PUISANO
TLHALOSO
Puisano ke bontlha jwa pampiri ya ntlha. Ke mofuta mongwe wa polelo ka jaana batho ba
buisana,ba abelana mogopolo kgotsa ba bolelela ka sengwe.Puisano ke fa dibui tse pedi
kgotsa go feta di tshwere kgang ka sengwe.E ka tswa e le sengwe se se monate ,se se
botlhoko, se se diragetseng kana se se tlaa diragalang.
POPEGO YA PUISANO
1) Setlhogo (Introduction)
E tshwanetse go nna le setlhogo se se supang tse di latelang:
Babui ba ba abelanang megopolo, Lefelo, Nako, Kgang/thito-kgang/kgangkgolo(se
go buisanngwang ka sone) le Matlhakore a babui ( WHO, WHERE, WHEN, WHAT &
STAND)
Setlhogo se se tsewa mo kaeding/potso e motho a e filweng.
Sekai:
Go mo mosong wa Labotlhano kgwedi ya Ferikgong e rogwa kwa lelwapeng la ga
moruti Mmolaaditso, fa a tsere kgang le morwae Phodiso ka gore tlhakanelo dikobo
pele ga lenyalo ga e a siama .Phodiso a re ene o bona go le botlhokwa thata gore
batho ba itsane pele ga ba nyalana fa moruti ene a sa beye sebete kgang eo.
2) Pulo Ya Puisano(Opening)
A go rolwe kgang jaaka fa kaedi e bolela go supiwa boremelelo jwa puisano . Go
tshwanetse go bolelwe se e leng motswedi wa kgang e e buisanwang eo, ke gore e le
se se gwetlhang gore puisano eo e bo e nna teng . Yo o rolang kgang e ka tswa e le yo
dumalanang kgotsa a ganetsana le setlhogo, a supe kwa a e tsayang teng mme a bo a
wela ka go tsaya/bolela letlhakore la gagwe .
SEKAI SA PULO YA PUISANO :
Moruti:
Phodiso ngwanaka, ke tswa phuthegong ya bagolwane ba kereke mme re tsere
tshwetso ya gore ga re tle go amogela manyalo a a tlhaetsweng mo tlhakanelong
dikobo pele ga lenyalo. Ke itumetse tshwetso e fela thata.
3) TLHAOLO YA DINTLHA ( Selection of Ideas)
Tsholofelo ke gore dintlha di rolwe ka go refosana /go amogana.Dibui di tshwanetse
go ngangisana ka botlalo ka tekatekano ba abelana kgang.
SEKAI SA TLHAOLO YA DINTLHA
PHODISO :
Ntate, nna ga ke bone fa le tsere tshwetso e e siameng fa le re ga le tle go
amogela batho ba ka nyalana ba tlhakanetse dikobo pele . Se ke bona e le go
tsenelela mo matshelong a batho mo go feteletseng le gone go tsuolola
ditshwanelo tsa ba bangwe. Gape se se supa fa le atlhola kana le bona ba bangwe
melato mme baebela e re o seka wa dira jalo.
MORUTI MMOLAADITSO:
Ngwanaka, ga se gore re iphaga dikoro mo matshelong a batho . Kereke e na le
boikarabelo jwa go bona gore e ruta maloko a yone tsamaiso ya Modimo.Re tlaa
diragatsa tshwetso e go itsa boleo le boatla jo bana ba rona ba dirang gompieno.
4) KALO YA DINTLHA KANA MEGOPOLO KA BOTLALO (Presentation of ideas)
Dibui di tshwanetse gore di atolose mabaka tsone jaaka di tla bo di abelana mabaka
go ya ka matlhakore. A dibui tsotlhe di ntshe mabaka a a utlwalang mme e bile a
naalana/ welelana go dira gore go nne le kelelelo mo puisanong ya bone.
5) NGANGISANO (Line of argument)
Go solofelwa gore dibui di tsepame ba sa reketle kgotsa go etsaetsega. A mmui
mongwe le mongwe a emele letlhakore la gagwe se sa tsietsege kana a sa sokame le
fa e le go obega ka gope. Mo godimo ga moo, ope wa dibui a se ka a bua mafoko a a
sa mo lebaganang. Ga go ope wa dibui yo o tshwanetseng go tlhaelelwa ka mabaka
ka gope. A mongwe le mongwe a tsibogele mafoko a yo mongwe go aga karabisano
go tsweledisa puisano.
