NORTH WEST PROVINCIAL
ASSESSMENT
MOPHATO 10
SETSWANA PUO YA GAE (HL)
PAMPIRI YA NTLHA (P1)
NGWANAITSEELE 2019
MADUO: 70
NAKO: Diura di le 2
Pampiri e na le ditsebe di le 9
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 2 NW/Ngwanaitseele 2019
NSC-Mophato 10
DITAELO LE TSHEDIMOSETSO
1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO.
KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30)
KAROLO YA B: Tshobokanyo (10)
KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30)
2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko.
3. Araba dipotso TSOTLHE.
4. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.
5. Thala mola morago ga karolo NNGWE le NNGWE.
6. Nomora karolo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe.
7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE.
8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
9. Kabo ya nako e e tshikinngwang:
KAROLO YA A: 50 metsotso
KAROLO YA B: 30 metsotso
KAROLO YA C: 40 metsotso
10. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 3 NW/Ngwanaitseele 2019
NSC-Mophato 10
KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO
POTSO 1
1.1 SETLHANGWA A (TEMANA)
Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
1 Go ne go dubakane, go le makgapilakgapila, motsetse a ja ka letsogo, go
bona monna a rothisa dikeledi ka ntlha ya kutlobotlhoko e e lerwang ke go
gakologelwa bosetlhogo jwa polao ya lekau Matlhomola Moshoeu. Kana go
tlwaelegile gore monna ke nku, o lelela teng. Matlhomola Moshoeu yo o neng
a latofatswa ka go utswa sonobolomo ke banna ba babedi ba mmala. 5
Kgotlatshekelo ya Bokone Bophirima kwa Mahikeng e ne e tsweletsa kgetse
ya kwa Coligny.
2 Mopaki yo o boneng tsotlhe, o ne a neelana ka bosupi jo bo tletseng ka polao
e e setlhogo e e diragetseng ngogola ka kgwedi ya Moranang letsatsi la
bosomepedi. Badiri mo polaseng ya Rietvlei ya kwa Coligny Peter 10
Doorewaard le Phillip Schutte ke bona balatofatswa. Ba ne ba tlhagelela kwa
kgotlhatshekelong mabapi le go bolaya Moshoeu.
3 Moatlhodi o ne a emisa kgotla lobakana gore mopaki a ritibatse maikutlo a a
neng a senyegile. Rre Pakisi fa a neelana ka bosupi jwa gagwe o rile ‘Ke ne
ke le mo tseleng go etela lepodisi rre Molete mo lefelong le le sa tlhomamang 15
la baagi ba Scotland, fa ke utlwa modumo wa ditlhobolo.’ O tsweletse ka gore
o ne a bona rre Doorewaard a taboga ka lobelo lwa pitsi go ya kwa beneng, a
tshotse tlhobolo mo go ena. Go ne go na le mosimane le molatofatswa wa
bobedi le monna yo o neng a sa bitswa kwa kgotlatshekelong. Rre Pakisi a
re o ne a supiwa ka sethunya, a botswa gore ke eng se a se boneng. A bua fa 20
a sa bona sepe.
4 Ka dikgoka a gapeletswa go palama bene kwa morago, go fitlhela Moshoeu a
kaname ka dimpa, a tswa madi ka dinko le ditsebe.
Ba ne ba mo isa kwa lefelong le a neng a sa le itse. Ba mo nosa nnotagi ka
pateletso a supilwe ka sethunya, morago ba mo tsenya mo letamong mme
metsi a ne a mo tlela mo mangoleng. O ne a ikopela gore ba se mmolaye 25
kgotsa go mo ntsha kotsi.
