 Tlhopha karabo e e maleba mo go POTSO 6.1.1–6.1.4.

6.1.1 Mosadi yo o bolailweng mo ntlong ke …

A Nnuku.
B Bosalala.
C Mmemme.
D Feke. (1)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

6.1.2 Setopo se fitlhetswe mo ntlong ya ga …

A Mmemme.
B sajene.
C Bosalala.
D Rantleru. (1)

6.1.3 Ke eng se se tlhodileng kgotlhang magareng ga basadi mo


terameng e?

A Lorato
B Go tlhoka tiro
C Tšhelete
D Ntlo (1)

6.1.4 Rantleru o ne a dira tiro efe mo setšhabeng?

A Bongaka
B Bodirelaloago
C Bopodisi
D Borutabana (1)

6.2 Moswi o amana jang le mong wa ntlo? (2)

6.3 Go kgwa mowa ga Sajene go senola maikutlo afe? (2)

6.4 Naya maina a batho ba ntlha go bona se se diragetseng mo ntlong. (2)

6.5 Molwantshi mo teramakhutshweng e, ke mang? Tshegetsa ka lebaka. (2)

6.6 A mmolai o ne a tshwarwa? Tshegetsa ka lebaka. (2)

6.7 Thitokgang kgotsa Morero wa teramakhutshwe e, ke ofe? (2)

6.8 Setlhogo sa terama 'Mosese, Mosese, Mangole le Menwana' se amana jang


le Nnuku? (2)

6.9 Tlhalosa ka boripana se se diragetseng fa Bosalala a goroga kwa ntlong. (2)

6.10 A teramakhutshwe e, e supa maitshetlego a bogologolo kgotsa a


segompieno? Tshegetsa ka lebaka. (3)

6.11 Ke molaetsa kgotsa thuto efe e o ithutileng yona mo teramakhutshweng e? (2)

6.12 Ka dintlha di le PEDI supa ka mokgwa o Feke a thusitseng go rarabolola


bothata jwa terama e. (4)

6.13 Naya semelo sa ga Nnuku. Tshegetsa ka dintlha di le PEDI. (4)

6.14 Ntsha maikutlo a gago ka ga lorato lwa ga Mmemme le Bosalala. (2)


[35]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

POTSO 7: KHUTSEPE – EJ Sekati

Kwala tlhamo e e ka nnang le mafoko a a kana ka 250–300 ka tatelano ya ditiragalo


tsa teramakhutshwe ya 'Khutsepe' go tloga kwa tshimologong go fitlha kwa
bokhutlong. [35]

KGOTSA

POTSO 8: BO TLA SA JANG? – C Modise

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Kgomotso: (Ka kakanyo e e tebileng.) Hh …!! Ke a bo ke ya go latsa kae tlhogo fa


bosigo bo setse bo tsena jaana tota? Ke raya fa diphaposi tsotlhe di
lotletswe jaana? Le tlala e nkabolotse. E kete go sejanaga se se emang fa
ntle fa … ka re ke tshaba le go okomela ruri, gongwe ke bone.

Lepodisi: (Go konyakonya motho mo lebating.) Koko …!

Kgomotso: Tsena! (Lebati le a bulega le be le tswalega.)

Lepodisi: Dumela mma.

Kgomotso: Agee sajene.

Lepodisi: A ke wena mogatsa Phofu mma?

Kgomotso: Ga … ga ke itse gore a ke go ree ke re ee kana nnyaya jaaka Phofu a


setse a bone mosadi yo mošwa sajene … ke eng o botsa? Kana …

Lepodisi: Hm ..! go thata.

Kgomotso: Go diragetseng e kete o tla ntshosa jaana?

Lepodisi: Pele re tla foo … a o rata go nthaya o re lo kgaogane mma?

Kgomotso: Go kgaogana ga re ise re kgaogane saji; le gale ke bona re tloga re


kgaogana. (O rata go lela.) Ke bua jaana e le gore o sa le a lotlela
ditswalo tsa diphaposi tsotlhe tsa ntlo a di naya kgarebe eo ya gagwe.

