2015 Tlhatlhobo ya Bogare jwa Ngwaga Mophato 6 Setswana Puo Tlaleletso Ya Ntlha
TEKANYETSO YA BOFELO JWA
NGWAGA YA SEDIKA
MOPHATO 7
SETSWANA PUO YA GAE
PAMPIRI YA BOBEDI (P2)
NGWANATSELE 2015
ENGLISH FIRST ADDITIONAL LANGUAGE
NOVEMBER 2011
MADUO: 80/2 = 40
NAKO : Ura tse 2 le halofo
Pampiripotso e, e na le ditsebe di le 11.
DITAELO GO BATLHATLHOJWA
1. Pampiri e,e arogantswe ka DIKAROLO di le NNE e leng:
KAROLO YA A : Tekatlhaloganyo [ 20 ]
: Setshwantshopono [ 10 ]
KAROLO YA B : Tshosobanyo [ 10 ]
KAROLO YA C : Tiriso ya Puo [ 10 ]
2. Papatso [10 ]
: Khathunu [ 10 ]
KAROLO YA D : Poko [ 10 ]
3.
Buisa dipotso tsotlhe ka kelotlhoko.
4.
Araba dipotso tsotlhe
Kwala ka mokwalo o o buisegang.
Tiro ya gago e nne phepa.
KAROLO A
POTSO 1
TEKATLHALOGANYO
2
Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso tse di tla e latelang.
MONAKALADI WA KEBOLELA
1 Bokone – Bophirima ke nngwe ya diporofense tse di itemogelang thologelo e e kwa godimo ya bajanala
ngwaga le ngwaga. Mafelo a tshwana le Sun City, hotele ya Royal Marang fa gare ga Phokeng le Sun
City, boitapoloso jwa Bakubung, letamo la Hartebees kwa tikologong ya Brits ke mangwe a mafelo a e
leng boiketlo jwa batho ba le bantsi ka malatsi a boikhutso. Ke teng kwa o tla bonang malapa ka go
farologana, ditsala le bana ba iketlile.
Thologelo e e kwa godimo ya batho mo mafelong a, e bonagala thata ka setlha sa selemo, bontsi jwa
batho ba nna mo malatsing a khunologo ka selemo e le gape gore ba tle ba keteke malatsi a Keresemose
ba le mo gae.
Gaakobe, mosimane yo moleele ke mongwe wa bajanala ba ba neng ba jetse hotele ya Royal Marang
nala. Ke lefelo le bontle jwa lona bo tlhokisang mafoko. O ne a patilwe ke ditsala tsa gagwe e bong
Thalita, Mosime le Ntlaki. Ba tlogile ka Labotlhano mo tshokologong, go ya go ja monakaladi wa mafelo
a beke. Ba ne tlhabile kgobe ka mmutlwa, ba le kwa ga mothakga go fitlhela ba menoga ka Latshipi.
Se se itumedisang ka lefelo le, ke gore le amogela mongwe le mongwe. O kgona go ka tsaya motsadi
kgotsa tsala wa mo isa kwa go lona go ya go mo jesa dijo tsa motshegare fela o bo o boa, segolo jang ka
letsatsi Latshipi. Fela ditsala tsa rona tsona di ne di ithulagantse tota, di ipoleletse gore di ya go fetsa
bofelo jotlhe jwa beke koo. Ntlaki e ne le mosetsana yo o bonolo, yo o botho. Ditsala tsa gagwe di ne di
rata go mo tshwenya ba itse fa a tla itidimalela.
Fa ba goroga ka letsatsi le ne le setse le nna matlapa ka marago. Fa ba fitlha ba makatswa ke go bona
tlhanaselo ya batho kwa hoteleng, ba ne ba gamaregile ba ipotsa gore go diragala eng, ba gorogile ka
nako e bagasi ba seyalemowa sa Metro ba ithulaganyetsang keteko moletlo wa go amogela setlha sa
selemo.
E nnile nngwe ya dinako tse di itumedisang thata mo matshelong a bona. Tiragalo e, e natefisitse
boikhutso jwa bona go fetisa ka moo ba neng ba solofetse ka teng.
Mafelo a beke eo, e ne e le mangwe a hotele e boneng thologelo ya baeng ya bontsi jo bo tsitsibanyang
mmele, go ne go sena fa lenao le gatang teng. Letsatsi Latshipi fa le goroga, ba eletsa e kete le ka boela
3
kwa morago. Ba boetse Gauteng dipelo di ngwasaletse, ba ikana gore ba ya go ipoa kgatsu mo nakong e e
sa fediseng pelo.
DIPOTSO.
