BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
SETSWANA 2
TERM 1 2020
1
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Piletso
1.
2.
3.
Tlhopha tlhaka ya karabo e e siameng
4. Ngwana fa a fiwa ke mogolo o a ____________
A. phamola
B. amogela
C. ngala
5. Fa re dumedisa nkuku ra re _____________
A. Eitah
B. Dumela rra
C. Dumela mma
6. _______________ lo dirisiwa go feela.
A, letlhaku
B. lofetlho
C. lofeelo
Tsenya tlhakakgolo fa go tshwanetseng
7. Morutabana wa me ke mme goitseone.
8. firikgong ke kgwedi ya ntlha ya ngwaga
2
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Tsenya matshwao a mokwalo fa go tshwanetseng
. , ? !
9. Ke mang yo o jeleng dijo tsa me _____
10. Maitseboa ke tlhatlhela dipodi ______
11. Ijoo ____ ke lomilwe ke noga.
Bala polelo e e latelang morago o arabe dipotso
Boshale ke mosrtsana wa kwa Maun. O tsena sekolo kwa Sekgoma.
O bala lokwalo lwa bone. Boshale o rata go tshameka koi le diketo.
Mosetsana yo o rata sekolo thata. Boshale ke mosetsana yo o
ratang mabelo, ebile o kile a fiwa seetsele kwa Gaborone.
12. Boshale ke mosetsana wa kae?
A. Letlhakane
B. Orapa
C. Maun
13. O rata go tshameka koi le _________
A. nxai
B. diketo
C. morabaraba
Dirisa mafoko a a latelang go aga diele
14. maabane ___________________________________________
15. malome ____________________________________________
16. tona ________________________________________________
3
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Lebaganya lefoko la Setswana le la Sekgoa
17. emere A. teacher
18. morutabana B. donkey
19. tonki C. car
D. bucket
Kwala EE fa e le nnete kgotsa NNYAA fa e se nnete
20. Re apaya ka emere. Ee/ Nnyaa
21. Tlou ke phologolo e tona. Ee/ Nnyaa
22. Re ya sekolong bosigo. Ee/ Nnyaa
Dirisa mafoko a a latelang go feleletsa diele
Morakeng, nkgonne, lesaka, moropa
23. _____________ ke ngwana wag a mme.
24. Malome o ile ____________________
25. Dipodi di fa morago ga ___________________
4
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Dikarabo Std 2 Term 1 2020
1. Tswala (435)
2. Mogobe (435)
3. Kgamelo (435)
4. B (511)
5. C (511)
6. C (433)
7. Goitseone (441)
8. Firikgong (441)
9. ? (442)
10. . (442)
11. ! (442)
12. C (267)
13. B (267)
14. Sentence construction (437)
15. Sentence construction (437)
16. Sentence construction (437)
17. D (491)
18. A (491)
19. B (491)
20. Nnyaa (433)
21. Ee (243)
22. Nnyaa (326)
5
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
23. Nkgonne (434)
24. Morakeng (434)
25. Lesaka (434)
BOTETI EAST CLUSTER
END OF TERM 1 2020
STANDARD 3
6
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
PILETSO
1.______________________
2.______________________
3.______________________
BALA POLELO E E FA TLASE MME MORAGO O BO O ARABA
DIPOTSO 4-8.
BANNA BA TLHOKAFETSE
Go bolelwa fa banna ba le babedi ba thudilwe ke terena ka Labone bosigo fa
masimong a Mogolodi. Banna ba ba dule mo lwapeng le ba neng ba êtisitsê têng le
ba bangwe ba re ba ya go iphokisa phefo.
7
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Nako e ne e le ya botlhano fa ba êmêlêla. Banna ba ba ne ba re ba lapisitswe ke go
nna gôlô go le gongwefela ka jalo ba ithapolola maoto. Erile batho ba bôna banna
ba ba sa bônale letsatsi le le latêlang, ba ba lata ka motlhala ba batla. Morago ga
dioura tse tharo ba ba fitlhela ba tlhôkafetse fa tlhoko ga sepôrô, ba na le dinthô tsê
di masisi mo mmeleng go supa fa ba thudilwê ke terena.
Ba sepodisi le bônê ba ne ba itsisiwe.
MOTSWEDI: MASAASELE
4. Go diragetse eng mo pegong e?
A. Monna o thudilwe ke terena.
B. Banna ba thudilwe ke terena.
C. Banna ba timetse.
5. Tiragalo e e diragetse leng?
A. Motshegare
B. maitseboa
C. Bosigo
6. Ke seele se fe se se boammaruri go ya ka tiragalo tsa pego?
A. Banna ba ba ne ba itshietse mme ba robala mo sepôrông.
B. Banna ba ba ne ba fitlhêlwa mo sêpôrông ba tlhôkafêtse.
C. Banna ba ba ne ba emelele ba re ba iphokisa phefo.
8
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
7. Banna ba ne ba na le ______________ mo mmeleng go supa fa ba thudilwê le
terena.
A. Dingalô
B. Dipadi
C. Dinthô
8. Banna ba ba ne ba ya kae fa ba tlaa thulwa ke terena?
A. Ba ne ba ya go tsoma.
B. Ba ne ba re ba itlhapolola maoto.
C. Ba ne ba berekela fa tlhoko ga sepôrô.
DIRISA MATSHWAO A MOKWALO A A MO LEBOKOSONG GO
FELELETSA DIELE TSA GO TSWA KA POTSO 9 GO YA KWA GO 11.
. , ! ?
9. O ya go dira eng koo__
10. Nnakê o rekilê borôthô jô bo tsentsweng tamati__nama le morogo.
11. Heela__ o a bidiwa.
DIRISA MAFOKO A A MO LEBOKOSONG GO AGA DIELE TSA 12-14.
9
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Setlhare tsamaya tlhotlhorêga
12.________________________________________________________________
___________________________________________________
13.________________________________________________________________
___________________________________________________
14.________________________________________________________________
___________________________________________________
Feleletsa temana e e latelang ka mafoko a a mo lebokosong. Potso 15-17
( betsega, tshwara, mmutla, tshoga)
Basimane ba ne ba ile go tsoma 15. _________ kwa nageng. E rile mmutla o ba
bona wa 16. ________ ka lobelo. Basimane ba ne ba alola mmutla go fitlhelela ba
o 17.____________.
TLHOPHA LEFOKO LE LE KWADILWENG KA MOKWALO O O
LOLAMENG MO GO A A MO MASAKANENG MO DIPOTSONG 18-21.
18. Mmê o (haga/faga) motôgô.
19. (Tlatlana/tatana) ya ga mmê e logilwê ka bojang.
20. Banna ba aga (lesaka/losaka) la dikgomo.
21.Botswana ke (lehatshe/lefatshe) la kagisô.
10
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
RANOLELA DIELE TSE DI LATELANG KWA SEKGOENG. POTSO 22-
23
22. Mosimane o raga bolo.
____________________________________
23. Ntša ya me e bidiwa Spider.
____________________________________
RANOLELA DIELE TSE DI LATELANG KWA SETSWANENG. POTSO
24-25
24. Kereng is a clever girl.
__________________________________
25. My father is milking a cow.
__________________________________
KWALA EE FA SEELE E LE NNETE KGOTSA NNYAA FA E SE NNETE
MO DIELENG TSE DI LATELANG. POTSO 26-
26. Fa o tlhapisa mogolo diatla o tshwanetse go khubama._______
27. Fa mogolo a tsena mo lwapeng ga o mo sutele mo setilông.________
11
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
LEBAGANYA SETSHWANTSHO LE LEINA LA SONE KA GO KWALA
TLHAKA E E SIAMENG.
Setshwantshô Leina
28. A. Sethunya
B. Sekhukhu
29. C. Moropa
30.
12
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. Koloi
SETSWANA 3 MARKING TERM 1 2020
1. motshegare 29. D
2. sebokolodi 30. A
3. letlatlana
4. B
5. C
6. C
7. C
8. B
9?
10 ,
11 !
12. seele
13. seele
14. seele
15. mmutla
16. betsega
13
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
17. tshwara
18. faga
19. tlatlana
20. lesaka
21. lefatshe
22. The boy is kicking a ball
23. My dog is called Spider
24. Kereng ke mosetsana yo o botlhale
25. Ntate o gama kgomo
26. ee
27. nnyaa
28. C
MOSERESULEKHWE CLUSTER
14
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
END OF TERM 1 2020
STANDARD 4
SETSWANA
15
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
PILETSO
1. ____________
2. ____________
3. ____________
4. ____________
5. ____________
BALA TEMANA E E LATELANG O BO O ARABA DIPOTSO 5-10.
Go kile ga bo go na le mosimane le mosetsana ba le ditsala. Mosimane Tebogo o
ne a le moleele fa mosetsana Lebogang ene a ne a le mokhutshwane. Bana ba ba ne
ba sa utlwe, ba tshaba sekolo. Batsadi le tsala ya bone ba ne ba tlhola ba ba
omanyetsa go ngwega mo sekolong. Letsatsi lengwe Tebogo le Lebogang ba ne ba
emelela maphakela kwa lwapeng ba re ba ya sekolong. Tebogo a tsena mo
mosimeng wa Thakadu mme a tlhola moo, Lebogang ene a nna fa morago ga
lentswe le letona a dira ekete o a bala. Ya re kgantele buka ya wa ka a ne a otsela.
Go ne go na le podi gaufi le fa a robetseng teng. Erile podi e utlwa buka e wa ya
tsaya gore Lebogang o a e rumola. Ya katakata ka sa morago, ya tsholetsa maoto a
a kwa pele mme ya thula lebogang. Lebogang a wela kwa a re tenke! O setswe
gone foo ke bo Ditshebo le Gosego fa ba bowa kwa sekolong. Tebogo o ne a
fitlhelwa ke noga mo mosimeng wa thakadu a thulametse. O ne a tlhantshiwa ke go
utlwa botsididinyana mo leotong. A leba, a bona go phatsima, go nkga ga lesonya.
Fa a leba sentle a bona a bapile le noga. A tshoga mo a neng a sala a roroma. O ne
a tswa mo mosimeng ka bonya gore a seka ya tshosa noga e bo e tloga e mo loma.
Erile Tebogo a tswa mo mosimeng a betsega ka lobelo. A kua a re, “ Ijoo! Noga
mo mosimeng! Ijoo!”