5 Ba mo palamisa bene gape, o ne a tlhatsa ka a ne a ijetse go fetisa. Fa a ba
bolelela gore o a tlhatsa, ba re a je matlhatsa a gagwe. Ba dira gore a
phepafatse madi a ga Moshoeu mo beneng ka jeresi ya gagwe, a bo a
netefatse fa a setse a samile le badimo. O ne a otlwa ka sengwe mo 30
molaleng mme a idibala. Fa a thanya a tlhamalela kwa gae, morago a leba
kwa mapodising go ba begela. Mosadi wa lepodisa o ne a se batle go bula
kgetse ka a ne a re rre Pakisi o nole.
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 4 NW/Ngwanaitseele 2019
NSC-Mophato 10
6 Ka Lamatlhatso balatofadiwa ba ne ba latelela rre Pakisi kwa ga gagwe ba
tshotse sethunya mme ba mmotsa gore o boleletse bomang. Ba re ba kopane 35
nae kwa morago ga polokelo ya FNB ka Latshipi. A re ‘Ka ke ne ke tshogile,
ke ne ka boela kwa mapodising’. O ne a romelwa kwa go rre Sepokane yo o
netefaditseng fa ba ile kwa lefelong leo Moshoeu a bolaetsweng kwa go lona
mme ba fitlhela madi a gagwe. Kgotlatshekelo e sa tswelela.
[Go tswa go: Semphete 6] 40
1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,B, C kgotsa D.
Tiragalo ya polao ya ga Moshoeu e diragalela kwa kae:
A Motseng
B Sekolong (1)
C Mmileng
D Polaseng
1.1.2 A ‘FNB’ ke akeronomi kgotsa khutshwafatso? (1)
1.1.3 Kwala ka botlalo gore FNB e emetse eng? (2)
1.1.4 Tlhalosa gore go ‘sama le badimo’ ke go dirang? (2)
1.1.5 Ke eng se mosupi a neng a se dira se sa tlwaelega? (2)
1.1.6 Tlhalosa maikarabelo a ga rre Pakisi jaaka karolo ya setšhaba? (2)
1.1.7 Go ya ka wena a go siame go bolaya motho yo o go senyeditseng?
Tshegetsa ka lebaka. (2)
1.1.8 Fa o bona a balatofatswa ba na le mabaka a a neng a ba tlhotlheletsa go
bolaya? Tshegetsa ka lebaka. (2)
1.1.9 Tlhagisa dintlha di le PEDI tse di kaiwang jaaka tlolomolao tse di dirilweng ke
balatofatswa. (2)
1.1.10 Go ya ka wena, ke eng se se ka diriwang go fedisa tlolomolao?
Tshegetsa ka lebaka. (2)
1.1.11 A ke ntlha kgotsa ke kakanyo gore bomme ke bona fela ba ba tshwanetseng go
lela? Tshegetsa ka lebaka. (2)
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 5 NW/Ngwanaitseele 2019
NSC-Mophato 10
1.2 SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO)
Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso.
[Go tswa go Inthanete]
1.2.1 Ditlhangwa tsa A le B di farologana jang? (2)
1.2.2 A setshwantsho se sekametse mo letlhakoreng le le lengwe? (2)
1.2.3 Neela mefuta e MEBEDI ya metshameko e go mo go yona go ka dirisiwang se
basimane ba se tshotseng? (2)
1.2.4 Ke ditlamorago dife tse di itumedisang tse di tliswang ke metshameko e o e
umakileng? Tshegetsa ka ntlha fela. (2)
1.2.5 Bašwa ba na le mekgwa e ba ka efogang go tsena mo kotsing ka yona. Tshegetsa
tlhagiso e e fa godimo ka ntlha. (2)
PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30
KAROLO YA B: TSHOBOKANYO
POTSO 2
Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha tse di ka dirang gore o tlhaloganye
bonolo ka tsa pholo.
ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:
1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana,
ka go tlhagisa dintlha di le SUPA tse e leng ditlamorago tsa go ja sentle.
2. Kwala ka temana.
3. Boleele bo se fete mafoko a a 90.
4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo.
