Cambridge IGCSE™
FIRST LANGUAGE SETSWANA 0698/02
Paper 2 Literature For examination from 2025
SPECIMEN PAPER 2 hours
You must answer on the enclosed answer booklet.
*0123456789*
You will need: Answer booklet (enclosed)
INSTRUCTIONS
● Answer all questions in Setswana.
● Follow the instructions on the front cover of the answer booklet. If you need additional answer paper,
ask the invigilator for a continuation booklet.
● Dictionaries are not allowed.
INFORMATION
● The total mark for this paper is 50.
● The number of marks for each question or part question is shown in brackets [ ].
DITAELO
● Araba dipotso tsotlhe ka Setswana.
● Latela ditaelo tse di mo khabareng ya bukana ya go arabela. Fa o batla pampiri e nngwe gape ya go
arabela, kopa molebeledi go go neela bukana ya go tsweletsa.
● Dithanodi ga di a letlelelwa.
TSHEDIMOSETSO
● Maduo otlhe a pampiri e ke 50.
● Palo ya maduo ya potso nngwe le nngwe kgotsa karolo ya potso e kailwe mo masakaneng [ ].
This document has 4 pages. Any blank pages are indicated.
© Cambridge University Press & Assessment 2022 [Turn over
2
Karolo A: Padi
Basida, Iwa reng? – T G Motsaathebe
1 Bapisa o bo o tshwanolole diabe tsa Modiri le Kedibone mo pading e.
O tshwanetse go kwala mafoko a a mo magareng ga 350–450.[20]
Karolo B: Terama
Pelo e ja serati – J M Ntsime
2 ‘Setso le ngwao ya Batswana ke motswedi wa kgotlhang mo terameng e’.
A o dumalana kgotsa o ganetsana le mogopolo o? O tshwanetse go kwala mafoko a a mo
magareng ga 350–450. [20]
© Cambridge University Press & Assessment 2022 0698/02/SP/25
3
Karolo C: Poko
3 Leboko le le fa tlase.
Sekaseka leboko mme o tlhalose morero mogolo le molaetsa wa lona. O tshwanetse go kwala
mafoko a a mo magareng ga 300–350. [10]
Aferika – L D Raditladi
Lefatshe leno le lentle jang!
Le makhubu ee, le dipala.
Le ditlharetlhare le majang
Dikgama, dikgokong, diphala
Phologolo tsotlhe tsa naga,
Kgatwane, Kgwathe le dinoga
Digagabi di ilang mariga,
Di aila fela mono Aferika
Lefatshe le ke mosetsana,
Moratwa wa thaka tse dikgolo,
Ntswa fela a le mmala motshwana,
Mmala o o bosulabogolo.
Selefera ke meno a gagwe;
Gouta ke marinini a gagwe;
Taemane ke dinala tsa gagwe;
Tsotlhe tse di mono Aferika.
Lefatshe leno la meriti;
La dithunya di methalethale;
La dinoka di emang sesiti,
Di ikgarakgarang jaaka tlhale
Ke lefatshe la matlhomola,
Ruri fa go le letlhafula,
Fa dinku le dipodi di fula,
Diruiwa tsa mono Aferika.
Aferika, fatshe la letsatsi
Le phatsimang ngwaga fela otlhe;
Aferika lefatshe la metsi
A masetlha nokeng tsotlhe,
Lefatshe leno ke la temo,
Lefatshe leno ke la kgomo,
Lefatshe leno ke la khumo;
Tse di bonwa mono Aferika.
Lefatshe leno le lentle jang!
Le makhubu, ee, le dipala,
Le ditlharetlhare le majang;
Dikgomo, dikgokong, diphala,
Phologolo tsotlhe tsa naga,
Kgatwane, kgwathe, le dinoga,
Digagabi di ilang mariga,
Di aila fela mono Aferika.
© Cambridge University Press & Assessment 2022 0698/02/SP/25
4
BLANK PAGE
Permission to reproduce items where third-party owned material protected by copyright is included has been sought and cleared where possible. Every
reasonable effort has been made by the publisher (Cambridge University Press & Assessment) to trace copyright holders, but if any items requiring clearance
have unwittingly been included, the publisher will be pleased to make amends at the earliest possible opportunity.
Cambridge Assessment International Education is part of Cambridge University Press & Assessment. Cambridge University Press & Assessment is a department
of the University of Cambridge.
© Cambridge University Press & Assessment 2022 0698/02/SP/25