DIPOTSO
16
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
6. Polelwana e e bua ka bo mang thata?
A. Podi le noga
B. Boitumelo le batsadi
C. Lebogang le Tebogo
7. Lebogang o ne a ipaya ekete o dira eng?
A. O a bala
B. O a kwala
C. O a robala
D. O a lwala
8. Tebogo o fitlhetswe ke noga mo go eng?
A. Mo mosimeng
B. Mo sekolong
C. Mo lebaleng
D. Mo legageng
9. Go ya ka polelo e, ke mang yo o mokhutshwane?
A. Tebogo
B. Lebogang
C. Boitumelo
D. Gosego
17
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
10. Lebogang o ne a thulwa ke_____________.
A. Phelefu
B. Kgomo
C. Podi
D.Koloi
DIRISA MATSHWAO A MOKWALO A A LATELANG MO DIELENG
TSE DI FILWENG FA TLASE GAO ARABA DIPOTSO 11-14.
11. Mme o roka mesese___mesamo le marokgwe.
12. Ntate o ile go disa dikgomo__
13. A o tla kgona go ya toropong kamoso___
14. Ijoo___ o sale a tsamaile.
KWALOLOLA DIELE TSE DI LATELANG O DIRISA MOKWALO O O
LOLAMENG GO EMELA MAFOKO A A KGWARETSWENG.
15. Bana ba tshwerwe ke tala thata.
16. Basimane ba tshameka ka lehoha la nonyane.
18
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
17. O tlabogetse kwa toropong, mo emele.
18. Re ne ra fakgamala re bona a idibetse.
RANOLELA DIELE TSE DI LATELANG KWA SEKGOWENG.
19. Malome o kgarametsa kiriba.
20. Kabo o tlhatswa koloi.
RANOLELA DIELE TSE DI LATELANG KWA SETSWANENG.
21. She is sleeping on her bed.
22. My son is sick.
19
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
FETOLELA DIELE TSE DI LATELANG MO DIPAKENG TSE DI
KWADILWENG FA TLASE.
Mothusi o kgweetsa koloi e ntle.
23. Paka jaanong
24. Paka e e tlang
25. Paka e e fetileng
AGA DIELE O DIRISA MAFOKO A A FA TLASE MO POTSO 26- 28.
Kgosi jwala tsone bonako
20
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
26. _______________________________________________________
27. _______________________________________________________
28. _______________________________________________________
TLATSA DIPHATLHA TSE DI TLOGETSWENG MO TEMANENG E E
FA TLASE KA MAFOKO A LE MABEDI GO TSWA MO GO A O A
FILWENG.
robêgêla iphitlha thata babalêlang
Mosêlêsêlê ke setlhare se se nang le mmitlwa ê melêêlê ê 29._________. Fa o go
tlhaba, botlhoko jwa ônê bo tsênêlêla kwa pelong. Kago o ne a le tlhogo e thata, a
se ka a rwala ditlhako. O ne a ya go kganela dipodi fa a tlaa tlhabiwa ke mmitlwa
wa mosêlêsêlê o bo o 30.________________ mo serethêng.
RULAGANYA DITIRAGALO TSE DI MO DIPOTSONG TSA 31- 34 GO
YA KA FA DI DIRAGALANG KA TENG.
(i) Pampiri e kapa molelô.
(ii) Ntlo e tuka yotlhe.
(iii) Kago o tshameka ka mokgwarô mo ntlong.
31.A. (iii) (i) (ii)
21
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
B. (ii) (i) (iii)
C. (i) (ii) (iii)
(i) Morutabana o abêla bana dipampiri tsa dipotsô.
(i) Morutabana o tshwaêla bana.
(ii) Bana ba araba dipotsô.
32. A. (i) (ii) (iii)
B. (iii) (i) (ii)
C. (i) (iii) (ii)
(i) Same le Sepoti ba ikhutsa ka fa tlase ga setlhare.
(ii) Sepoti o thuma gaufi le Same gore ba bue.
(iii) Diphôlôgôlô tse dingwê di a kgala fa di bôna Sami le Sepoti ba le
mmôgô.
33. A. (iii) (ii) (i)
B. (i) (iii) (ii)
C. (ii) (iii) (i)
(i) Mosadimogolo o kua mokgosi.
(ii) Tshepo o isiwa kokelong.
(iii) Bana ba tlola lefuti la metsi.
22
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
34. A.(i) (iii) (ii)
B. (iii) (ii) (i)
C. (iii) (i) (ii)
KWALOLOLA DIELE TSE DI LATELANG O DIRISA
DITLHAKAKGOLO FA GO TLHOKEGANG.
35. Ya go bitsa tshenolo fale.
36. Re ya lenyalong kgwedi ya lwetse e fela.
37. namibia ke lefatshe la baagisanyi.
KWALA BONTSI JWA MAFOKO A A LATELANG MO DIPOTSO 38-40.
38. Maši- ______________
39. Lefêêlô- _____________
40. Logong- ______________
23
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
SETSWANA STANDARD 5 TERM 1 2020
BALA POLELO E KA KELOTLHOKO MME MORAGO O ARABE DIPOTSO 1-8
Sekolo sa Dinokeng se ne se le fa gare ga toropo e bile e le sone fela se segolwane. Bana ba teng
bane ba dira dilo di gana go fela, e le yone naga e senang khudutlou, bo lebeto ba ipha naga.
Bane ba dumela fa letsatsi le tshwanetswe go aramelwa le sa tlhabile. Ka ba ne ba sa nne le
batsadi, Dineo ya nna mongwe wa Basetsana ba ba inaakantseng le monate wa toropo. Sebe sa
phiri ya nna gore ene o ne a sokametse kwa go ba marokgwe. A ba fapaanya ka go kgona le go
rata, a gabile one madi. Go rata madi ga ga Dineo ga mo lebatsa gore mamepe a botshe ga a
rafiwe jalo a mangwe a tswa ka dinotshe tse di lomang botlhoko fela thata. Thaka e tshesane fa e
bona letshoba, ga e boele morago. Go phirimelelwa lwapeng ya nna sereto sa ga Dineo, a tibile
mo tswineng.
Barutabana ka go bona Dineo, a ikisa tatlhegong, ba leka go mo oba ka gotwe lore lo ojwa lo
sale metsi, mme ba palelwa. Ka go bona Dineo a sa reetse, ba latlha seditse. Ga bidiwa batsadi
mme ga seka ga thusa sepe. Phelelong le bone ba mo lemotsha fa ngwana yo o sa utlweng molao
wa batsadi a utlwa wa manong. Dineo a tseisa mafoko a bone phefo a sa lemoga fa a ineelela.
24
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Ka gotwe pelo ya motsadi moloi, ga go a tsaya lobaka ke fa Dineo a nna le mathata. A tlelwa ke
go feroga dibete le go tsewa ke sedidi. Fa a ya kokelong ba mo itsese fa a le mo mmeleng, fa a re
o itsese borre ba a neng a akanya fa e le bone beng ba morwalo, ba mo gasetsa diatla. Mongwe le
mongwe e le yo o reng, “Semang-mang ene”? tlhogo ya lela ditshipi a sa itse kwa a ka yang teng,
fela ga bo go tlile maikotlhao e bong namane ya morago.
Dineo ka go lemoga fa e le moipolai yo o sa lelelweng, a akanya go begela barutabana mme
letswalo la gana. A fetsa ka go swa senku. Bana ba bangwe ba belaela ka go bona a aperwe ke
bodutu mme ka go tshaba go gasegelwa ke madi a kgofa, ba seka ba rata go bua sepe. A
ingobaya fela ngwana wa mosetsana ka tsholofelo ya gore seemo se tla letla go kwala
ditlhatlhobo tsa makgaolakgang.
Ya re nako ya ditlhatlhobo e goroga, a inaakanya natso a itumile sankatlhe. Fa a tshwanetse go
kwala pampiri ya bofelo, a kubugelwa ke botlhoko jo boneng jwa mo tlhokisa maitsetsepelo. Ba
mo utlwile fela a hirietsa selelo mme ka bofefo ba bo ba setse ba lemogile gore mathata ke eng.
Ba mo ragosetsa kwa kokelong,ya re go ise go e kae a bo a amogela phorogotlho ya mosimane.
Dineo a lemoga fa botshelo bo le marara. Le gompieno o ikana gore ga a kitla a boela magaleng
gabedi, e seng e bile a ka nna a se ka a tlhola a bona sekolo gape. Dilo tsa basha ruri!
1. Tlhogo ya polelo e e ka nna mang?
A. Botshelo ja sekolo
B. Go gasegelwa ke madi a kgofa
C. Go boela magaleng ga bedi
D. Maikotlhao namane ya moroba
2. Go ya ka polelo e molao wa sekolo sa Dinokeng o ne o ntse jang?
A. O gagametse thata
B. O sokodisa baithuti
C. O sa gagamala
D. O bogisa
3. Ke eng fa Dineo a ne a ikaelela go dira seemo sa gagwe sephiri?
A. O ne a nyatsa barutabana
B. O ne a tshaba batsadi ba gagwe
C. O ne a itse mong wa morwalo
D. O ne a batla go kwala ditlhatlhobo
25
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
4. ‘Ba mo itsese fa a le mo mmeleng!’ go raya eng?
A. A none
B. A imile
C. A bopame
D. A gagametse
5. Barutabana ba ga Dineo ba dirile jang go mo thusa?
A. Ba lekile go mogakolola a gana
B. Ba ne ba mo koba mo sekolong
C. Ba mo isitse tshenyegong
D. Ba rata go ja mamepe a dinotshi
6. Mo temaneng ya boraro, fa gotwe ‘ba latlha seditse’go tewa gore ba dirile jang?
A. Ba batlisisa mathata a ga Dineo
B. Ba palelwa ke Dineo go re babo ba itlhoboge
C. Ba kgwatlhisa Dineo fela thata
D. Ba ya go mo alafa kwa dingakeng tsa Setswana
7. Ke seane se fe se se tsamaelang le tlhaloso e “ fa bagolo ba seo bana ba a itaola?
A. Sedibana pele ga se ikanngwe
B. Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng
C. Naga esenang khudutlou, bo lobeto ba ipha naga
D. Phala e senang phalana lesilo
8. Dineo o ne a ragosediwa kwa kokelong ka gore o ne a rileng?
A. A palelwa ke ditlhatlhobo
B. A le mo ditlhabing
C. A itumile sankate
D. A se na maitsetsepelo
TLHOPHA PAKA E E DIRISITSWENG MO DIELENG TSE DI FA TLASE
DIPOTSO 9 - 10 (4.10.1.1)
9. Bana batla a ja bogobe fela
A. Paka e e fitileng
B. Paka jaanong
26
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
C. Paka e e tlang
D. Paka tsweletso
E.