Lepodisi: Ruri dilo di a diragala … kgarebe eo ke mang? Le gone e nna kae?

Kgomotso: O bidiwa Selebaleng. O nna mo ntlong ya bosupa mo go ona mmila o.

Lepodisi: Tota ga ke itse gore o tsile go e tsaya jang kgang e …

Kgomotso: (O a tshoga.) Bua tlhe sajene … a mongwe wa gaetsho o tlhokafetse?

Lepodisi: Mma ke maswabi go go itsise fa monna wa gago Phofu a sa tlhole a


tshela.

Kgomotso: (O a sunasunetsa.) Tota ga twe go diragala eng mo motseng o


Ramasedi?

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

8.1 Tlhopha karabo e e maleba mo go POTSO 8.1.1–8.1.4.

8.1.1 Nyatsi ya ga Phofu e nna kwa kae?

A Mmila o le mongwe le wa boPhofu.


B Gaufi le Karatshe.
C Mmila o o latelang wa BoKgomotso.
D Moagisani wa lelapa la gaabo Kgomotso. (1)

8.1.2 Mogatsa Kgomotso o bolailwe ke …

A mapodisi.
B mosadi wa gagwe.
C dinokwane.
D kotsi ya sejanaga. (1)

8.1.3 Lepodisi le ne la laela Selebaleng go busa …

A dinotlolo tsa koloi


B dinotlolo tsa ntlo.
C dithoto.
D sejanaga. (1)

8.1.4 Ke mang yo o baakantseng dithulaganyo tsa phitlho ya ga Phofu?

A Rraagwe Kgomotso.
B RraPhofu.
C Kgomotso.
D Selebaleng. (1)

8.2 Selebaleng o ne a imile ngwana wa ga mang? (1)

8.3 Molotlhanyi mo teramakhutshweng e, ke mang? (1)

8.4 Kgomotso o ne a kaya eng fa a re, 'le tlala e nkabolotse'. (2)

8.5 Kgotlhang e tlhodilwe ke eng mo teramakhutshweng e.Tshegetsa ka lebaka. (3)

8.6 Fa Kgomotso a re 'bua tlhe sajene' o ne a senola maikutlo a a ntseng jang? (2)

8.7 Goreng Kgomotso a re ena le monna wa gagwe ba tla tloga ba kgaogana? (2)

8.8 A teramakhutshwe e, e khutlile sentle? Tshegetsa ka lebaka. (3)

8.9 Fa e ne e le wena Kgomotso o kobiwa mo ntlong ya gago, o ne o tla dira


eng? (2)

8.10 Tlhalosa tsela e lepodisi le ntshitseng kgang ya loso lwa ga Phofu ka yona. (2)

8.11 Morero wa teramakhutshwe e, ke ofe? (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

8.12 A diteng tsa teramakhutshwe e, ke tse di kgodisang? Tshegetsa ka lebaka. (3)

8.13 A ke tshwanelo gore fa motho a sa tlhole a go rata, a go sotle? (2)

8.14 Ka dintlha di le PEDI naya semelo sa ga RraKgomotso. Tshegetsa ka


mabaka. (4)

8.15 Ke molaetsa kgotsa thuto efe e o ithutileng yona ka teramakhutshwe e? (2)


[35]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE

NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe

Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e.

POTSO 9: GO UPA – PJ Mathibe

Ngaka ya Motswana e ne e itse go sireletsa masimo kgatlhanong le tshenyo e e


feteletseng e e neng e ka diragala mo masimong fa a sa upiwa. Kwala tlhamo e e ka
nnang le mafoko a a kana ka 250–300 o tlhagise ka moo tshireletso le meila di
diragalang ka teng. [35]

KGOTSA

POTSO 10: MOGATSAKA O TLA NKGOPOLA – BM Ditlhokwe

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

'Se tshwenyege tsala, re tla tlotsa bolao jwa bona ka mafura a nakedi, re gasegase
ditlhare mo bolaong, le mo ba tla gatang gone. Nka se tlholwe ke bananyana bale, fa
ba ka ntlhola, nka latlhela gotlhe mo nokeng e e elelang.'