5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 6 NW/Ngwanaitseele 2019
NSC-Mophato 10
SETLHANGWA C
Dijo tse di fetotsweng mo maemong a tsona a tlhago le tseo di phuthetsweng ga di ka ke tsa go
neela matla motshegare otlhe. Dijo tsa mofuta o, di ka oketsa bokete jwa mmele wa gago, tsa
kopakopanya maikutlo mme tsa fokotsa le maemo a maatla.
Fa o nwa dinotsididi le go ja dijo tse di dirilweng ka borotho, o ungwa sukiri mmogo le
dikhabohaetereiti fela, ga go dikotla. Ditlamorago tsa go ja dijo tsa mofuta o, ke bolwetse jwa
pelo, bokete jwa mmele, bolwetse jwa sukiri. Dingwe gape ke go lapa go go feteletseng le go
tlalelana mowa ka mo maleng. Dithotse jaaka dinawa, merogo e metala le maungo di tletse ka
dikotla e bile ga di ise maemo a sukiri kwa godimo.
Fa o ja dijo tse di siametseng mmele wa gago, ga o kitla o oketsa bokete jwa mmele. Letlalo le
lona le a phatshima mme moriri o a kitlana. Motho yo o jang sentle ka nako e e maleba ga a
sotlege ka ntlha ya go tlhoka boroko bosigo. Mmele o a tia e bile go nna bonolo go ikatisa.
Tshilo ya dijo e nna botoka. Kgatelelo ya madi e nna kwa tlase ka jalo tlhaloganyo e direla ka
bonako. Fa o ja sentle malwetse a tshamekela kgakala le mmele wa gago. Lemoga dijo tse di
sa siamelang mmele di dira gore o ikutlwe o kgotse nako e telele.
Mokgwa o dijo di silegang ka ona, le maatla a re a bonang go tswa mo go tsona, go laolwa ke
go nna matlhagatlhaga ga rona. Go molemo go ja apole e le nngwe, go na le go itebaganya le
dimonamone kgotsa dinotsididi. Re lebogela tlhagiso ya ga moporofesara Rob Dunn gore re
tlhaloganye se re se ungwang mo dijong. Fa dijo di apewa, molelo o senya dikotla di le dintsi, e
bile di oketsa bokete jwa mmele, ka jalo go botoka go ja dijo di le mo tlhagong ya tsona. Dikotla
di le dintsi di senngwa ke go tsidifatsa dijo. Go ja dijo tse dintsi ga go a siama ka di tsaya nako
go silega mme di oketsa mafura mo mmeleng.
[Go tswa go: Women’s Health]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 7 NW/Ngwanaitseele 2019
NSC-Mophato 10
KAROLO YA C: TIRISO YA PUO
POTSO 3
Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.
SETLHANGWA D
BONA BOTSHELO JO O BO BATLANG
Basimane ba boile, ba mo toropong!
O TLA NNA MATSATSI A A MONATE A LE
MABEDI LE BAITSEANAPE BA PHETOGO.
O TLA ITHUTA:
Ditogamaano tsa tswelelopele
Go itshepa ga bonako 2
SESOLO! 4
O ka kgona go itse maikutlo a gago. YO O TLANG PELE O TLA BONA
SENGWE GAPE!
O batla eng mo botshelong? 5
O ka dira jang gore o ikutlwe
o siame?
3 LETLHA: 1 LE 2 iphalane.London.
LETSA MOGALA JAANONG! 6
+44(0)845 260 7930
[Go tswa go:Inthanete]
3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D.
Papatso e e bapatsa eng?
A Basimane
B Baitseanape
C Botshelo
D Sesolo (1)
3.2 Mosola wa poeletso ya lefoko ke ofe? (2)
3.3. Letshwao la tsiboso, mo papatsong e le na le bokao bofe? (2)
3.4 Ke puo efe e e ka go tlhotlheletsang mo papatsong e? . (2)
3.5 O ka fitlhelela sebapatswa jang? (2)
3.6 Nopola popi ya pakatlang e e tlhagelelang mo papatsong? (1)
[10]
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 8 NW/Ngwanaitseele 2019
NSC-Mophato 10
POTSO 4
Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.