10. Dikgomo dinwa metsi mo sedibeng
A. Paka e e fetileng
B. Paka jaanong
C. Paka e e tlang
D. Paka tsweletso
TLHOPHA SEELE SE SE RANOLELANG SE SE FILWENG KWA SETSWANENG
DIPOTSO 11-15 (4.7.1.1)
11. Make sure that you wash fruits thoroughly before you eat them.
A. Ela tlhoko gore o tlhatswa maungo otlhe pele ga o a ja
B. Ela tlhoko gore o tlhatswa maung ka botlalo pele ga o a ja
C. Ela tlhoko gore maungo a nna a tlhatswitswe pele ga o jewa
D. Ela tlhoko gore o tlhatswitse maungo pele ga o simolola go a ja
12. The bees could go in and out of the box because it had an opening.
A. Dinotshe di ne di ntse ditsena dib o di tswa mo phatlheng ya bokoso
B. Bokoso e ne e bulegile dinotshe di ne si tsena gape di eta di tswa
C. Bokoso e ne e kgagogile jaanong dinotshe di ne di tswa gape di tsena mo go yone
D. Dinotshe di ne di kgona go tsena dib o di tswa mo bokosong ka gore e ne e na le
phatlha.
TLHOPHA SEELE SE SE RANOLETSWENG KWA SEKGOENG SENTLE
DIPOTSO 13 -15 (4.7.1.2)
13. Ditlhako tsa me tse diša di a phatsima.
A. My new shoes are shining.
B. My new shoes shine when they are new.
C. My new shoes are not shining.
D. My new shoes were shining.
14. O bala lokwalo lwa ga mang?
27
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
A. What book is she reading?
B. Whose book is she reading?
C. Whose book are you reading?
D. Whose book has she been reading?
15. Morutabana wa rona o itse go bina
A. Their teacher knows how to dance
B. Our teacher likes to dance
C. Our teacher knows how to dance
D. My teacher knows how to dance
TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE DITLHAKAKGOLO DI DIRISITSWENG
SENTLE DIPOTSO 16 – 18 (4.3.1.1)
16. ..
A. Kabelo o tlaa bua le Mopalamente ka kgwedi ya Phalane
B. Kabelo o tlaa bua le mopalamente ka kgwedi ya phalane
C. Kabelo o tlaa bua le Mopalamente ka kgwedi ya phalane
D. Kabelo o tlaa bua le mopalamente ka kgwedi ya Phalane
17. ..
A. Balemisi ba etetse kwa Borolong go sega molelwane wa kgaolo
B. Balemisi ba etetse kwa borolong go sega Molelwane wa Kgaolo
C. Balemisi ba etetse kwa Borolong go sega Molelwane wa kgaolo
D. Balemisi ba etetse kwa borolong go sega molelwane wa kgaolo
18. ..
A. Mme le Karabo ba ile Mopipi
B. Mme le karabo ba ile Mopipi
C. mme le Karabo ba ile Mopipi
D. Mme le karabo ba ile mopipi
TLHOPHA THULAGANYO YA DIELE E E AGANG TEMANA E E LOMAGANENG
SENTLE DIPOTSO 19 -20 (2.3.1.2)
1. Re ne ra tshwara legodu le re le fitlhetseng mo ntlong
2. A wela fa fatshe mme la betsega, la falola
3. Ra le sokasoka mm era le digela fa fatshe
4. Rra Dineo a phamola kgetsana e le neng le katetse dilwana mo go yone la ntlha
19. .
A. 1 3 4 2
B. 3 1 4 2
C. 2 1 3 4
28
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. 1 4 3 2
1. Go ise go ye kae, ka bona a thula mogala ka sehuba
2. Re tlile re tlhomagane
3. Ka seka ka itse gore dinao tsa gagwe di ne tsa tlhoga diphuka leng
4. Nna ka tswa maemo a bobedi
20. ..
A. 3142
B. 2143
C. 3214
D. 2314
TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG MATSHWAO A
MOKWALO SENTLE DIPOTSO 21 – 23 (4.3.1.2)
21. A. Dipodi tsele ke tsa bo mang?
B. Dipodi tsele ke tsa bo mang!
C. Dipodi, tsele ke tsa bo mang.
D. Dipodi tsele ke tsa bo mang,
\
22. A.Motshabi ke motabogi! Moreri ? ke moopedi!
B. Matshabi ke motlabogi, moreri ke moopedi.
C. Motshabi ke motlabogi! Moreri ke moopedi,
D. Motshabi ke motabogi? Moreri ke moopedi.
23..
A. Mme o lema marotse, mabele le dinawa.
B. Mme! O lema marotse mabele le dinawa?
C. Mme o lema marotse? Mabele le dinawa!
D. Mme, o lema marotse, mabele ,le dinawa.
TLHALOSA DIANE TSE DI LATELANG DIPOTSO 24 - 25 (3.7.2.4)
24. Go ja kgakge.
A. Go swaba
B. Go itumela
C. Go gakala
D. Go gakgamala
25. Go tla thari .
29
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
A. Go tla morago
B. Go phakela
C. Go lofa
D. Go iphitlha
26. Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.
A. Go batlelwa dintsa
B. Go tshwarwa ke dntsa
C. Go thusana
D. Go tshwarwa thata
BALA LEBOKO LE LE FA TLASE MORAGO O ARABE DIPOTSO TSE DI
LATELANG 27-29 (3.8.1.4)
Kgosi thotobolo o olela matlakala
Ba ba magano bosula ba a mo itse
Bo ntwa dumela baka mo tlhalosetsa
Ba ba ikadimang di tsa batho bone ga re bue
Banyalani ke ditsala kgolo tsa gago
Balwela boswa bone ba go ntshitse ntsala
O mmaabo e le ruri kapara nkwe
Go nna disana kgotleng ga go tshwenye
Malope a go kokoanele jaaka dintsi
Borangwanago ba ngongoregela go tseelwa marapo
Moretlwa mabele a kgomo key one kotlhao
Ntsanyana tsa mmuso di go eme nokeng
Bolotsa letsema nako e gorogile
30
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
O kgoromolole ba diphafana mothuding
Molaetsa o ile magoletsa re gadike re orile wa mariga
Bitsa ba dikgafela, masiela le batlholagadi batle ba tshele
27. Leboko le le bua ka eng?
A. Banyalani
B. Kgosi
C. Masiela
D. Batlholagadi
28. Maikutlo a mooki ke a…….
A. Boitumelo
B. Kutlobotlhoko
C. Khutsafalo
D. Ditshego
29. Ke sefe seele se se supang tshwantshanyo go tswa mo lebokong?
A. Malope a go kokoanela jaaka dintsi
B. Ntsanyana tsa mmuso di go eme nokeng
C. Go nna disama kgotleng ga go tshwenye
D. Moretlwa mabele a kgomo ke yone kotlhao
TLHOPHA DIKAROLO TSA PUO TSE DI SEGETSWENG TSELANA MO
DIPOTSONG DIPOTSO 30 - 33 (4.9.1.1)
30. Banna ba a rema.
A. Leina
B. Leemedi
C. Lekopanyi
D. Lediri
31. Yone e nele thata.
A. Lediri
B. Lekopanyi
C. Leemedi
D. Leina
32. Dikgomo di jele mabele kwa tshimong.
31
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
A. Letlhalosi
B. Leina
C. Lediri
D. Leemedi
33. O apere mosese o motala.
A. Leetsisi
B. Letlhalosi
C. Leina
D. Lediri
TLHOPHA SEELE SE SE KWADILWENG KA MOKWALO O O AMOGELESEGANG
DIPOTSO 34-36 (3.2.1.1)
34 A. Mmutla o jele ditloo tsa rona.
B. Mmutla o jele ditoo tsa rona.
C. Mmuta o jele ditloo tsa rona.
D. Mmuta o jele ditoo tsa rona.
35.
A. Fologa setlhare seo o ta a robega.
B. Hologa setlhare seo o tla robega.
C. Fologa setlhare seo o tla robega.
D. Hologa setlhare seo o ta a robega.
36.
A. Logong lwa mogonono ga le gotse molelo.
B. Legong lwwa mogonono ga le gotse molelo.
C. Legong lwa mogonono ga le gotse molelo.
D. Logong la mogonono ga le gotse molelo.
DIRISA MOALO O O FA TLASE GO ARABA DIPOTSO 37 -40 (1.1.1.2)
32
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
37. Fa o le kwa kokelong poso e ntlha efe?
A. Borwa
B. Bophirimatsatsi
C. Bokone
D. Botlhabatsatsi
38. Theo fa a ya posong o tsamaya jang?
A. O tsena mo tseleng e tona ya Talana a bo a boela ka fa molemeng, o tlola borogo a bo
a tlhamalala
B. O leba ntheng ya madirelo a boa ya ka fa mojeng
C. O tsena mo tseleng e tona a bo a fapogela kwa molemeng
D. O tlola borogo a bo a ya kwa borwa
39. Noka e raletse motse go tswa kwa bokone go ya kae?
A. Bokone-botlhaba
B. Bokone
33
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
C. Bophirimatsatsi
D. Borwa
40. Kokelo e ntlheng e fe ya gaabo Theo?
A. Bokone
B. Botlhabatsatsi
C. Borwa
D. Bophirimatsatsi
TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG MOKWALO O O
AMOGELESEGANG DIPOTSO 41 – 43 (3.2.1.2).
41. A. Fa o sa dire sentle ga kena go itumela .
B. Fa o sadire sentle ga kena go itumela .
C. Fa o sa dire sentle ga ke na go itumela.
D. Fa o sa di re sentle ga kena go itumela.
42.