E ne e le ka Lamatlhatso fa Mmadira a ne a tshwaragane le go tlhatswa, fa a gopola


toro e a letseng a e lorile. A bitsa malomaagwe le mmamalomaagwe go ba itsise
yona. A ba itsise fa a letse a lorile a bona bone basadibagolo ba a tlholang a ba
bolelela ka bona.

Fa a ba bone ba kubetsa mo ntlong, ba tshasakaka dilo mo bolaong le go tshelakaka


ditlhare mo ntlong. Mogakwe o ne a lemoga fa Mmadira a na le mpho e e bokete, a ba
laela gore ba itlhokomele, segolo jang Tatlhego ka nno le ditsalanyana tse tsa gagwe.

Ba ne ba amega maikutlo, segolo jang ka Mmadira gonne ba lemogile fa a


tshwenyegile thata ka meleko e a leng mo go yona. A mo gomotsa ka gore a tshepe
thapelo le gore Modimo ke ene fela botshabelo.

Ditshebo o ne a dira jaaka mmaagwe a mo laetse, a tsena mo bateng a tlhapa, a


itshasa melemo. A ikana gore Tatlhego ke wa gagwe, le gore e tla re boMotshedisi le
boNorong ba re ba ntsha matlho, ene a bo a setse a fetile. Le gore o tlile go a ja a
namile madi a ga Tatlhego, le fa ba ka di bua tsa baswi le tsa batshedi. A ipolelela
gore phokojwe, go ja fela yo o dithetsenyana, le gore maano ga a site go sita a loso.

10.1 Tlhopha karabo e e maleba mo go POTSO 10.1.1–10.1.4.

10.1.1 Tatlhego le Mogakwe ba tsalana jang?

A Motho le Mangwane
B Motho le Malome
C Motho le Rangwane
D Motho le Rakgadi (1)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

10.1.2 Ke moanelwa ofe yo o sotlilweng ke lenyalo mo teramakhutshweng


e?

A Ditshebo
B Mmadira
C Mmatotlhanyo
D Bafedile (1)

10.1.3 Ke mang yo o thusitseng Tatlhego go bona tiro?

A Mothusi
B Mmadira
C Gadinthone
D Motshidisi (1)

10.1.4 Tatlhego o simolotse go dira kwa …

A Sannieshof.
B TELKOM.
C Lichtenburg.
D ESKOM. (1)

10.2 Goreng Mogakwe a ne a itumetse fa Tatlhego a re o ya go nyala Mmadira? (2)

10.3 A toro ya ga Mmadira ya lenyalo le le tlhakatlhakaneng e ne ya nna nnete?


Tshegetsa ka lebaka. (3)

10.4 Tlhalosa gore kgotlhang mo teramakhutshweng e, e tlhodilwe ke eng? (2)

10.5 Teramakhutshwe e, e khutlile jang? Tshegetsa ka lebaka. (3)

10.6 Mokwadi o tlhagisa Ditshebo e le motho yo o se nang maitsetsepelo.


Tshegetsa ka mabaka a le MABEDI. (4)

10.7 Naya tshobotsi ya ga Tatlhego ka dintlha di le THARO. (3)

10.8 A setlhogo sa khutshwe se tsamaelana le diteng? Tshegetsa ka lebaka. (3)

10.9 O ithutile eng go tswa mo teramakhutshweng e? (2)

10.10 Ka dintlha di le PEDI naya semelo sa ga Mmatotlhanyo. Tshegetsa ka


mabaka. (4)

10.11 A lerato la ga Ditshebo le Tatlhego le ne la atlega? Tshegetsa ka lebaka. (3)

10.12 Ke kgakololo efe e rre Van Wyk a e neileng Tatlhego? (2)


[35]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

KAROLO YA D: POKO

MABOKO A SETSWANA – Morulaganyi MK Mothoagae

Araba dipotso di le PEDI fela mo karolong e.