1.1 Go ya ka temana ke porofense efe e e itemogelang thologeo e e kwa godimo ya bajanala? (1)
1.2 Neela mafelo a le mabedi fela a boitapoloso a a umakilweng mo porofenseng eo. (2)
1.3 Thologelo e ntsi kwa mafelong a, a boitapoloso e bonala ka setlha sefe? (1)
1.4 Goreng thologelo e bonala ka setlha se se umakilweng mo go 1.3? (2)
1.5 Gaakobe le ditsala tsa gagwe ba ne ba etetse lefelo lefe la boitapoloso? (1)
1.6. Tlhalosa polelo e e latelang:
Go tlhaba kgobe ka mmutlwa. (2)
1.7 Gaakobe le ditsala tsa gagwe ba ne ba makaditswe ke eng fa ba goroga kwa lefelong le ban eng ba le
etetse? (1)
1.8 Bagasi ba seyalemowa sa Metro ba ne ba dirang koo? (1)
1.9. Ditsala tse, di ne tsa dira maikano afe? (1)
1.10 Se se itumedisang ka Royal Marang ke gore ke lefelo le le amogelang mongwe le mongwe.
A tlhagiso e, ke ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka. (2)
1.11. Gaakobe o ne a tsamaile le ditsala tsa gagwe. Wena o ne o ka tsamaya le mang? Goreng? (2)
1.12. Ditsala tsa Ntlaki di ne di rata go mo tshwenya ka gonne a le bonolo.
A go siame go tshwenya motho ka gonne a le bonolo? Araba ka Ee kgotsa Nnyaa mme o tshegetse ka
lebaka. (2)
1.13 O ne o ka dirang fa o ne o le mo ditlhakong tsa ga Ntlaki? (2)
MADUO: 20
4
POTSO 2
SETSHWANTSHOPONO
5
2.1 Neela setshwantsho se, setlhogo. (2)
2.2 Go ja monakaladi wa kobolela go ka amana jang le setshwantsho se? (2)
2.3 Tlhalosa gore ditsala di ka efoga jang go iphitlhela di le mo mathateng ka ntlha ya go rata monate
le madi. (2)
2.4 Wena o ka dira jang gore o ijese monakaladi wa kobolela mme o sa pote molao ka fa letsogong
le le sa siamang? (2)
2.5 Sediriswa se se nang le ketane se se mo setshwantshong se dirisetswa eng? (2)
MADUO: 10
PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: [30]
KAROLO B
POTSO 3
TSHOBOKANYO
Buisa nopolo e e latelang ka kelotlhoko mme morago o e sobokanye ka dintlha di le supa. Dirisa mafoko a
gago mme bokao bo seka ba fetoga. Palo ya mafoko a a dirisitsweng e nne magareng ga 70 – 80.
Enock Mankayi Sontonga o tlhamile mmino le go kwala tema ya ntlha ya “Nkosi Sikelel iAfrika” ka 1897.
Tiragatso ya ntlha go botlhe e ne e le ka 1899 fa go tlhongwa moruti Boweni wa Methodist. Morago ga foo
barutwana ba ga Sontonga le dikhwaere ba diragatsa pina e ka metlha kwa Johannesburg le kwa Natal.
Erile fa pina e e gasagasana, ya tsenya mongwe le mongwe yo a kileng a e reetsa ka maikutlo a a
tseneletseng. Go tlatsa seno, e ne ya amogelwa jaaka motheo wa dipina tsa bosetšhaba kwa Tanzania le
kwa Zambia.
Kgatiso ya ntlha ya “Nkosi Sikelel iAfrika” e e neng e tsamaya mmogo le Piano ya Sylvia Colenso e
dirilwe ke Solomon T Plaatjie ka 16 Diphalane 1923. Morago ga foo, ka ngwaga wa 1927 mmoki yo go
tweng Samuel E Mqayi a kwala le go phasalatsa ditemana tsa tlaleletso tse supa tse di bopileng pina yotlhe.
6
Fa mmuso o mošwa wa tlhakanelo ya bosetšhaba o tlhamega ka 1994, go ne ga dumalanwa gore letsibogo
le la diphetogo le ka tlolwa ka go nna le dipina tse pedi tsa bosetšhaba e leng “Nkosi Sikelel iAfrika” le
“Die Stem” ya ga C.J Langenhoven. Khutshwafatso e e kopantsweng ya dipina tse, e ne ya dumelelwa ke
mmuso go nna pina ya bosetšhaba ya mmuso ka la 17 Motsheganong 1995. Moragonyana fa a sena go
fudugela kwa Nancefield, a nyala Diana Moruti yo o neng a itsege. A mmelegela basimane ba le babedi, yo
o neng a bidiwa Greely Sontonga, kgotsa Wonga, mo ditsaleng tsa gagwe. Mme Sontonga o tlhokofetse
kwa Johannesburg ka 1929, fa a le dingwaga di le 32. E ne e le motho yo o ratang mmino wa dikhwaere mo
botshelong jwa gagwe.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: [10]
KAROLO YA C
POTSO 4
DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA.
Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso tse di latelang.
TEMANA
Mosetsana yo Kedisaletse, o ne a nna kwa motseng le ditsala tsa gagwe. Ba ne ba na le go tlogela
difensetere di butswe ka gonne go bolokesegile. Kedisaletse o ne a le mokima e bile a tsamaya ka iketlo.
A le lorato mo go makatsang. Tsatsi lengwe a kopana le monnamogolo a tshwerwe ke tlala mme a mo fa
dijo. Monnamogolo yo, e ne e le mogami fela dikgomo tsotlhe tsa gagwe ka ntlha ya go tlhoka metsi, di
bolailwe ke lenyora. Fa a fetsa go ja, monnamogolo a leboga Kedisaletse thata.
7
DIPOTSO
4.1 Nopola leinagotlhe le le lengwe fela le le tlhagelelang mo temaneng e. (1)
4.2 Neela leinatota le le dirisitsweng mo temaneng e e fa godimo. (1)
4.3 Nopola polelo e le nngwe e go tlhagelelang lerui mo go yona o bo o thalele lerui leo. (2)
4.4 Neela lekaelagongwe la lefoko difensetere. (1)
4.6 Lelatodi la bolokesegile ke eng? (1)
4.7 Bolela mofuta wa letlhaodi le le tlhagelelang mo temaneng. (1)
4.11 Lokolola polelo e e latelang:
Monnamogolo o leboga Kedisaletse. (3)
MADUO:10
POTSO 4.2
Lebelela papatso e e latelang ka kelotlhoko mme morago o itse go araba dipotso tse di tla e salang morago.
8
4.2.1. Ke senotsididi sefe se se bapatswang mo papatsong e e fa godimo? (1)
4.2 2. Neela mofuta o mongwe o o fapaaneng wa senotsididi se se umakilweng fa godimo. (1)
4.2.3. Fa o rekile senotsididi se le sengwe o ka iphitlhela o tshwere tse kae kwa bofelong? (1)
4.2.4. Neela mofuta wa letlhaodi o o tlhagelelang mo go 3 fa godimo. (1)
4.2.5. Goreng papatso eo e kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo? (2)
4.2.6. Tlhopha senotsididi se le sengwe se o bonang se siametse mokgweetsi, neela lebaka. (3)
4.2.7. Tshwaela ka maikutlo a ba ba tlhagelelang fa godimo. (1)
MADUO: (10)
POTSO 5
KHATHUNU
9
Lebelela khathunu e e latelang ka kelotlhoko mme morago o arabe dipotso tse di e latelang:
5.1 O akanya gore khathunu e, e bua ka ga eng? (2)
5.2 Mafoko a batho ba babedi bao a go raya a reng? (2)
5.3 Ke eng se se ka tlhotlheletsang batho go kopa? (2)
5.4 A se se diriwang ke mokopi se siame? Tshegetsa ka lebaka. (2)
5.5 A wena o ka kopa? Araba ka Ee kgotsa Nnyaa mme o tshegetse ka lebaka. (2)
MADUO: 10
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: [30]
KAROLO YA D
POTSO 6
POKO
10
Buisa le go sekaseka leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso tse di latelang:
DIRITIBATSI
1 Bo ile botho?
2 Bo ile le maabane.
3 Gompieno mošwa o roga mogolo.
4 Maloba mošwa o ne a tlotla mogolo. 4
5 Diritibatsi ke dilaola-lefatshe.
6 ‘Jalwa sejo sa malatsi.
7 Motsoko ke goga ke goge.
8 Mogolo, ngwana, ga go kgalemo. 8
9 Mogolo a goga,
10 Ngwana a re nkgogise.
11 A fapaanele phafa le rraagwe,
12 Rre a lebe fela, ka a thethekela le ngwana. 12
13 Nkabo e le maloba,
14 Nkabo re ikgantsha,
15 Re ikgantsha ka bašwa go utlwelela,
16 Ka bašwa ba itse e nkgwe. 16
DIPOTSO
6.1 Neela setlhogo sa leboko le. (1)
6.2 Ke ponagalo efe e e dirisitsweng mo mola 1 le 2? (1)
6.3 Neela sekapuo se se dirisitsweng mo mola 5. (1)
6.4 A fapaanela phafa le rraagwe. Ke sekapuo sefe? (1)
6.5 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo mola 14 le 15? (1)
6.6 Tlhalosa:
6.6.1 Diritibatsi ke di –laola lefatshe. (2)
6.6.2 E nkgwe. (2)
6.7 Ke sekapuo sefe se se dirisitsweng mo mola 6? (1)
PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 10
11