A. Ba batla madi a dijo mo gonna.
B. Ba batla madi adijo mo go nna.
C. Ba batla madi a di jo mogo nna.
D. Ba batla madi a dijo mo go nna.
43. A. Difatlhego tsabone di tle tse ka boitumelo
B. Difatlhego tsa bone di tletse ka boitumelo
C. Difatlhego tsabone ditletse ka boitumelo
D. Difatlhego tsa bone ditletse ka boitumelo
TLHOPHA LEFOKO LE LE FANG MODUMO O O SA TSWANENG LE A MANGWE
DIPOTSO 44 – 46 1.2.1.2
44. A. Phate
B. Phetolo
C. Phenyo
D. Phepheng
45. A. Bogodu
B. Bogoma
C. Bopelotelele
D. Bogosi
34
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
46. A. Mogote
A. Mogare
B. Mogopo
C. Mogobe
TLATSA DIPHATLHA TSE DI TLOGETSWENG KA MAFOKO A A
TSHWANETSENG DIPOTSO 47 - 50
Phuthego ya seka ya simolola ka nako ka jaana e rile e tshwanetse go simolola, mogokgo a
akgiwa ke tsa tiro. Mogokgo e rile a tsena, a etelela pele ka go ikopa maitshwarelo go tla
47………….ga nako, ke gone a itse go simolola phuthego. Gakologelwang bagaetsho gore
48………… tshwanetse go tshwaraganela bana ba rona. Bokamoso jwa bana ba bo mo diatleng
tsa rona, re seipone sa bone. Ngwana yo o fiwang loorato, o nna lorato, fa
49……………..kgaletsweng ruri ene a ithuta go kgala. 50………. re ne re re re lebisane kgang e
ya bana ka e le ba rona rotlhe.
A B C D
47. Pele morago kwa pele kwa morago
48. O ke lo re
49. Ene nna yo o se se
50. Thata gore Tota ruri
35
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
SETSWANA 5 TERM 1 2020
MARKING KEY
1. D
2. C
3. D
4. B
5. A
6. B
7. C
8. B
9. C
10. B
11. B
12. D
13. A
14. C
15. C
16. D
17. A
18. A
19. A
20. D
21. A
22. B
23. A
24. C
25. A
26. C
27. B
28. A
29. A
30. D
31. C
32. B
33. C
34. A
35. C
36. A
36
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
37. C
38. A
39. D
40. D
41. C
42. D
43. B
44. A
45. C
46. B
47. B
48. D
49. C
50. C
37
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
BOTETI EAST CLUSTER
END OF TERM 1 2020
STANDARD 6
SETSWANA
38
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
MOPHATO WA BORATARO TERM 1 2020
BALA TEMANA E E LATELANG MME MORAGO O BO O ARABA DIPOTSO 1-10.
Polelo ya ga Moedi
Gantsi kwa magaeng batho ba ba se nang motlakase ba tshuba ka dikerese.Mma Kabo o ne a sa
rate gore mosimane Moedi a dirise dikerese fa a seo a le kwa masimo. O ne a mo laetse gore le fa
go ka nna jang a nne a bala fela ka lobone lwa parafini.Moedi o ne a dumelana le mmaagwe ka a
ne a se manganga.
Moedi o ne a nna le bomonnawe e bong Bame le Wame ba mawelana.Ba ne ba dira lokwalo la
botlhano.Ene o ne a tsena kwa sekolong sa Montshapelo Senior Secondary School.Moedi o ne a
tlhokomela bomonnawe a sa rate ba lala ka tlala ka letsatsi lepe.Ba ne ba nna fela ba le phepa
kwa sekolong mogoloabone a ba gatisetsa ka kgatiso ya magala.O ne a ba rutile go tlhatswa
ngwaga o o fetileng ka a tloga a fetsa sekolo mme ba tshwanelwa ke go itse ditiro.
E ne e a re a feditse tiro ya gagwe ya sekolo a bo a ba thusa ya bone ya kwa sekolong fa ba filwe
tiro ya kwa gae.Fa gongwe a ba badisa dipolelwana a bo a ba botsa dipotso go bona gore a ba
tlhaloganya.Sebe sa phiri ke gore Bame o ne a gaisa Wame ,mme se sa utlwesa Wame botlhoko
fela thata.Wame o ne a simolola go ngongorega mo go Moedi a re o lemogile fa a rata Bame go
mo feta.Ao! kgaitsadiaka ,seo ga se se se ka diragalang,nna ke batla go bona le fentse lokwalo la
bosupa ka maduo a a kgatlhisang.
Wame a simolola go kgerisa Bame fa ba robetse mmogo mo dikobong.Se,se ne sa utlwisa Bame
botlhoko ka e ne e se ngwana yo o ratang ntwa.E ne ya re nako nngwe ba felelwa ke parafini ,
Moedi a ya go reka dikerese tse pedi gore ba tle ba seka ba robala ba sa isa bofofu mo dibukeng
jaaka gale.E rile fela Moedi a ba tlogela a ya kwa ntlwaneng ya gagwe,Wame a tsaya kerese a
ikhurumetsa a balela ka yone mo dikobong.Bame o ne a itlhoboga a re, ijoo! Se nkganang se
nthola morwalo,mma ke ithobalele”.
Owaii! Go ka ya kae, fa nako e ntse e tsamaya mogoma a thulamela, kerese ya tuka ya ba ya fela
mme ya tshwara kobo le buka ya di fisa.Wame o ne a setse a ona. Bame ene o ne a sale a robetse
39
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
pele.Wame fa a thanya, ke molelo o mo apere mo thogong, ntlo e tuka yotlhe a sa itse kwa
kgorong e teng. Mokgosi wa gagwe wa tsosa Moedi yo o neng a tla a raga lebati a ba ogola mo
kgabong ya molelo. E re ka go twe, “ matlo go sa mabapi”,baagisanyi ba tla,molelo wa tingwa ka
ponyo ya leitlho mme ga somarelwa dilwana tse dintsi mo ntlong.
Kwa kokelong,Wame o ne a bolela se se diragetseng a bo a kopa maitshwarelo mo go Bame yo
ene a neng a ikaeletse go bipa mpa ka mabele fa a ne boditswe pele.
1.Ga twe gantsi kwa magaeng batho fa ba sena matlakase le dipone tsa parafini ba dirisa eng?
A.Mokgwaro
B.Totshe
C. Dikerese
D. Molelo
2. Moedi e ne e se ngwana yo o manganga. Manganga go tewa a ntse jang ?
A. Bonolo
B. Sengangatlela
C. Boinelo
D. Senatla
3. Lekaelagongwe la mawelana ke lefe?
A.Bana ba ba lekanang
B. Mafatlha
C.Bommata
D. Balekane mmogo
4. Moedi o ne a tsena sekolo kae?
A. Gaborone
B. Moeding
C. Mogoditshane
D. Mantshapelo
5. Moedi o lebega e ne e le motho yo o ntseng jang mo go bomonnawe?
A. Lorato
B. Lefufa
C. Legodu
D. Lenyatso
40
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
6. Ao! “Kgaitsadiaka seo ga se se ke ka se dirang” Ke karolo efe ya puo e e dirisitsweng?
A. Leetsisi
B. Leamanyi
C. Lelatlhelwa
D. Letlhaodi
7. Mo temaneng ya bone, go twe, “se nkganang se nthola morwalo”.Go tewa jang?
A. Motho a go imolola selo.
B. Fa o leka selo, mme se pala, o se tlogele, gonne gongwe se tla go tsisetsa mathata
C. Motho a rola yo mongwe morwalo
D. Motho a tsenya yo mongwe mo mathateng
8.Matlo go sa mabapi, go tewa jang?
A. Batho ba swelwa ke ntlo ba a thusana.
B. Batho ba tima molelo ba a thusana.
C. Batho ba agile mmogo ba a thusana.
D. Batho ba bapile ba a lwa
9. Ka ponyo ya leitho go tewa jang?
A. Ka bofefo.
B. Ka bonya.
C. .Ka bofefo.
D. Ka boitumelo.
10. Bame o ne a ikaeletse go bipa mpa ka mabele go tewa jang?
A. Go sireletsa ngwana wa ga mmaagwe.
B. Go tlontlolola ngwana wa ga mmaagwe.
C. Go sotla ngwana wa ga mmaagwe.
D. Go rotloetsa ngwana wa ga mmaagwe.
TLHOPHA SEELE SE SE TSENTSWENG MATSHWAO A MOKWALO KA FA GO
TSHWANETSENG. DIPOTSO 11 -13
11. A.Bogosi o ile kae?
B. Bogosi o ile kae.
C. bogosi o ile kae”
41
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. bogosi o ile kae!
12. A. Magalammakapa, o a bo o dirile eng ngwana ke wena.
B. Magalammakapa, “o a bo odirile eng ngwana ke wena.”
C.Magalammakapa! o a bo o dirile eng ngwana ke wena.
D. Magalammakapa! O a bo o dirile eng ngwana ke wena.
13. A. Go jewa nama bogobe le masi?
B.go jewa nama bogobe le masi.
C. go jewa nama, bogobe le masi
D. A o letse o jele, dijo tsa gago?
TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG MOKWALO O O
AMOGELESEGANG MO DIELENG TSE DI LATELANG. DIPOTSO 14 -16
14. A. Ke rolela setšhaba sa Botswana hutshe.
B. Ke rolela sechaba sa Botswana futshe.
C. Ke rolela setšhaba sa Botswana futshe.
D. Ke rolela sechaba sa Botswana hutshe.
15. A. Lo tshwanetse go ithuta go bala lothe.
B. Le tshwanetse go ithuta go bala lotlhe.
C. Lo tshwanetse go ithuta go bala lotlhe.
D. Le tshwanetse go ithuta go bala lothe.
16. A. Mme o ne a fakgamala fa a bona re goroga.
B.Mme o ne a hakgamala fa a bona re goroga.
C. Mme o ne a gakgamala fa a bona re goroga.
D. Mme o ne a fhakgamala fa a bona re goroga.
TLHOPHA KAROLO YA PUO E E SEGETSWENG TSELANA MO DIELENG TSE DI
LATELANG. DIPOTSO 17 - 22
17 Basimane ba diegile
A. Leina
B. Leemedi
C. Letlhaodi
D. Lebadi
42
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
18. Mosimane yo montsho o gorogile
A. Lesoboki
B. Lebadi
C. Letlhaodi
D.Leamanyi
19. Go lela e e lwalang
A. Lebadi
B. Leamanyi
C. Lekopanyi
D. Leemedi
20. O ne a mo sega ka thipa e e bogale.
A. Lediri
B. Leemedi
C. Leina
D. Lebadi
21. Bone ba rata go palama ditonki
A. Letlhaodi
B.Leemedi
C. Lebadi
D. Leamanyi
22. Dinku tsotlhe di nole.
A. Lebadi
B. Lerui
C. Leamanyi
D. Lesoboki
MO DIPOTSONG 23-26, TLHOPHA KARABO E E SUPANG PAKA E E
DIRISITSWENG.