POTSO 11

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Motlhokagae – LD Raditladi

1 Lo bule ditsebe, ke bula letlole,


2 Ke tla duma jaaka segwagwa sa phefo,
3 Kgotsa ke duma fela jaaka botlole,
4 Ke kurutla jaaka diphuka tsa phofo,
5 Ka bagaetsho ba ne ba ntsenya tlhalefo,
6 Ba mpopela kgomo ya mmopa,ya lela,
7 Namane ya yone ka ba ka e kotela.

8 Ke bolailwe ke batho betsho maloba,


9 Ba ntshidika le ka disana magetla,
10 Pelo ya me ka ba ka e utlwa e uba.
11 Ka re ke gadima fela jaaka kgatla,
12 Ke supa fa di le phepa, tsa me diatla
13 Ba mpatika, ka tlhoka monamoledi,
14 Ka bona ke sekaseka dikeledi.

11.1 Ke puo efe ya botshwantshi kgotsa sekapuo se mmoki a se dirisitseng segolo


mo temaneng ya 1? (2)

11.2 Nopola sekao go tshegetsa karabo ya gago mo go POTSO 11.1 (2)

11.3 Tlhalosa mola wa ntlha wa leboko. (2)

11.4 Go ya ka leboko le, 'fa pelo e uba' go a bo go diragetse eng? (2)

11.5 Ke bomang ba ba bopelang mmoki kgomo ya mmopa go ya ka temana ya


bobedi? (2)

11.6 Naya morumo wa temana ya 1. (1)

11.7 Leboko le, ke la mofuta ofe? Tshegetsa ka lebaka. (1½)

11.8 Mmoki o senola maikutlo a a ntseng jang ka leboko le. (2)

11.9 Ke eng se mmoki a neng a se tlhoka go ya ka temana ya bobedi? (2)

11.10 Goreng mmoki a sekaseka dikeledi. (1)


[17½]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

POTSO 12

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Mahuma-pelo a ga phokojwe – Ms Kitchen

1 Ruri legodimo le ka bo le na le mogala


2 Nkabo ke lotlegela Mmopi, ke re a utlwe,
3 A thuse, a kgalemele motho re a nyelela,
4 Re nyelediwa ke motho le ntšwa ya gagwe.

5 Ga ke bewe sebete, Monkgwe wa diphologolo!


6 Le fa go dutsweng gone go dutswe fela ka nna –
7 Monkgwe wa dibatana! Ke ntshitswe loso-logolo
8 Ga twe le ke le bathong mokgwa ke gana ka one.

9 Jalo bana ba batho ba mekgwa mme e ngokologilwe,


10 Wa me one fa o gopotswe ke tlhola-e-eme;
11 Ga e ke e re go umakwa o didimalelwe.
12 Ba re sa me ga se bolotsana ke ntlo lo bone.

13 Ga nke ke tswa ke sela-sela tsatsi le tlhabile,


14 Ke itala go lala ke kaila go sa robetswe,
15 Ke apere lefifi maeba a sa sedile,
16 Ke sikologa badiba – motho le ntšwa ya gagwe.

12.1 Ke puo efe ya botshwantshi kgotsa sekapuo se mmoki a se dirisitseng segolo


mo lebokong? (2)

12.2 Mmoki o kaya eng fa a re 'ke ntshitswe loso logolo' mo moleng wa 7? (2)

12.3 Fa o lebile, goreng phokojwe a ne a sa bewe sebete go ya ka mmoki? (2)

12.4 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng 3 le 4? (2)

12.5 Naya dilo di le PEDI tseo di nyeletsang phokojwe go ya ka mmoki. (2)

12.6 Nopola mafoko go tswa mo lebokong a a kayang gore phokojwe ga a tshele


ka kgololosego. (2)