SETLHANGWA E
Ke lebogela maiteko a gago go tlhalosa fela o ka se golanganye phaposi e e
kopakopaneng le diteko tsa sekolo!
[Go tswa go: Inthanete]
4.1 Ke mang yo o bontshang puo ya maatla mo khathunung? (1)
4.2 Puo ya matlho ya modiragatsi wa 1 e kaya eng? (2)
4.3 Ke maipato afe a a tliswang ke modiragatsi wa bo 2? (2)
4.4 Maikutlo a modiragatsi wa 1 ke afe? Setlega karabo ka lebaka (2)
4.5 Malepa a go dirisa phaposi e e kopakopaneng e senola semelo sefe
sa mosimane? (2)
4.6 Nopola sekapolelo seo se nang le thui mo go sona? (1)
[10]
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Pua ya Gae(HL)/P1 9 NW/Ngwanaitseele 2019
POTSO 5
Buisa temana e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.
SETLHANGWA F
1 Kgori o ne a latsa Matsetseleko ka le le reng, moso o o latelang, o tlaa mo isa
kwa kgotleng gore a ye go tlhalosetsa kgosi gore ke eng a sa batle go nna
mogotsamolelo wa kgotla, e tswa tiro eo a e tsaletswe. Matsetseleko o ne a
tlhabisitse Kgori ditlhong thata ka go gana go tsweletsa tiro ya gagwe pele. Se
se neng se dira gore Kgori a šakgale thata ke gore o ne a setse a ntshitse ka 5
tlhaa fa pele ga kgosi gore Matsetseleko o tlaa tsweletsa fa ena a feletseng
gona.
2 Matsetseleko o ne a gana tsona tseo, mosimane yo moleele wa ditlhaa o ka re
motho a jele botlha. Ka matsogo a a matepenyana le matlho a tshwana le a
mosetsana yo montle a sa tswa go iphimola dikeledi. A betsega a ya a lebile 10
boemelo jwa dipalangwa tsa botlhe. A tsamaya a tshematshema ka maoto a
maleele, a masesane, a e reng a gata lefatshe go utlwale mokgwasa wa go
tsamaya ga podi. Nako e ne e le ka mahube fa Matsetseleko a ne a tswa jaana.
3 O ne a fitlha a ema sebakanyana fa maemelong a dipalangwa tsa botlhe, a ntse
a lebaleba matlhakore otlhe e kete legodu le rwele morwalo. Maikaelelo a 15
gagwe e ne e le go tshwara sepalangwa sa badiri ba kwa madirelong a botoro
kwa Tswaing. E ne ya re a sa ntse a ile le dikakanyo jalo, ga bonala dipone tsa
sejanaga se tlhaga se besitswe go tswa kwa pele. Sejanaga se, se ne sa tla se
lebile fa Matsetseleko a neng a eme gone.
[Go tswa go: Ntlhomole mmutlwa]
5.1 Nopola leinatswako mo nopolong e e fa godimo. (Mola 3) (1)
5.2 Neela lekaelagongwe la lefoko “mokgwasa”. (Mola 12) (1)
5.3 Nopola polelo e e nang le lesupi la maemo a bobedi mme o le dirise mo polelong.
(Mola 8) (2)
5.4 Otlhe ke karolopuo efe. (Mola 15) (1)
5.5 Fetolela polelo e e latelang mo kganetsong.
A tsamaya a tshematshema ka maoto a maleele. (2)
5.6 Dirisa lediri ‘fitlha’ mo polelong jaaka lediritota. (2)
5.7 Nopola leitiri go tswa mo temaneng. (Mola 10) (1)
[10]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30
PALOGOTLHE: 70
Kwalololo e iledtswe