23.Ba tlhagola kwa tshimong.
A. Paka e e tlang
B. Paka pheti
C. Paka jaanong
D. Paka e e fetileng
43
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
24.Ke mmone maloba kwa morakeng.
A. Paka jaanong
B. Paka e e fetileng
C. Paka pheti
D. Paka e e tlang
25. Re tla tsoga re ya sekolong ka moso.
A. Paka e e tlang
B. Paka e e fetileng
C. Paka jaanong
D. Paka pheti
26. Ke bala lokwalo lwa borataro.
A. Paka e e fetileng
B. Paka jaanong
C. Paka pheti
D. Paka e e tlang
TLHOPHA SEELE SE SE RANOTSWENG SENTLE. DIPOTSO 27 -30
27. Who took my bag?
A. Beke yame e kae?
B. Ba ntseetse beke ya me?
C. A o tshotse beke ya me?
D. Ke mang yo o tsereng beke ya me?
28. Magodu a mararo a tshwerwe kwa ntle ga lebentlele.
A. Three thieves were caught outside the shop.
B. Three thieves was caught outside the shop.
C. Three thiefs were caught outside the shop.
D. Three thiefs are caught outside the shop.
29. O na le mawelana ngwaga o
A. She has twins this year
B. she has been here this year
C. she likes tins of coke
44
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. she has children this year
30. Kago o lwetse lobaka lo lo kae?
A. Kago left home last week?
B. Last week I was with Kago?
C. For how long has been Kago sick?
D. Kago is sick today?
MOALO O O FA TLASE O SUPA KA FA BONI A KGAOGANTSENG KA TENG
DINAKO TSA GAGWE TSA GO ITHUTA KA MALATSI A BOITAPOLOSO. O DIRISE
GO ARABA DIPOTSO 31 - 33
Letsatsi Maphakela Motshegare Maitseboa
Mosupologo Dipalo Kapei Maranyane
Labobedi Maranyane Sekgoa Dipalo
Laboraro Dipalo Setswana Setswana
Labone Ditso Dipalo Kapei
Labotlhano Maranyane Sekgoa Kapei
31. Ke thuto efe e Boni a e dirang Mosupologo maphakela?
A. Dipalo
B. Sekgoa
C. Setswana
D. Maranyane
32. Selo se se ka tswang se dirile gore lenaneo la ga Boni la go bala ka Laboraro le nne ka fa le
ntseng ka teng, ke ka go bo a______.
A. tsaya gore Setswana se nna botoka o se bala nako e telele.
B. batla gore a tle a kgone go ithuta Ditso ka Labone.
C. dumela gore Dipalo di thata go nale Setswana.
D. sa rate go ithuta kapei ka Laboraro.
33. Ke efe ntlha e e dumalanang le se se supiwang ke moalo o?
A. Lenaneo la ga Boni la Mosupologo le tshwana fela le la Labone.
B. Ka Laboraro Boni o a bo a itapolositse.
45
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
C. Boni o ithuta Dipalo thata go feta dithuto tse dingwe.
D.Boni ga a rate go bala Kapei mo maitseboeng.
MO POTSO 34 GO EMA KA 37 DIRISA MAFOKO A O A FILWENG GO FELELTSA
POLELO E E LATELANG.
Rrangwane e rile a mmona a re (34)______! Ke boletse ka re ke (35)_______ a tsereng madi a
me. Thupa (36)______ ya me e kae ke mo pege mabele a podi a tle a latlhe bogodu. Patiko a re
(37) _______ gore rrangwane o bone jang gore ke tsotsi e e utswileng madi a gagwe.
A B C D
34.Ee ele e le ene
35. ele e ne e le ele
36. e ne ene e le ele
37.ene e ne ele e le
BALA LEBOKO LE LE LATELANG, O BO O ARABA DIPOTSO 38 - 40
Ruri o Mothusi
Wa ntshireletsa, ke ralala
Mitlwa, ke ralala maje
Ba suga matlalo go go
Roka, tlhale le thoko
Di lelela boatleng
Ao! Ruri batho ba kae
Ditswerere, bona fela jaaka
Se ntshwanela, o kare
Se segetswe mo lenaong lame
Ke kwanyakwanya ka wena
Mo mekgwatlheng. Ke go
Sutlha ka letsela, o sale o phatsima
Go phatsima ga gago go gaisa le ga Naledi
Motswedi: ga o itsiwe
38. Leboko le buwa ka mang?
46
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
A. Setlhako
B. Matlalo
C. Mmutla
D. Naledi
39. Mmoki o boka leboko le a________.
A. hutsafetse
B. itumetse
C. tshogile
D. tenegile
40. Seele sa mothofatso ke sefe mo dieleng tse di filweng fa tlase go tswa mo lebokong.
A. Ruri batho ke ditswerere
B. Bona jaaka se ntshwanela
C. Ke ralala maje
D. Ruri o monthusi
TLHOPHA THULAGANYO YA DIELE E E AGANG TEMANA E E LOMAGANANG
MO DIPOTSONG 41 - 43
1. Boemong jwa go loma yone e a kgwagetsa
2. Nngwe ya tsone ke tlhware.
3. Tse dingwe di siame, ga di na botlhole.
4. Le fa bontsi jwa dinoga di le borai.
41. A. 2 1 4 3
B. 3 4 1 2
C. 4 3 2 1
D. 1 4 2 3
1. Ra opela, ra rapela, Mogokgo a re phatalatsa.
2. Tshipi ya utlwala e lela ka nako ya bosupa.
3. Ra tsena mo mantlwaneng a borutelo tiro ya simolola.
4. Rotlhe ra kgobokanela fa lifelong la thapelo.
42. A. 1 2 3 4
B. 2 3 4 1
C. 2 1 4 3
D. 2 4 1 3
1. Photha mmidi.
2. Roba mmidi, o o sa omaang mo tshimong.
47
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
3. Olosa mmidi ka leselo, morago o tsenye mo dikgetsing.
4. Baya mmidi mo seraleng gore ome.
43. A. 2 4 1 3
B. 3 2 4 1
C. 1 2 3 4
D. 4 1 2 3
BALA PEGO E E FA TLASE, O BO O ARABA DIPOTSO 44 - 47
A RE ITLHATLHOBENG
E rile ka Matlhatso a beke e e fetileng kgwedi ya Lwetse e tlhola ga tlhano, ba lekgotla la
Tebelopele mono Botswana ba tshwara dithuto puisano le batho ba kgaolo ya Kgatleng kwa
motsaneng wa Kgomodiatshaba. Dithuto seka dipuisano tse di ne tsa bulwa semmuso ke kgosana
ya motse oo, ebong Rre Kgakole. Kgangkgolo ya seka dipuisano e ne e le go tla go rotloetsa
batho ba kgaolo e go itlhatlhobela mogare wa HIV ka bontsi.
E rile Kgosi Kgakole a ntsha la gagwe, a re go botlhokwa gore batho batle go itlhatlhoba ka
bontsi. O ne a re ntlha e, e botlhokwa ka gore e thusa puso go rulaganya mananeo a kalafi. Go
dira jalo go ka dira gore dintsho tse di amang AIDS di fokotsege fela thata. Batswana ba ka
tshela lobaka lo loleele fela thata, mme ba ka akola mananeo a tshwana le bo CEDA, ALDEP le
bo SLOCA. Pele ga a nna fa fatshe o ne a leboga bakgatla go bo ba tlile ka bontsi jo bogolo.
Pego ka: Derrick Mthokomedi
44. Pego e e bua ka ga eng?
A. Go itlhatlhobela mogare.
B. Itlhatlhobela mogare wa T.B.
C. Go tsaya diritibatsi.
D. Ke ikentela mogare wa HIV.
45. Molaetsa wa pego e ke o o reng?
A. Batho ga ba a tshwanela go itlhatlhoba.
B. Batho ba ka go tshega fa o ka itlhatlhoba.
C. Babereki ke bone fela baba tshwanetseng go itse seemo sa bone.
48
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D.Go itse seemo sa gago go botlhokwa thata.
46. Ke mang yo o kwadileng pego e e fa godimo?
A. Rre Kgakole
B. Derrick Mthokomedi
C. Kgosiatshaba
D. Tebelopele
47. Nngwe ya dintlha tsa botlhokwa tse di umakilweng mo pegong e ke gore______
A. Mogare wa HIV o tsena basadi fela.
B. Ba lekgotla le Tebelopele ba ne ba tshwara dithuto puisano le batho.
C. Go tle go rotloediwe batho ba kgaolo go tla go itlhatlhobela mogare.
D. Go tle go thusiwe puso go rulaganya mananeo a kalafi.
TLHOPHA KAROLO YA DIKAPUO TSE DI DIRISITSWENG MO DIELENG TSE DI
LATELANG. DIPOTSO 48 - 50
48. Gumpane o ja thata. O setse a nonne jaaka kolobe.
A. Mothofatso
B. Tshwantshanyo
C. Tshwantshiso
D. Pheteletso
49. Bosetlhogo ja gago bo apesitse lefatshe kobo ka letshoba wena mmaba AIDS.
A. Pheteletso
B. Tshwantshanyo
C. Mothofatso
D. Tshwantshiso
50. Lorato ke kwana, o dira se Motswana a reng maitseo namane ya moroba.
A. Tshwantshanyo
B. Mothofatso
C. Pheteletso
D. Tshwantshiso
DIRISA MOALO O O FILWENG GO ARABA DIPOTSO 51-54.