SEKAI:
MORUTI:
Ke a utlwa ngwanaka le fa ke sa dumalane le wena o re re atlhola batho e bile re a
ba latlha. Ke eletsa o ka itse gore mme lefoko la Modimo le re rotloetsa go
itshwara le go ikgapha pele ga nyalo e sere kamoso ra iphitlhela re rotloeditse
gore batho ba leofele mebele ya bona, balekane le bone ka sebele.
6) PUO (Language)
Puo e tshwanetse go nna e e lebanyeng se go buiwang ka ga sone ga mmogo le tsone
dibui tota. Maikutlo a tshwanetse go elelelwa gore ope a se ka a kgojwa ka
mafoko.Ga go a tshwanela gore go omanwe ,a go buisanwe fela sentle go sa
kgopisanwe e bile ope a se ka a tsena ope mo ganong. A dibui di tlotlane.Dintlha a di
tlhape sentle ka puo e e lolameng le fa e ka bo e le e e loileng go le kae. Ka
bokhutshwane, a ba se rogane kgotsa go goelelana.
SEKAI SA PUO E E SA SIAMA NG MO PUISANONG KE SE:
PHODISO:
Mathata a lona baruti ka gore le batla re tshela jaaka lona e tswa rona re batla go
lekeletsa go bona gore a mosetsana yo e ka nna mosadi tota. O tlaa kgona go
nyala moopa, nnyaa ntate, nnyaa.
MORUTI :
Le tletse bosula thata batho ke lona le a go atlholwa ke Modimo botlhoko ka boaka
jo jwa lona bana ba ga satane. Baheitane! Le ya go ša ke molete
7) DIKAI/ BOSUPI JWA THURIFATSO YA MABAKA ( Proof and justification)
Fa puisano e tsweletse , babui ba ntsha megopolo ya tsone ka go farologana go ya ka
matlhakore a bone ;go maleba gore botlhe ka bobedi ba supe fa ba na le kitso ya se
ba buang ka sone ka go netefatsa matlhakore a bone ka bosupi jo bo lebaneng fa go
tlhokegang teng.E ka nna ya nna go ya ka dikai tse ba di itseng tse di tshelang, bosupi
jo bo utlwaeletsweng kana go ntsha thurifatso eo ba ikaegile ka dipatlisiso dingwe .
SEKAI:
MORUTI:
Go riana manyalo a a thubegang g go ya ka molaodi a a thujwa ke kgang ya gore
batho ba sulafalelwa ke balekane ba bone ka jaana ba tsweledisa botsalano jole
jwa pele fa ba ka nyalana. Se ga se a siama ka jaana se tsetse mowa wa
tshwantshanyo go na le fa motho a ka bo a ntse fela le wa gagwe a sa itse ope
kwa tshimologong.
8) BOKHUTLO ( Closure)
Puisano e wediwe sentle ka go tswalwa e sa tlogelwe mo phefong. Sebui se le
sengwe se ka konetelela kgang fa se sengwe se a amogela mafoko.Le fa go ntse jalo,
go a kgonega gore dibui tsotlhe di ka tsaya karolo mo go wetsang puisano. Se se
raya gore bokhutlo bo ka simologa fa godingwana bo bo bo atoloswa go se kaenyana
fela go fitlhelela kwa bofelong. Itse fa go kgonega gore babui ba ka wetsa ba sa
dumalana fa mo makgetlhong a mangwe yo mongwe o ka felela a obega a dumelana
le sa yo mongwe.
SEKAI:
PHODISO:
Moruti tsatsijeno fa Keresete a ka intseela ka ke sokologile thata.Ke boetse
morago mafoko a gore go tlhakanela dikobo pele ga nyalo go siame. O mputse
Malwetse a le kalo le go inyenyafatsa go le foo. Nnyaa! Nna e bile ke simolola go
ikgapha go fitlhelela ke tsena mo lenyalong. Ke tlaa rera boikgapho jaanong. Ke
leboga go menagane motlhanka wa Modimo. A re tswelele re rotloetsa banana
gore ba se tlhakanelo dikobo pele ga nyalo.Se se boloka malwapa a ka moso.
Tshoboko ya tse di lebelelwang fa go tshwaiwa Puisano:
INTRODUCTION
OPENING
SELECTION OF IDEAS
PRESENTATION OF IDEAS
LANGUAGE
LINE OF ARGUMENT
PROOF & JUSTIFICATION
CLOSURE
Compiled by Ngavulane FT