12.7 Nopola sekao sa tlogelo mo temaneng ya 4. (1)

12.8 Tlhalosa setlhogo sa leboko le. (2)

12.9 Naya thitokgang kgotsa morero wa leboko le. (1½)

12.10 Kwala morumo wa temana ya 1. (1)


[17½]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

POTSO 13

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Ntwa ya 1939–45 – LD Raditladi

1 Go kile ga tsoga leruuruu maloba,


2 Leruuruu la marumo le dikanono,
3 Bana ba Yuropa ba ipetsa dihuba,
4 Komano ya bone ya utlwala le kwano;
5 Ba re, lefatshe leno ope ga a na le sema
6 Banna ba Yuropa botlhe ba a le lema.

7 Majeremane ba tswa modutla wa kgetse,


8 Ba itshema maruarua ba kometsa batho,
9 Le Mapolare ba ba meletsa metse
10 Le kwa Austria le gone ba phura batho,
11 Merafe ya etsa diphologolo sekgweng
12 Di utlwile lerumo la batsomi nageng.

13 Bana ba thebe e setsibasehibidu,


14 Sesweu, setala, se motshe wa godimo,
15 Ba ara, bana ba motlhaba o o morodu,
16 Ba duma, ba etsa tladi ya legodimo:
17 Lentswe la bona la utlwala kwa Amerika,
18 Le rona ra le utlwa re le mono Aferika.

13.1 Ntwa e mmoki a buang ka ga yona e tsere dingwaga di le kae? (2)

13.2 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo moleng wa 2? (2)

13.3 Tlhalosa bokao jwa mola wa 3. (2)

13.4 Ke ka lebaka la eng mmoki a tshwantsha Majeremane le maruarua? (2)

13.5 Naya leina la sekapuo se se tlhagelelang mo meleng 17 le 18. (2)

13.6 Ntwa e ne e le magareng ga merafe efe? (2)

13.7 Kwala morumo wa temana ya bobedi. (2)

13.8 A wena o bona ntwa e siame magareng ga merafe? Tshegetsa ka lebaka. (2)

13.9 Leboko le, ke la mofuta ofe? Tshegetsa ka lebaka. (1½)


[17½]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2012
NSC

POTSO 14

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Bosiela – LD Raditladi

1 Bosiela ga bo phimoge sekalobadi,


2 Ga bo na motho a bo tlhapa ka mosidi,
3 A bo phimola a bo tlhapela bodibeng,
4 Go tswa maswe, jone bo salele nameng.

5 Ke ledimo le jang batho le motlhape,


6 Moselesele o sadisang le makape,
7 Go sale bolota go sale botlhoko
8 Go sale sebodu se tlhokang dipheko

9 Bosiela ke pula ya kgogolamoko,


10 Ke mosetlho o sa rwalelwang le ditlhako
11 Bo go kolobetsa bo sa go rapele,
12 Bo go tlhabe dinao, ditlhako o di rwele.

14.1 Tlhalosa bokao jwa mola wa ntlha. (2)

14.2 Nopola sekao sa tshwantshiso mo temaneng ya 2. (1)

14.3 Maikutlo a mmoki ke afe ka bosiela? (1)

14.4 Mmuso wa Aforika Borwa o tshwanetse go dira eng ka masiela? (1)

14.5 Naya morumo wa temana ya bobedi. (1)

14.6 Goreng mmoki a tshwantsha bosiela le 'ledimo'. (2)

14.7 Mmoki o kaya eng ka mafoko 'bosiela bo go tlhaba dinao o rwele ditlhako'. (2)

14.8 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng 7 le 8. (2)

14.9 Nopola sekao sa ponagalo e o e neetseng mo go POTSO 14.8 (2)

14.10 Naya thuto e e tswang mo lebokong le. (2)

14.11 Motho mongwe le mongwe e ka nna lesiela. A se ke ntlha kgotsa kakanyo.


Tshegetsa ka lebaka. (1½)
[17½]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35
PALOGOTLHE: 70

Kwalololo e ileditswe

You might also like