Palo e le nngwe e emetse dipodi di le makgolo a mabedi
49
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
0
SEROWE THAMAGA MOCHUDI KANYE MAUN MOSHUPA
51. Ke ofe motse o o nang le dipodi tse dintsi?
A. Serowe
B. Maun
C. Kanye
D. Thamaga
52. Ke metse efe e e nang le palo e e lekanang ya dipodi?
A. Serowe le Kanye
B. Thamaga le Kanye
C. Thamaga le Maun
D. Mochudi le Moshupa
53. Dipodi tsa Kanye di feta tsa Moshupa ka palo e e kafe?
A. 200
B. 600
C. 400
D. 1100
54. Dipalo tsa dipodi mo metseng e merataro ke bokae?
A. 800
B. 3800
C. 2800
D. 1800
50
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
TLHOPHA MAFOKO A A KOPANYANG DIELE TSE DI FILWENG MME DI SALA
DI SA FETOGA. PPOTSO 55 – 60 (2.3.1.1)
55. O robetse bosigo thata . O tsoga a kwala ditlhatlhobo.
A. Le gale
B. E bile
C. Gape
D. Mme
56. Re tlile phuthegong . Re na le ditiro tse dingwe.
A. Ka gonne
B. Kgotsa
C. E bile
D. Le fa
57. O ya Gaborone. O a boa.
A. Mme
B. Le gale
C. Gape
D. E bile
58. Ke ntse ke mo letile. Ke mo tlhobogile.
A. Kgotsa
B. Jaanong
C. Le fa
D. Kante
59. Ke ne ke re o botlhale. O motho fela.
A. Kgotsa
B. Kante
C. Ka gore
D. Ka gonne
60. Ke ya kokelong .Ke a lwala.
A. Ka gore
B. Kgotsa
C. Kante
D. Le fa
51
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
SETSWANA MARKING KEY
END OF TERM 1(2020)
1. C (3.5.1.5) 35.D (4.1.1.3)
2. B (3.5.1.5) 36.C (3.8.1.1)
3. B (3.5.1.5) 37.B (3.8.1.1)
52
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
4. D (3.5.1.5) 38.A (2.3.1.2)
5. A (3.5.1.5) 39.B (4.2.1.2)
6. C (3.5.1.5) 40.D (4.2.1.2)
7. B (3.5.1.5) 41.C (4.2.1.2)
8. C (3.5.1.5) 42.D (4.6.1.2)
9. C (3.5.1.5) 43.A (4.6.1.2)
10. A (3.5.1.5) 44.A (4.6.1.2)
11. A (4.3.1.2) 45.D (4.6.1.2)
12. C (4.3.1.2) 46.B (2.3.1.2)
13. C (4.3.1.2) 47.B (2.3.1.2)
14. A (3.1.1.1) 48.B (4.8.1.1)
15. C (3.1.1.1) 49.C (4.8.1.1)
16. C (3.1.1.1) 50.D (4.8.1.1)
17. A (4.10.1.1) 51.C (4.8.1.1)
18. C (4.10.1.1) 52.C (4.8.1.1)
19. B (4.10.1.1) 53.D (4.10.1.1)
20. A (4.10.1.1) 54.D (4.10.1.1)
21. B (4.10.1.1) 55.B (4.10.1.1)
22. D (4.10.1.1) 56.D (4.10.1.1)
23. C (4.10.2.1) 57.A (4.10.1.1)
24. C (4.10.2.1) 58.B (4.10.1.1)
25. A (4.10.2.1) 59.B (4.3.1.1)
26. B (4.10.2.1) 60.A (4.3.1.1)
27. D (4.9.1.1)
28. A (4.9.1.1)
29. A (4.8.1.1)
30. C (4.8.1.1)
31. A (4.8.1.1)
32. A(4.1.1.3)
33. C (4.1.1.3)
34. A (4.1.1.3)
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
SETSWANA 7 TERM 1 TERM 1 2020
BALA POLELO E E LATELANG O BO O ARABA DIPOTSO 1 GO EMA KA 9
“Tota fa motho a a bo a kgophaletse jaana, go a bo go tla tsogwa leng? O se ka wa bo o
kolobeditse dikobo mosimane ke wena” ga bua mma Seako. Seako o ne a palelwa ke go tlhanya
bosigo gore a ye go rota, ka jalo, o ne a nna a kolobetsa dikobo.
53
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Morago ga go ngongorega ga ga mmaagwe, Seako o ne a ikutlwa a tshwenyegile thata ka go
kolobetsa dikobo ga gagwe. O ne a tsaya kgang le tsala ya gagwe ka go rotela mo dikobong mme
a sa tlhalose gore modiri wa mathata ao ke ene.
“Kago, na a re go tla jang gore motho a lore moroto? Ke na le ntsalake yo o tshwengwang ke go
lora moroto.” Ga bua Seako. “ Monna, raya ntsalao a je peba. A dire jalo maitseboa gore e tle e
simolole go mmereka a tloga a ya go robala. Selo seo se itse moroto,” ga araba Kago. Seako fa a
akanya go ja peba a tlhakatlhakana mmele. O ne a bona e le selo se se bokete go se dira.
Mo maitseboeng fa a ntse a nosetsa tshingwana ya merogo, a bona peba e e nonneng e kgabola.
A ikutlwa a feroga sebete. “O! Fa e kete ga ke monna jaana go rileng?” fa a rialo a nna le sebete
sa go ja peba. A ya go e thaisa mme ya re go ise go ye kae, a fitlhela e ragaraga mo teng ga
selaga. Seako o ne a ya go besa peba ya gagwe kwa sekgweng, a bo a e ja. Le fa nama eo e ne e
se na monko ope o o ka bifelwang, o ne a kgwa mo a neng a sa solofele gore o tla goroga kwa
gae.
Kwa gae fa Seako a re o a ja, dibete tsa kukega. Mmaagwe a mmotsa gore ke eng a ne a sa je
mme a bolela fa tlhogo ya gagwe e opa. Mafoko a gagwe a ne a setswe morago ke go kgwa. Ya
re batsadi ba bona gore go nna maswe, ba fetsa ka gore ba mo ise kwa kokelong. Fa a utlwa go
buiwa ka kokelo, a bona go le botoka gore a tlhalose gore go rileng. Batsadi ba sala ba atlhame
fa ba utlwa gore o kgosiwa ke eng. Ba ne ba feta ba bolelela ba bongaka boammaaruri mme
mosimane a robadiwa malatsi a mane. Fa a ntse a le koo, mooki o ne a mo tsosa bosigo gore a ye
go rota. Kwa gae, mmaagwe le ene a feta a tswelela ka go mo tsosa bosigo. Letsatsi lengwe
mmaagwe a gatelelwa ke boroko ka jalo a seka a mo tsosa. A lala a tshetse moroto. Seako a
phakela a sulafetswe ke sengwe le sengwe.
Fa a boela kwa sekolong, a bona go le botoka go latlhela ditlhong kgakala ka a ne a batla thuso.
A tlotlela tsala nngwe ya gagwe e bong Lesedi ka bothata jo a neng a na le jone. O ne a mo
tlotlela le ka go ja peba le ka fa go neng ga mo lwatsa ka teng. Nna ke na le ntsalake yo o nnang
kwa morakeng yo o itseng go latlhisa motho go rotela dikobo. O ne a latlhisa monnawe. “A re ye
rotlhe kwa morakeng ka Matlhatso, re ye go lala teng,” ga bua Lesedi.
“ Kana o tlaa bo a nthusitse. Go riana ke tshogile ka gore morutabana a re re etele kwa Maun.
Seako o ne a letlelelwa go tsamaya le Lesedi. Fa ba tsena kwa morakeng, Lesedi a feta a sebetsa
ntsalae ka mathata a ga Seako. “Owaii, ke kgetse e potlana. Ke tla mo alafa,” ga bua ntsalae
Lesedi. Fa go robalwa ntsalae Lesedi a ala phate ya gagwe ya letlalo la nku go bapa le Seako.
E rile fela bosigogare fa ba thulametse, ntsalae Lesedi a nanabela a ya go tsaya thupa, a feta a e
tshela Seako. “ Tsoga monna o rotile. Utlwa jaaka o nkolobeditse. A ga o itse kwa go rotelwang
teng?” a bua jaana a ntse a mmetsa. Seako a bokolela gore a bo a tshele mo dikobong, thupa e, e
ne e mo tsene mo e neng ya re go tswa fa, fa a thulametse, a bo a phadimoga a ise a kolobetse
dikobo. Go rotela dikobo ga ga Seako ga ema.
1. Ke mang yo go buiwang thata ka ene mo polelong e?
54
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
A. Kago
B. Seako
C. Ntsalaa Lesedi
D. Mmagwe Seako
2. Ke eng se se simolotseng ditiragalo tsa polelo e?
A. Go tsoga morago ga ga Seako
B. Go tsena sekolo ga ga Seako
C. Go ja peba ga ga Seako mo go feletseng go dirile gore a ye go robadiwa kwa kokelong
D. Go ngongorega ga ga mmagwe Seako ka kgang ya go kolobetsa dikobo ga ga Seako
3. Selo se se supang gore ditiragalo tsa polelo e ke tsa nako ya gompieno ke go bona go…….
A. na le sekolo le kokelo
B. na le Maun le moraka
C. dirisiwa phate ya letlalo la nku
D. dirisiwa thupa go latlhisa Seako go rotela dikobo
4. Ke tiragalo efe e e dirileng gore Seako a je peba?
A. Go bona peba mo tshingwaneng ya merogo
B. Go tsaya loeto la sekole go ya kwa Maun
C. Go tsaya kgang le tsala ya gagwe
D. Go ya kwa morakeng
5. Seako ke motho yo o ntseng jang?
A. Yo e reng fa a batla selo a bo a sa ineele le fa go ka nna thata
B. Yo o kgonang go nna kwa morakeng le fa e se wa gabone
C. Yo o sa reetseng dikgakolo tsa batho ba bangwe
D. Yo o ratang go tsamaya maeto a sekolo
6. Botshelo jwa ga Seako bo fetoga fa a se na go
A. ja peba
B. itewa kwa morakeng
C. robadiwa kwa kokelong
D. bolelela Lesedi gore o tlhoka thuso
7. Ke efe thulaganyo e e supang ka fa ditiragalo tsa polelo e di tlhomaganang ka teng?
A. Seako o bua le Lesedi ka mathata a gagwe, Seako o ja peba; Seako o a lwala; Ntsalaa Lesedi o
55
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
itaya Seako; Seako o robala mo kokelong
B. Seako o a lwala; Seako o ja peba; Seako o bua le Lesedi ka mathata a gagwe; Seako o robala
mo kokelong; Ntsalaa Lesedi o itaya Seako.
C. Ntsalaa Lesedi o itaya Seako; Seako o a lwala; Seako o ja peba; Seako o robala mo kokelong;
Seako o bua le lesedi ka mathata a gagwe
D. Seako o ja peba; Seako o a lwala; Seako o robala mo kokelong, Seako o bua le Lesedi ka
mathata a gagwe; ntsalaa Lesedi o itaya Seako
8. Mathata a, a fitlhelwang mo polelong e, a tlisitswe ke eng?
A. Go tlhoka lesego ga ga Seako
B. Go aketsa batho ga ga Seako
C. Go tlhoiwa ke batho ga ga Seako
D. Go nna maaka ga batho ba ba nnang le Seako
9. Molaetsa wa polelo e ke eng?
A. Go bolelela batho sephiri sa ga go go ka go tsenya mo mathateng.
B. Motho fa a na le mathata o tshwanetse a itlhoboga.
C. Motho mongwe le mongwe o na le mathata
D. Go sa ineeleng motlhofo go a thusa
TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG MOKWALO O O
AMOGELESEGANG MO DIPOTSONG 10 -15 (4.1.1.1)
10. A. O hilwe mohago wa dinamune.
B. O hilwe mofago wa dinamune.
C. O filwe mhago wa dinamune.
D. O filwe mofago wa dinamune.
11. A. Wena tlhatola pitsa nna ke thape.
B. Wena thatola pitsa nna ke thape.
C. Wena tlhatlola pitsa nna ke tlhape.
D. Wena thatola pitsa nna ke tlhape.
12. A. O bone mashokgo fa o shaga dikgong tseo.
B. O bone mašokgo fa o šaga dikgong tseo.
C. O bone mashokgo fa o saga dikgong tseo.
D. O bone masokgo fa o saga dikgong tseo.
56
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
13. A. Le fa re huhula, tshuba lebone o tle o fage.
B. Le ha re fufula, tshuba lebone o te o hage.
C. Le fa re fufula, tshuba lebone o tle o fage.
D. Le ha re huhula, tshuba lebone o te o hage.
TLHOPHA SEELE MO GO SONE GO DIRSITSWENG DITLHAKAKGOLO KA FA
TSHWANELONG MO DIPOTSONG TSA 14 LE 15. (4.3.1.1) STD 6
14. A. Moithuti wa dithuto tsa Maranyane o ile Moseja.
B. Moithuti wa dithuto tsa Maranyane o ile moseja.
C. Moithuti wa dithuto tsa maranyane o ile Moseja.
D. Moithuti wa dithuto tsa maranyane o ile moseja.
15. A. noka ya Okavango e tona thata.
B. noka ya okavango e tona thata.
C. Noka ya Okavango e tona thata.
D. Noka ya Okavango e tona Thata.
BALA TEMANA E, O BO O ARABA POTSO 16 GO EMA KA 18. (5.2.1.2)
Rra Tebogo le Mma Tebogo ba ne ba segofadiwa ka Tebogo, Lesego le kgaitsadiabone
Motsumi.Tebogo ne a nyalwa ke Rre Kagiso, mme ba nna le ngwana a bidiwa Botho. Motsumi
one a nyala Dimpho, mme ba nna le ngwana wa mosetsana ba mmitsa Keletso le wa mosimane a
bidiwa David.
16. David o bitsa Tebogo a reng?
A. Mmangwane
B. Mmemogolo
C. Malome
D. Rakgadi
17. Ra Tebogo o bitsa Keletso a reng?
A. Motlogolo
B. Ngwanaaangwanake
C. Nnake
D. Morwadie
18. Rre Kagiso ke eng sa ga Ra Tebogo le Mma Tebogo.
A. Mogadikane
B. Molekane
C. Mogwe
57
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. Mogwagwadi
TLHOPHA SEELE SE SE MO PAKENG E E FILWENG MO LEBOKOSENG, MO
DIPOTSONG 19-20 (4.7.1.3)
19. Paka e e tlang
A. Baithuti ba gorogile maitseboa.
B. Baithuti ba tlaa goroga maitseboa.
C. Baithuti ba ile ba goroga maitseboa.
D. Baithuti ba ne ba goroga maitseboa.
20. Paka pheti
A. Malome o ne a thuba magapu otlhe.
B. Malome o tlaa thuba magapu otlhe.
C. Malome o thubile magapu otlhe.
D. Malome o thuba magapu otlhe.
MO DIPOSTSONG 21 GO EMA KA 24, TLHOPHA LEFOKO KANA MAFOKO A A
KOPANYANG DIELE TSE DI FILWENG MME SA LA DI SA FETOGA. (2.5.1.1)
21. Dudu o rata mokgabo. O lemogile gore o montle.
A. Kante
B. Le gale
C. Le gone
D. Ka gore
22. Bana ba sekolo sa Bosele ba gapile sekgele. Ba opedisiwa ke moithuti.
A. le mororo
B. gongwe
C. jaanong
D. ntsiana
23. Banana ba tsaya dilo motlhofo. Botshelo bo thata.
A. ka gonne
B. ka jaana
C. e bile
58
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. mme
24. Marekisetso a mantsi a diga ditlhwatlhwa. Kgwedi e fedile.
A. ntsiana
B. fa
C. ka jalo
D. Kgotsa
DIRISA PEGO E E LATELANG GO ARABA DIPOTSO 25 GO EMA KA 27. (2.3.1.2)
Baitseanape ba dijo ba kgaogantse dijo ka mefuta e e farologaneng, ba lebeletse gore di dira eng
mo mmeleng wa motho. Go kgaogangwa mo, go thusa batho ga nna kelotloko fa ba tlhopha dijo
tse ba tshwanetseng go di ja mo ditlhopheng tse di farologaneng letsatsi le letsatsi. Dijo tse di
akaretsa merogo, maungo, diotla mmele le tse dingwe fela jalo.
Go botlhokwa gore motho mongwe le mongwe a je dijo tse di nang le dikotla. Dijo ga di a
tshwanela go jelwa ruri sejo se tshwantsego go jewa ka selekanyo se se tshwanetseng. Go fetisa
kana go tlhaetsa selekanyo sa dijo go ka nna le le ditlamorago tse di botlhoko.
Motswedi: Kgakololo ka ga diotla mmele. Ministry of Health. [E fetotswe fale le fale]
25. Kgang e pego e e itebagantseng le yone ke ya gore go botlhokwa go
A. itse mefuta ya dijo
B. ja dijo tse di farologneng
C. ja dijo ka fa go tshwanetseng
D. itse mosola wa dijo
26. Maikaelelo a mokwadi wa pego e ke eng?
A. Go gakolola batho gore ba tlhokomele se ba se jang.
B. Go tlhalosetsa batho ka dikotla tse di mo dijong.
C. Go tlhagisa batho ka bodiphatsa jwa dijo.
D. Go ruta batho ka ditlhopha tsa dijo.
27. Fa o bona, fa setšhaba se ka sala morago se se buiwang mo pegong e go ka diragala eng?
A. Madi a batho ba a dirisang go reka dijo a ka fokotsega.
B. Puso e ka fokoletsa batho ditlhwatlhwa tsa dijo.
C. Batho ba ka simolola go ja dijo tsa ngwao fela.
D. Batho ba ka itekanela mo mmeleng.
BALA LEBOKO LE LE LATELANG, O BO O ARABA DIPOTSO 28 -KA 30 (3.8.1.4)
Matlhotlhapelo a 1985
Motswana o biditse kgwedi seetebosigo
A bitsa a lebala ina lebe seromo!
59
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
Seetebosigo a tlhola lesome le bone
Dira di tlhasetse motse-mogolo Gaborone
Go utlwala go thunya ga tlhobolo fela
A gaketse mmaba a bolaya a sa tlhaole
Marumo a nna jaaka marothodi
Mogolo le ngwana go se yoo falolang
Moeng le mong-gae go sena yoo falolang
Selelo sa apesa toropo yotlhe
Batho re sa itse re tshabela kae
Motswedi:maswe a dinala ka Billy Mokgosi( le fetotswe fale le fale)
28. Mooki o boka leboko le a
A. tshogile
B. tenegile
C . itumetse
D . hutsafetse
29. Seele sa tshwantshanyo ke sefe mo dieleng tse di filweng fa tlase go tswa mo lebokong
A. Dira di tlhasetse motse-mogolo Gaborone
B. Tsa Seebosigo dilo ke tse di botlhoko
C. Go utlwala go thunya ga tlhobolo fela
D. Marumo a na jaaka marothodi a pula
30. Mmoki mo temaneng ya boraro o tlhalosa gore
A. ntlwa e ne e ama motho mongwe le mongwe
B. batho ba ne ba tletse gongwe le gongwe
C. ntlwa e ne e thibela batho go sia
D. batho ba ne ba tshogile thata
Tlhopa karolo ya puo e e segetsweng tselana mo dileleng tse di latelang. 31-33(2.5.1.1)
31. Mpho o rema setlhare
A. Letlhalosi
B. Lediri
60
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
C. Leina
D. Lekopanyi
32. Yone e rata nama.
A. Leina
B. Lediri
C. Leemedi
D. Letlhalosi
33. Keletso o tsamaile motshegare.
A. Letlhalosi
B. Lekopanyi
C. Leina
D. Lediri
TLHOPHA SEELE SE MO GO SONE GO DIRISITSWENG MATSHWAO A
MOKWALO SENTLE MO DIPOTSONG 34 - 36. (4.3.1.2) STD 6
34. A. Tsela ya Serowe ke efe?
B. Tsela ya Serowe ke efe!
C. Tsela ya Serowe ke efe.
D. Tsela ya Serowe ke efe,
35. A. Batho bale, ba tsamaya leng?
B. Batho bale ba tsamaya leng.
C. Batho, bale ba tsamaya leng?
D. Batho bale ba tsamaya leng?
36. A. Bana ba sekolo ba opelela morutabana?
B. Bana ba sekolo ba opelea, morutabana.
C. Bana ba, sekolo ba, opelela morutabana.
D. Bana ba sekolo ba opelela morutabana.
Tlhopha Karolo ya puo e e segetsweng tselana. (potso 37-38) (2.5.1.1)
37. Mosetsana yo moleele o botlhale thata
A. Lebadi
B. Letlhaodi
C. Lerui
61
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. Lesoboki
38. Basimane botlhe ba jele dijo tsa motshegare.
A. Lebadi
B. Lerui
C. Lesoboki
D. Leamanyi
MOALO O O FA TLASE O SUPA DIPALO TSA BANA MO SEKOLONG GO YA KA
MEPHATO YA BONE. O DIRISE GO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG. (4.6.1.1)
39-41
39. Ke mophato ofe o o nang le palo e ntsi ya bana?
A. Wa bosupa
B. Wa botlhano
C. Wa bobedi
D. Wa ntlha
40. Ke mephato efe e e tlhomaganeng e palo ya bana e lekanang?
A. Wa botlhano le wa bosupa.
B. Wa bobedi le wa boraro.
C. Wa bobedi le wa botlhano.
D. Wa bone le wa boraro.
41. Fa o lebelela bana ba mophato wa ntlha le e mengwe, o ka re eng ka dipalo tsa bone?
A. Fa mephato e ntse e tlhatloga bontsi jwa bana ba ya masimong.
B. Bana ba natefelelwa ke madi fa ba ntse ba tlhatloga le mephato.
C. Dipalo tsa bana di a fokotsega di bo di tlhatloge fa ba ntse ba tswelela.
D. Bana ba na le go tsamaela ruri ka nako ya go iphokisa phefo.
62
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
42. TLHOPHA SEELE SE SE SUPANG TSHWANTSHISO, MO GO TSE O DI
FILWENG FA TLASE. (4.7.1.2)
A. Mpho ke nta ya selomela kobong fa o na nae o ikele tlhoko.
B. Lesego o siana thata e bile o kare letlhatswana.
C. O seka wa tsena moo ka gore go na le motsetsi.
D. Nna e bile ke itlhobogile ka gonne ga a nthate.
TLHOPHA SEELE SE SE SUPANG TSHWANTSHANYO MO GO TSE O DI FILWENG
FA TLASE. (3.4.1.2)
43. A. Ke ne ke tsamaile le ene kwa morakeng.
B. Mma, o lese go nna mebala jaaka kgaka.
C. O ne a botsa gore o kae.
D. O mmone a seka a go golafatsa.
TLHOPHA SEELE SE SE RANOLELANG SE SE FILWENG MO DIPOTSONG 44-45
KWA SETSWANENG SENTLE. (1.3.1.1)
44. The rabbits are kept in a nice wooden house.
A. Mebutla e tswaletswe mo ntlong ya dikgong e e kgabisitsweng.
B. Mebutla e tsentswe mo ntlong ya dikgong e e itumedisang.
C. Mebutla e beilwe mo ntlong ya dikgong e ntlenyane.
D. Mebutla e nna mo ntlong ya dikgong e e kgatlhang.
45. Drivers should be alert when driving at night.
A. Bakgweetsi ba tshwanetsi gore ba bo ba itekanetse fa ba kgweetsa bosigo.
B. Bakgweetsi ba tshwanetsi gore ba lebelele thata fa ba kgweetsa bosigo.
C. Bakgweetsi ba tshwanetse gore ba nne kelotlhoko fa ba kgweetsa bosigo.
D. Bakgweetsi ba tshwanetse gore ba tlhoafale fa ba kgweetsa bosigo.
TLHOPHA KARABO E E SIAMENG GO ARABA DIPOTSO 46-47
46. Kgomo ya lefisa ga o ka ke wa e (5.1.1.2)
A. gama
B. neela metsi
C. rekela dijo
63
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. rekisa
47. Mosola wa kgomo ya lefisa ke go (5.1.1.2)
A. rekisa
B. lema
C. neela malomeago
D. tlhaba
Tlhopha seele se se ranolelang se se filweng mo potsong 48 kwa sekgoeng sentle.(4.7.1.2)
48. Morafe wa Bakgatla o nna kwa Mochudi.
A. Tribe Bakgatla lives in Mochudi.
B. Bakgatla tribe lives in Mochudi.
C. Mochudi live Bakgatla tribe.
D. Our tribe is Bakgatla.
TLHOPHA LEFOKO LE LE KWADILWENG MO MOKWALONG O O
AMOGELESEGANG GO FELELETSA POLELO E SENTLE (4.1.1.1)
Basimane fa ba rutwa ke bo rre go betla 49 _________ la morula ba dira ditilo ba 50_______ka
botlalo. Fa ba setse ba tlhaloganya ke gone ba tla a lemogang gore ga go 51_________go betla
sepora. Tiro e e batla re nwa 52________.
A B C D
49. legong lehong logong lohong
50. tlalosediwa thalosediwa tlhalosediwa thalosa
51. thata tlhata thatla tlhatla
52. mashi maši mashwi maswi
TLHOPHA TLHALOSO E E TSAMAELANANG LE MAFOKO A A SEGETSWENG
TSELANA GO YA KA FA A DIRISITSWENG KA TENG MO DIELENG 53-54 (3.7.2.4)
53. Kaelo e rile go bona mapodise a le botsa phokoje.
A. A iphitlha gaufi le phokoje
B. A tshoga
C. A botsa phokoje potso
D. A sia
54. Molefi o ne a raga thokolo morago ga go lwala ka lobaka lo leleele
64
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
A. o ne a fola
B. o ne a tlhokafala
C. o ne a ya kokelong
D. o ne a lwala thata
55. Masego o itse go apaya ka lenao go gaisa mongwe le mongwe.
A. Go ja mo malwepeng.
B. Go apaya thata.
C. Go ja thata.
D. Go reka dijo tse dintsi.
KE SEFE SEELE SE GO DIRISITSWENG MATSHWAO A MOKWALO SENTLE. 56-
59
56. A. Bana ba sekolo ba ja, dinawa, motogo le borotho.
B. Bana, ba sekolo ba ja dinawa, motogo le borotho.
C. Bana ba sekolo ba ja dinawa, motogo le borotho.
D. Bana ba sekolo ba, ja dinawa, motogo, le borotho.
57. A. “Bana, ga, ga bana botho, ga bua morutabana”.
B. “Bana ba! ga bana botho”, ga bua morutabana.
C. Bana ga ga bana botho, ga bua morutabana.
D. Bana ba ga ba na, botho, “ga bua morutabana”
58. A. Heelang! Tla le bone nonyane e.
B. Heelang, tla le bone nonyane e.
C. Heelang? tla le bone nonyane e.
D. Heelang tla le bone nonyane e.
59. A. O ya leng kwa Gaborone?
B. O ya leng kwa Gaborone.
C. O ya leng kwa Gaborone,
D. O ya leng kwa Gaborone!
TLHOPHA LEETSISI GO FELELETSA SEELE 60.
60. E rile ba santse ba mo tseba a re _______
A. Kgothu!
B. ruthu!
C. palakata!
65
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
D. tike!
8. A
9. D
10. C
SETSWANA STD 7 DIKARABO TSA 11. C
SETLHA SA NTLHA 2020 12. B
13. C
1. B 14. B
2. D 15. C
3. A 16. D
4. B 17. B
5. A 18. C
6. B 19. B
7. D 20. C
66
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
21. D
22. A
23. D
24. B
25. C
26. B
27. D
28. D
29. D
30. A
31. B
32. C
33. A
34. A
35. A
36. D
37. B
38. C
39. D
40. B
41. C
42. A
43. B
44. C
45. C
46. D
47. B
48. B
49. A
50. C
51. A
52. B
53. D
54. B
55. A
56. C
57. C
58. A
59. A
60. C
67
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
,POLELO SETSWANA 4 TERM 1 2020
Kwala polelo ka setshwantsho se se fa tlase.
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
68
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
________________________________________________________________
______________________________________________________________
69
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
STANDARD 5 TERM 1 2020
Polelo
Kwala polelo ya sekanyo sa tsebe le sephato ka tlhogo ee latelang
Loeto lo nkileng ka lo tsaya
Dirisa dintha tse di latelang go go thusa go kwala polelo
Bolela gore o ne o ya kae, leng?
Fa mabaka a go tsaya loeto.
O ne wa ikutlwa jang?
Lokwalo
Kwalela tsala ya gago o molaletse moletlo wa lenyalo la ga rakgadiago.
Dirisa dintlha tse di latelang go go thusa go kwala lekwalo
Go ne go le leng, kae?
Bolela gore go ne go diragala eng?
Balalediwa e ne e le bo mang?
O ne o ba baakanyetse jang ?
70
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
END OF TERM 1 2020
SETSWANA STD 6
KWALA POLELO YA SELEKANYO SA TSEBE KA SETLHOGO SE SE LATELANG.
Moletlo o ke kileng ka o tsenelela
Dintlha
- Bolela gore moletlo o ne o le kae, leng?
-Tlhalosa gore moletlo o simologile jang
-Tlhalosa ka botlalo se se neng se diragala mo moletlong o
- Bolela gore one wa ikutlwa jang ka moletlo
MARKING CRITERIA
COMMUNICATION
1. Has the child stated the place and the time?
2. Has the child explained how the ceremony started?
3. Has the child stated at least 3 activities that happened at the ceremony?
4. Has the child stated his/ her feelings.
COMMAND OF LANGUAGE
5. Sentence opening should be varied- should not be used more than twice.
6. Commas and full stops should be used correctly in the whole essay. Allow 3 mistakes.
7. Use of disjunctive and conjunctive writing. Allow 2 mistakes.
CONTENT MANAGEMENT
8. The child has shown creativity in the whole essay.
9. There should be coherence within the paragraphs and between the paragraphs.
10. The introduction should set a scene and the conclusion summarises the essay.
71
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
END OF TERM 1 2020
SETSWANA STD 7
KWALA POLELO YA SELEKANYO SA TSEBE KA SETLHOGO SE SE LATELANG.
Tshenyo e e dirilweng ke pula monongwaga
DINTLHA
- Bolela gore pula e nele leng, jang?
-Tlhalosa gore ke ditshenyo dife tse pula e di dirileng.
-Tlhalosa gore ba ba amegileng ba ne ba thusiwa jang?
- maikutlo a gago ke afe mabapi le tshenyo e.
MARKING CRITERIA
COMMUNICATION
1.Has the child stated the place and the time?
2. Has the child fully explained the damage the rain caused?
3. The child has stated the help given to the victims?
4. Has the child stated his/ her feelings.
COMMAND OF LANGUAGE
5.Sentence opening should be varied- should not be used more than twice.
6.Commas and full stops should be used correctly in the whole essay. Allow 3 mistakes.
7.Use of disjunctive and conjuctive writing. Allow 2 mistakes.
CONTENT MANAGEMENT
8.The child has shown creativity in the whole essay.
9. There should be coherence within the paragraphs and between the paragraphs.
10.The introduction should set a scene and the conclusion summarises the essay.
72
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
STANDARD 2-2020 term 1
SETSWANA POLELO
MARKING CRITERIA
1. Has the child stated the relevant topic of the story.
2. Has the child stated 3 names of people.
3. Has the child stated 2 objects.
4. Has the child stated 2 activities done.
5. Allow correct use of capitalization in the whole composition.
73
BOTETI EAST CLUSTER SCHOOLS
74